Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Se se Mo Lefokong la Modimo

TSELA YA GO BONA DITEMANA TSA BAEBELE

Baebele e na le dibukana di le 66. E kgaogantswe ka dikarolo tse pedi: Dikwalo Tsa Sehebera le Searamaika (“Tesetamente e Kgologolo”) le Dikwalo Tsa Segerika (“Tesetamente e Ntšha”). Buka nngwe le nngwe ya Baebele e kgaogantswe ka dikgaolo le ditemana. Fa go umakiwa ditemana, nomoro ya ntlha e e tlang morago ga leina la buka ke ya kgaolo, mme nomoro kgotsa dinomoro tse di latelang tsone ke tsa temana kgotsa ditemana. Ka sekai, Genesise 1:1 e kaya Genesise kgaolo 1, temana 1.