Fetela kwa tshedimosetsong

“Rera Dikgang Tse di Molemo!”

Kopano ya Basupi ba ga Jehofa ya 2024

Go tsenwa mahala Ga go tsewe dikoleke

Se go Tla Buiwang ka Sone

Labotlhano: Bona bosupi jo bo bontshang gore dikgang tse di molemo tse di buang ka Jesu tse di mo Diefangeleng, ke pego e e boammaaruri ya botshelo jwa gagwe. Ithute kafa dipego tseno tsa Baebele di ka go solegelang molemo ka gone gompieno.

Matlhatso: Ke eng se se neng sa bolelelwa pele ka go tsholwa ga ga Jesu le ka nako ya fa a ne a le ngwana, a mme gone dipolelelopele tseo di ne tsa direga?

Sontaga: Mo puong ya Baebele ya setlhogo se se reng “Lebaka La go Bo re Sa Tshosiwe ke Dikgang Tse di sa Siamang,” o tla ithuta gore ke eng fa batho ba le dimilione gompieno ba na le mabaka a go ikutlwa ba sireletsegile e bile ba tlhatswegile pelo ka bokamoso le fa gone maemo a lefatshe a senyegela pele.

Terama ya Baebele

Dikgang Tse di Molemo ka ga Jesu: Episode 1

Lesedi la Boammaaruri la Lefatshe

Go tsholwa ga ga Jesu ka kgakgamatso, e ne e le nngwe ya ditiragalo tsa botlhokwa tse di neng tsa direga fa Jesu a ne a sa ntse a le monnye thata. Batsadi ba gagwe ba ne ba tshabela ka ene kwa Egepeto gore ba mo sireletse ka gonne kgosi nngwe e ne e batla go mmolaya. Moragonyana, o ne a gakgamatsa barutisi ba ba neng ba itsege thata ba motlha wa gagwe. Leba ditiragalo tseno le tse dingwe mo episode ya dikarolo tse pedi tse di tla tshamekiwang ka Labotlhano le ka Matlhatso.

Lebelela dibidio di tse latelang tse di buang ka kopano ya ngwaga ono

Go Direga Eng Kwa Dikopanong Tsa Rona?

Bona gore ke eng se o ka solofelang go se bona kwa dikopanong tsa Basupi ba ga Jehofa.

Kopano ya Basupi ba ga Jehofa ya 2024 ya: “Rera Dikgang Tse di Molemo!”

Bona gore ke eng se re tla bong re se ithuta kwa kopanong ya ngwaga ono.

Se se mo Terameng ya Baebele ya: Dikgang Tse di Molemo ka ga Jesu

Batho ba le bantsi ba itse gore Jesu o ne a tsholwa ka kgakgamatso. Mme gone, ke ditiragalo dife tse di ileng tsa direga pele ga tiragalo eo e e kgatlhang le morago ga yone?