Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POTSO 16

Ke Eng se se ka go Thusang fa o Tlhobaela?

“Latlhela mokgweleo wa gago mo go Jehofa, mme o tla go tshegetsa. Le ka motlha ga a kitla a letlelela mosiami go wa.”

Pesalema 55:22

“Dithulaganyo tsa motho yo o dirang ka natla di dira gore a atlege, mme botlhe ba ba dirang dilo ka mafega ba feleletsa ba humanegile.”

Diane 21:5

“O se ka wa boifa, ka gonne ke na le wena. O se ka wa tlhobaela, ka gonne ke Modimo wa gago. Ke tla go nonotsha, ke tla go thusa, ruri ke tla go ngangatlela thata ka seatla sa me sa moja sa tshiamo.”

Isaia 41:10

“Ke mang mo go lona yo o ka oketsang botshelo jwa gagwe ka motsotso o le mongwe fa a tlhobaela?”

Mathaio 6:27

“Ka jalo, le ka motlha lo se ka lwa tlhobaela ka letsatsi le le latelang, ka gonne letsatsi le le latelang le tla nna le ditlhobaelo tsa lone. Letsatsi lengwe le lengwe le na le mathata a lone.”

Mathaio 6:34

“Lo lemoge gore dilo tse di botlhokwa thata ke dife.”

Bafilipi 1:10

“Lo se ka lwa tshwenyega ka sepe, mme rapelang Modimo ka metlha, lo mo kope gore a lo kaele mo go sengwe le sengwe e bile lo mo leboge ka metlha. Fa lo dira jalo, Modimo o tla lo naya kagiso e batho ba ka se kgoneng go e tlhaloganya, mme ka tsela eo o tla disa dipelo tsa lona le megopolo ya lona a dirisa Keresete Jesu.”

Bafilipi 4:6, 7