Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POTSO 10

Baebele ya re go Tla Direga Eng mo Nakong e e Tlang?

“Basiami ba tla rua lefatshe, mme ba tla nna mo go lone ka bosakhutleng.

Pesalema 37:29

‘Lefatshe le tswelela le le gone ka bosakhutleng.’

Moreri 1:4

“Morena Molaodimogolo Jehofa o tla kometsa loso ka bosakhutleng, e bile o tla phimola dikeledi mo difatlhegong tsotlhe.”

Isaia 25:8

“Ka nako eo, matlho a difofu a tla bulwa, le ditsebe tsa bosusu di tla thibololwa. Ka nako eo, motho yo o tlhotsang o tla tlolaka jaaka kgama, le loleme lwa yo o sa kgoneng go bua lo tla goa ka boitumelo. Gonne metsi a tla pomponyega mo nageng, le melatswana e tla pomponyega mo sekakeng.”

Isaia 35:5, 6

“O tla phimola dikeledi tsotlhe mo matlhong a bone, mme loso lo tla bo lo sa tlhole lo le teng, e bile go tla bo go sa tlhole go na le khutsafalo kgotsa selelo kgotsa botlhoko. Dilo tse di neng di tlhola di direga ga di tlhole di le teng.”

Tshenolo 21:4

“Ba tla aga matlo ba bo ba nna mo go one, e bile ba tla jala masimo a morara ba bo ba ja maungo a one. Ga ba kitla ba aga go bo go nna o sele, e bile ga ba kitla ba jala go bo go ja batho ba bangwe. Gonne malatsi a batho ba me a tla nna jaaka malatsi a setlhare, e bile batho ba me ba ke ba tlhophileng ba tla itumelela tiro ya diatla tsa bone ka botlalo.”

Isaia 65:21, 22