Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A5

Leina la Modimo mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika

Baithuti ba Baebele ba dumela gore leina la Modimo le le emelwang ke ditlhaka tse nnê (יהוה) le tlhaga makgetlo a ka nna 7 000 mo mokwalong wa ntlhantlha wa Dikwalo Tsa Sehebera. Le fa go ntse jalo, batho ba le bantsi ba dumela gore le ne le seyo mo mokwalong wa ntlhantlha wa Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Seno se dirile gore gompieno baranodi ba Baebele ba se ka ba dirisa leina Jehofa fa ba ranola Tesetamente e Ntšha. Bontsi jwa bone ba dirisa “Morena” mo boemong jwa leina la Modimo, tota le fa ba ranola mafoko a a nopotsweng mo Dikwalong Tsa Sehebera a a nang le Ditlhaka Tse Nnê Tsa Leina la Modimo.

Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha ga e latele mokgwa ono o o dirwang ke baranodi ba le bantsi. Leina Jehofa le tlhaga ka makgetlo a le 237 mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Fa baranodi ba Baebele eno ba ne ba dira tshwetso ya go dira jalo, ba ne ba akanyeditse dintlha tseno tse di botlhokwa: (1) Mekwalo ya seatla ya Segerika e e leng teng gompieno ga se yone mekwalo ya ntlhantlha. Bontsi jwa mekwalo eo e e teng gompieno e dirilwe dingwaga di ka nna 200 morago ga mekwalo ya ntlhantlha. (2) Ka nako eo, batho ba ba neng ba kwalolola mekwalo eo ya seatla ba ne ba emisetsa Ditlhaka Tse Nnê Tsa Leina la Modimo ka lefoko la Segerika Kyʹri·os, le le kayang “Morena,” kgotsa ba ne ba kwalolola go tswa mo mekwalong ya seatla e e neng e setse e dirile jalo.

Komiti ya Thanolo ya Baebele ya Lefatshe le Lesha e ne ya lemoga gore go na le bosupi jwa gore ditlhaka tse nnê tsa leina la Modimo di ne di tlhaga mo mekwalong ya ntlhantlha ya Segerika. Tshwetso eo e dirilwe go lebilwe bosupi jo bo latelang:

  • Dikhopi tsa Dikwalo Tsa Sehebera tse di neng di dirisiwa mo motlheng wa ga Jesu le baaposetoloi ba gagwe di ne di na le Ditlhaka Tse Nnê Tsa Leina la Modimo. Mo nakong e e fetileng, ke batho ba le mmalwa fela ba ba neng ba ganetsa kgang eno. Jaanong bosupi jwa seno bo ka se ganediwe ka gonne go ne ga fitlhelwa dikhopi tsa Dikwalo Tsa Sehebera tsa nako ya ga Jesu le baaposetoloi ba gagwe gaufi le Qumran.

  • Mo motlheng wa ga Jesu le baaposetoloi ba gagwe, Ditlhaka Tse Nnê Tsa Leina la Modimo di ne di tlhaga le mo dithanolong tsa Segerika tsa Dikwalo Tsa Sehebera. Go fetile dingwaga di le dintsi baithuti ba Baebele ba akanya gore ditlhaka tse nnê tsa leina la Modimo di ne di seyo mo thanolong ya Septuagint ya Dikwalo Tsa Sehebera tse di ranoletsweng mo Segerikeng. Mme ka bo1950, baithuti ba Baebele ba ne ba bona dikapetla tsa bogologolo tsa thanolo ya Septuagint e e neng e le teng mo motlheng wa ga Jesu. Dikapetla tseo di na le leina la Modimo le kwadilwe ka ditlhaka tsa Sehebera. Ka jalo mo motlheng wa ga Jesu, dikhopi tsa Dikwalo Tsa Segerika di ne di na le leina la Modimo. Le fa go ntse jalo, ka dingwaga tsa bo300 C.E., mekwalo ya seatla ya Septuagint ya Segerika, e e jaaka Codex ya Vaticanus le Codex ya Sinaiticus, e ne e se na leina la Modimo go tloga ka Genesise go fitlha ka Malaki (mo le neng le le teng mo mekwalong ya seatla ya pele ga eo). Seo se dirile gore go se ka ga fitlhelwa leina la Modimo mo Tesetamenteng e Ntšha kgotsa mo Dikwalong Tsa Segerika mo mekwalong e e neng ya bolokiwa ya motlha oo.

