Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A1

Dikaelo Tsa go Ranola Baebele

Kwa tshimologong Baebele e ne e kwadilwe ka Sehebera, Searamaika le Segerika sa bogologolo. Gompieno Baebele e teng ka dipuo di feta 3 000, e feletse kgotsa e le dikarolo dingwe tsa yone. Batho ba le bantsi ga ba tlhaloganye dipuo tse Baebele e neng e kwadilwe ka tsone la ntlha, ka jalo ba tlhoka Baebele e e ranoletsweng mo dipuong tsa bone. Ke dikaelo dife tse di ka thusang baranodi fa ba ranola Baebele, mme dikaelo tseno di thusitse baranodi ba Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha jang?

Batho ba bangwe ba akanya gore fa Baebele e ranotswe lefoko ka lefoko, e na le dipuo tsa ntlhantlha tse Baebele e kwadilweng ka tsone, seo se tla ba thusa go tlhaloganya Baebele. Mme ga go a nna jalo. A re bone gore goreng re rialo:

  • Dipuo ga di dirise thutapuo e e tshwanang le mafoko a a tshwanang e bile ga di a rulaganye ka tsela e e tshwanang. Porofesa ya puo ya Sehebera e bong S. R. Driver, a re dipuo “ga di farologane fela ka thutapuo le kwa puo eo e tswang teng, mme gape . . . di farologana le ka tsela e dikgopolo di rulaganngwang ka yone mo polelwaneng.” Batho ba ba buang dipuo tse di farologaneng ga ba akanye ka tsela e e tshwanang. Porofesa Driver o tswelela ka go re, “ka jalo, tsela e dipolelwana di bopiwang ka yone mo dipuong tse di farologaneng ga e tshwane.”

  • E re ka go se na puo epe e e dirisang mafoko le thutapuo e e tshwanang le ya Sehebera, Searamaika le Segerika se se dirisitsweng mo Baebeleng, go raya gore thanolo ya Baebele e e ranotsweng lefoko ka lefoko e ne e se kitla e utlwala kgotsa e ne e ka nna ya tlhaloganngwa ka tsela e e seng yone.

  • Bokao jwa lefoko kgotsa jwa polelwana nngwe bo ka nna jwa fetoga go ikaegile ka se go buiwang ka sone.

Baranodi ba ka kgona go ranola mafoko mangwe ka tsela e a dirisitsweng ka yone mo dipuong tsa ntlhantlha mo ditemaneng dingwe, mme gone ba tshwanetse go dira jalo ba le kelotlhoko.

Dikai tse di latelang di bontsha gore fa Baebele e ranolwa lefoko ka lefoko e ka latlha babadi:

  • Dikwalo di dirisa lefoko ‘robala’ fa di bua ka boroko jwa mmatota kgotsa ka loso. (Mathaio 28:13; Ditiro 7:60) Fa ditemana dingwe di bua ka loso fa di dirisa lefoko leno, baranodi ba Baebele ba ka dirisa lefoko “swa” go thusa mmadi gore a kgone go tlhaloganya se go buiwang ka sone.—1 Bakorintha 7:39; 1 Bathesalonika 4:13; 2 Petere 3:4.

  • Mo go Baefeso 4:14, moaposetoloi Paulo o ne a dirisa mafoko a fa a ka ranolwa lefoko ka lefoko a ka kayang “mo ditaeseng tsa batho.” Seno ke seane sa bogologolo se se buang ka mokgwa wa go tsietsa ba bangwe go dirisiwa ditaese. Mo dipuong di le dintsi, seane seno ga se utlwale fa se ranotswe lefoko ka lefoko. Mme fa mafoko ao a ranotswe e le “batho ba ba tsietsang ba bangwe” a tlhaloganyesega motlhofo.

  • Mo go Baroma 12:11, go dirisitswe mafoko a Segerika a fa a ranotswe lefoko ka lefoko a kayang “mo moyeng o o belang.” Ka Setswana, mafoko ano ga a utlwale gore a kaya eng, ka jalo mo Baebeleng eno a ranotswe e le “a moya o o boitshepo o dire gore lo tlhoafale.”

