Dipesalema 86:1-17

  • Ga go na modimo yo o tshwanang le Jehofa

    • Jehofa o ikemiseditse go itshwarela (5)

    • Ditšhaba tsotlhe di tla obamela Jehofa (9)

    • “Nthute tsela ya gago” (11)

    • ‘Dira gore ke go boife ka pelo yotlhe’ (11)

Thapelo ya ga Dafide. 86  Ao tlhe Jehofa, ntshekegele tsebe* mme o nkarabe,Gonne ke a bogisiwa e bile ke humanegile.+   Sireletsa botshelo* jwa me, ka gonne ke a ikanyega.+ Boloka motlhanka wa gago yo o go ikanyang,Gonne o Modimo wa me.+   Nkutlwele botlhoko, tlhe Jehofa,+Gonne ke goela kwa go wena letsatsi lotlhe.+   Dira gore ke itumele,Gonne ke leba kwa go wena Jehofa.   Gonne o molemo+ Jehofa e bile o ikemiseditse go itshwarela;+Botlhe ba ba goelang kwa go wena o ba bontsha lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng.+   Ao tlhe Jehofa, reetsa thapelo ya me;O bo o tlhwaele dikopo tsa me tsebe.+   Ke goela kwa go wena fa ke le mo matshwenyegong,+Gonne o tla nkaraba.+   Ga go na modimo ope yo o tshwanang le wena Jehofa,+Ga go na ditiro dipe tse di tshwanang le tsa gago.+   Ditšhaba tsotlhe tse o di dirilengDi tla tla di bo di ikoba fa pele ga gago Jehofa,+E bile di tla galaletsa leina la gago.+ 10  Gonne o mogolo e bile o dira dilo tse di gakgamatsang;+Wena o le esi, o Modimo.+ 11  Ao tlhe Jehofa, nthute tsela ya gago.+ Ke tla tsamaya mo tseleng ya gago e e siameng.+ Dira gore ke boife leina la gago ka pelo yotlhe.+ 12  Ke tla go baka ka pelo ya me yotlhe Jehofa, Modimo wa me,+E bile ke tla galaletsa leina la gago ka bosakhutleng, 13  Gonne lorato lwa gago lo lo sa kgaotseng lo o lo mpontshang lo logolo,E bile o golotse botshelo* jwa me mo Lebitleng*+ le le kwa tengteng. 14  Batho ba ba ikgodisang ba ntlhasetse tlhe Modimo;+Setlhopha sa batho ba ba setlhogo se batla go mpolaya,E bile ga ba go tlotle.*+ 15  Mme Jehofa, o Modimo yo o kutlwelobotlhoko le yo o pelotlhomogi,*Yo o sa galefeng ka bonako le yo o nang le lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng le boikanyegi.*+ 16  Retologela kwa go nna mme o nkutlwele botlhoko.+ Nnonotshe,+Mme o boloke morwa wa lelata la gago. 17  Mpontshe sesupo* se se bontshang gore o molemo,Gore ba ba ntlhoileng ba tle ba se bone mme ba tlhabiwe ke ditlhong. Gonne o mothusi wa me e bile o mogomotsi wa me Jehofa.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “obegela kwa tlase mme o ntheetse.”
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “Sheole.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seheb., “ne′phesh.Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “ga ba go beye fa pele ga bone.”
Kgotsa “pelontle.”
Kgotsa “le boammaaruri.”
Kgotsa “bosupi.”