    Jesu o ne a bua jaana ka tlhamalalo: “Ke tlile ka leina la ga Rre.” Gape o ne a gatelela gore ditiro tse a neng a di dira o ne a di dira ‘ka leina la ga Rraagwe’

  • Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di bontsha gore Jesu o ne a dirisa leina la Modimo gantsi e bile a le itsise batho. (Johane 17:6, 11, 12, 26) Jesu o ne a re: “Ke tlile ka leina la ga Rre.” Gape o ne a gatelela gore ditiro tse a neng a di dira o ne a di dira ‘ka leina la ga Rraagwe.’—Johane 5:43; 10:25.

  • Modimo ke ene a dirileng gore Dikwalo Tsa Sehebera tse di boitshepo le Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika di kwalwe, ka jalo ga go utlwale gore leina la ga Jehofa le ntshiwe mo Dikwalong Tsa Segerika. Ka nako ya baaposetoloi, Jakobe morutwa wa ga Jesu o ne a raya bagolwane ba kwa Jerusalema a re: “Semeone o sa tswa go re tlhalosetsa ka botlalo gore jaanong Modimo o amogetse ditšhaba tse dingwe, gore a ntshe batho ba ba tla bidiwang ka leina la gagwe mo go tsone.” (Ditiro 15:14) Go ne go ka se utlwale gore Jakobe a bue mafoko ao fa e le gore ka nako eo batho ba ne ba sa itse leina la Modimo kgotsa ba sa le dirise.

  • Leina la Modimo le khutshwafaditswe mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Mo go Tshenolo 19:1, 3, 4, 6, le tlhaga mo lefokong “Halelujah.” Lefoko leno le tserwe mo lefokong la Sehebera le le kayang “Bakang Jah” fa le ranolwa. “Jah” ke khutshwafatso ya leina Jehofa. Maina a batho ba le bantsi ba go buiwang ka bone mo Dikwalong Tsa Segerika a ne a tserwe mo leineng la Modimo. Tota e bile, dibuka dingwe di tlhalosa gore leina la ga Jesu le kaya “Jehofa ke Poloko.”

  • Mekwalo ya bogologolo ya Sejuda e bontsha gore Bakeresete ba Bajuda ba ne ba dirisa leina la Modimo mo mekwalong ya bone. Melao e batho ba neng ba e rutiwa e e weditsweng mo e ka nnang ka ngwaga wa 300 C.E. e e bidiwang Tosefta, e bua jaana ka mekwalo mengwe ya Bakeresete e e neng e fisiwa ka Sabata: “Dibuka tsa Baefangele le dibuka tsa Ba-minim [ba go tsewang gore ke Bakeresete ba Bajuda] di ne di fisiwa. Di ne tsa shela teng foo di ntse di na le Leina la Modimo mo go tsone.” Gape buka eno e ne ya nopola mafoko a ga Rabi Yosé wa kwa Galalea, yo o tshetseng mo masimologong a dingwaga tsa bo100 C.E., fa a tlhalosa gore mo malatsing a mangwe a beke “motho o sega mo Leina la Modimo le tlhagang teng mo dibukeng tseo [go akanngwang gore ke mekwalo ya Bakeresete] di bo di bewa mme tse di setseng di bo di jewa ka molelo.”

  • Baithuti bangwe ba Baebele ba dumela gore leina la Modimo le ne le tlhaga mo mafokong a Dikwalo Tsa Segerika a a nopotsweng mo Dikwalong Tsa Sehebera. Setlhogo sengwe se se mo go The Anchor Bible Dictionary se se reng “Ditlhaka Tse Nnê Tsa Leina la Modimo mo Tesetamenteng e Ntšha” se tlhalosa jaana: “Go na le bosupi jo bo bontshang gore fa mekwalo eno e ne e kwalwa lantlhantlha Ditlhaka Tse Nnê Tsa Leina la Modimo, Yahweh, di ne di tlhaga mo T[esetamenteng] e N[tšha] mo go nopotsweng mafoko mangwe kgotsa mafoko otlhe a a tlhagang mo T[esetamenteng] e K[gologolo].” Moithuti wa Baebele e bong George Howard a re: “E re ka Ditlhaka Tse Nnê Tsa Leina la Modimo di ne di sa ntse di kwadilwe mo dikhoping tsa Baebele ya Segerika [Septuagint] tse e neng e le karolo ya Dikwalo tse di neng di dirisiwa ke kereke ya bogologolo, go dumelwa gore bakwadi ba T[esetamente] e N[tšha] ba ne ba kwala Ditlhaka Tse Nnê Tsa Leina la Modimo mo mokwalong wa Baebele fa ba ne ba nopola Dikwalo.”