  • MATHAIO 5:3

    Fa e ranotswe lefoko ka lefoko: “ba ba humanegileng mo moweng”

    Bokao: “batho ba ba lemogang gore ba tlhoka go ithuta ka Modimo”

    Mo Therong ya Kwa Thabeng e e itsegeng thata, Jesu o ne a dirisa mafoko ano a gantsi a ranolwang jaana: “Go sego ba ba humanegileng mo moweng.” (Mathaio 5:3, Baebele e e Boitshepo) Mme mo dipuong di le dintsi, mafoko ano ga a utlwale fa a ranotswe lefoko ka lefoko. Mo dipuong tse dingwe, go ranola mafoko ano lefoko ka lefoko go ka nna ga kaya gore “ba ba humanegileng mo moweng” ga ba a itekanela sentle mo mogopolong kgotsa gore ba feletswe ke maatla e bile ga ba na maikaelelo ape mo botshelong. Mme fa Jesu a ne a bua mafoko ao, o ne a ruta batho gore ba tshwanetse go lemoga gore ba tlhoka go kaelwa ke Modimo gore ba itumele, e seng go senka dilo tse ba di tlhokang. (Luke 6:20) Ka jalo, fa mafoko ao a ranotswe e le “ba ba tshwenyegang ka se ba se tlhokang semoyeng” kgotsa “batho ba ba lemogang gore ba tlhoka go ithuta ka Modimo” a tlhalosa ka tsela e e utlwalang sentle se mafoko a Segerika a se kayang.—Mathaio 5:3.

  • Mo ditemaneng di le dintsi, lefoko la Sehebera le le ranotsweng e le “lefufa” le na le bokao jo bo tshwanang le jwa Setswana, le ka kaya go galefela molekane wa gago ka gonne a sa ikanyega kgotsa go tswela dilo tsa batho ba bangwe pelo. (Diane 6:34; Isaia 11:13) Gape lefoko leo la Sehebera le ka kaya sengwe se se siameng. Ka sekai, le ka kaya “tlhoafalo” kgotsa tsela e Jehofa a sireletsang batlhanka ba gagwe ka yone ka gonne a ba rata kgotsa gore o batla “gore batho ba mo obamele a le esi.” (Ekesodo 34:14; 2 Dikgosi 19:31; Esekiele 5:13; Sekarea 8:2) Gape le ka kaya “tlhoafalo” e batho ba Modimo ba nang le yone fa ba mo direla kgotsa gore ga ba ‘letlelele gore go obamelwe Modimo ope kwantle ga gagwe.’—Pesalema 69:9; 119:139; Dipalo 25:11.

  • Lefoko la Sehebera yadh le gantsi le ranolwang e le “seatla,” le ka ranolwa e le “taolo,” “bopelotshweu,” ‘maatla,’ kgotsa ka ditsela tse dingwe go ikaegile ka gore go buiwa ka eng

    Lefoko la Sehebera le gantsi le kayang seatla sa motho le ka kaya dilo tse di farologaneng. Lefoko leno le ka ranolwa e le “taolo,” “bopelotshweu” kgotsa ‘maatla’ go ikaegile ka gore go buiwa ka eng. (2 Samuele 8:3; 1 Dikgosi 10:13; Diane 18:21) Tota e bile, lefoko leno le ranotswe ka ditsela tse di farologaneng di feta 40 mo thanolong eno ya Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha.

Dintlha tseno di re bontsha gore fa go ranolwa Baebele, ga se ka metlha lefoko lengwe la dipuo tsa ntlha tse Baebele e kwadilweng ka tsone le ka ranolwang ka tsela e e tshwanang gongwe le gongwe mo le tlhagang gone. Ka jalo, baranodi ba tshwanetse go tlhopha mafoko a a tlhalosang sentle se go buiwang ka sone mo dipuong tseo. Gape ba tshwanetse go rulaganya mafoko go dumalana le thutapuo ya puo e ba ranolelang mo go yone gore Baebele e balege motlhofo.

Le fa go ntse jalo, fa baranodi ba ntse ba ranola bokao ba dirisa mafoko a mangwe ba tshwanetse go nna kelotlhoko. Fa ba ka sobokanya dintlha tse di mo Baebeleng go ya ka se ba se dumelang, ba ka nna ba fetola bokao jwa se go buiwang ka sone. Ba ka dira seo jang? Ba ka itsenyetsa se ba se akanyang fa ba ranola mme e se sengwe se go buiwang ka sone mo mokwalong wa ntlhantlha kgotsa ba ka tlogela dintlha tsa botlhokwa tse di leng mo mokwalong wa ntlhantlha. Le fa go le motlhofo go bala Baebele e e sobokantsweng, ka dinako tse dingwe e ka dira gore motho yo o e balang a se ka a itse se tota go buiwang ka sone mo mekwalong ya ntlhantlha.

Dilo tse baranodi ba di dumelang, di ka dira gore ba ranole ka tsela nngwe e e rileng. Ka sekai, Mathaio 7:13 ya re: “Kgoro e e isang kwa tshenyegong e atlhame e bile tsela ya teng e bulegile.” Baranodi bangwe ba ranotse temana eno go ya ka se ba se dumelang. Ba tsentse lefoko “dihele” go na le go ranola lefoko la Segerika le tota le kayang “tshenyego.”

Ntlha e nngwe e baranodi ba tshwanetseng go e gopola ke gore Baebele e ne e kwadilwe ka puo e batho ba neng ba e bua ka nako eo e bile e ne e tlhaloganngwa ke balemi, badisa le batshwari ba ditlhapi. (Nehemia 8:8, 12; Ditiro 4:13) Ka jalo, Baebele e e ranotsweng sentle e dira gore molaetsa o o mo go yone o tlhaloganngwe ke batho ba ba batlang go itse Modimo go sa kgathalesege gore ba tswa kae. Go botlhokwa go dirisa mafoko a a utlwalang le a a tlhaloganngwang ke batho botlhe go na le go dirisa a a itsiweng ke batho ba ba rileng fela.

Baranodi ba le bantsi ba Baebele ba ipagololetse mogodu ka go ntsha leina la Modimo, Jehofa, fa ba ranola Dibaebele bosheng jaana le fa gone leina leo le le teng mo mekwalong ya bogologolo ya Baebele. (Bona Dintlha Tse di Oketsegileng A4.) Dibaebele di le dintsi di dirisa sereto se se jaaka “Morena” mo boemong jwa leina la Modimo e bile tse dingwe di dira e kete Modimo ga a na leina. Ka sekai, Dibaebele tse dingwe di ranola thapelo ya ga Jesu e e mo go Johane 17:26 jaana: “Ke dirile gore ba go itse” mme Johane 17:6 yone di e ranola jaana, “Ke go itsisitse ba o ba nneileng.” Mme tsela e e siameng ya go ranola thapelo eo ya ga Jesu ke eno: “Ke ba rutile ka ga leina la gago” le “Ke senoletse batho ba o ba nneileng . . . leina la gago.”

Kgatiso ya ntlha ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ya Seesemane e ne ya re: “Ga re sobokanye Dikwalo. Re leka ka natla go ranola lefoko ka lefoko fa e le gore Seesemane se na le sekapuo se se tshwanang le se se dirisitsweng le fa e le gore go ranola lefoko ka lefoko ga go dire gore bokao jwa lefoko lengwe bo se ka jwa utlwala sentle.” Ka jalo, Komiti ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e leka go dirisa mafoko a a tsamaisanang le a a neng a dirisiwa mo mekwalong ya ntlha mme e tila go dirisa mafoko a a sa balegeng motlhofo kgotsa a a dirang gore go se ka ga utlwala gore go buiwa ka eng. Seo se dira gore Baebele e balege motlhofo le gore motho yo o e balang a tshepe gore molaetsa wa yone o o tswang kwa Modimong o ranotswe sentle.—1 Bathesalonika 2:13.