  • Baranodi ba Baebele ba ba tseelwang kwa godimo ba ile ba dirisa leina la Modimo mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Bangwe ba baranodi bano ba ne ba dira jalo dingwaga di le dintsi pele ga Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha e nna gone. Baranodi bangwe le Dibaebele tse ba di ranotseng ke: A Literal Translation of the New Testament . . . From the Text of the Vatican Manuscript, ya ga Herman Heinfetter (1863); The Emphatic Diaglott, ya ga Benjamin Wilson (1864); The Epistles of Paul in Modern English, ya ga George Barker Stevens (1898); St. Paul’s Epistle to the Romans, ya ga W. G. Rutherford (1900); The New Testament Letters, ya ga J.W.C. Wand, Bishopo wa kwa London (1946). Mo godimo ga moo, mo masimologong a dingwaga tsa bo1900 moranodi mongwe yo o bidiwang Pablo Besson o ne a dirisa “Jehová” mo go Luke 2:15 le Jude 14 mo thanolong ya gagwe ya Se-Spain, mme makgetlo a ka nna 100 mo dintlheng tse di kwa tlase o ne a akantsha gore leina la Modimo le ka dirisiwa foo. Mme pele ga dithanolo tseno di nna gone, Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika tse di kwadilweng ka Sehebera di ne di ntse di dirisa Ditlhaka Tse Nnê Tsa Leina la Modimo mo ditemaneng di le dintsi go tloga ka dingwaga tsa bo1500 le morago ga moo. Dithanolo di ka nna 11 tsa Sejeremane di dirisa “Jehovah” (kgotsa ba le kwala e le “Yahweh”) mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika, mme baranodi ba le banê bone ba kwala leina leno mo masakaneng go bapa le “Morena.” Dithanolo di feta 70 tsa Sejeremane di dirisa leina la Modimo mo dintlheng tse di kwa tlase kgotsa mo dikakgelong tsa tsone.

    Leina la Modimo mo go Ditiro 2:34 mo thanolong ya The Emphatic Diaglott, ya ga Benjamin Wilson (1864)

  • Dithanolo tsa Baebele tsa dipuo tse di fetang lekgolo di na le leina la Modimo mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Dipuo di le dintsi tsa Afrika, tsa dinaga tsa Amerika, tsa Asia, tsa Yuropa le tsa ditlhaketlhake tsa Pacific di dirisa leina la Modimo gantsi. (Bona lenaane le le mo go  tsebe 1998 le 1999.) Baranodi ba dithanolo tseno ba ne ba dira tshwetso ya go dirisa leina la Modimo ka ntlha ya mabaka a a setseng a tlhalositswe fa godimo. Dibaebele dingwe di ranotse Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika bosheng jaana, ka sekai, Rotuman Bible (1999), e dirisa leina “Jihova” makgetlo a le 51 mo ditemaneng di le 48 le Baebele ya Batak (Toba) (ya 1989) ya kwa Indonesia e dirisa leina “Jahowa” makgetlo a le 110.

    Leina la Modimo mo go Mareko 12:29, 30 mo thanolong ya Se-Hawai

Go na le bosupi jo bo utlwalang sentle jwa gore leina la Modimo, Jehofa, le busediwe mo Dikwalong Tsa Bokeresete Tsa Segerika. Ke sone se baranodi ba Thanolo ya Lefatshe le Lesha ba se dirileng. Ba tlotla leina la Modimo tota e bile ba tshaba go tlosa sepe fela se se neng se le mo mokwalong wa ntlhantlha.—Tshenolo 22:18, 19.