Dipesalema 32:1-11

  • Go itumela ba ba itshwaretsweng

    • “Ke ne ka go bolelela boleo jwa me” (5)

    • Modimo o go naya temogo (8)

Pesalema ya ga Dafide. Masekile.* 32  Go itumela yo molato wa gagwe o itshwaretsweng, yo boleo jwa gagwe bo phimotsweng.*+   Go itumela motho yo Jehofa a sa mmoneng molato,+Yo o sa akanyeng dikakanyo tsa go tsietsa.   Fa ke ne ke didimala, ke ne ke nna bokoa ka gonne ke ne ke lela selelo sa kutlobotlhoko letsatsi lotlhe.+   Gonne bosigo le motshegare seatla* sa gago se ne se le boima mo go nna.+ Maatla a me a ne a kgala* jaaka metsi mo mogoteng wa selemo. (Selah)   La bofelo ke ne ka go bolelela boleo jwa me;Ga ke a ka ka fitlha molato wa me.+ Ke ne ka re: “Ke tla bolelela Jehofa maleo a me.”+ Mme o ne wa itshwarela molato wa me le maleo a me.+ (Selah)   Ke gone ka moo mongwe le mongwe yo o ikanyegang a tla go rapelang+Fa o sa ntse o ka bonwa.+ Tota le merwalela ga e kitla e fitlha kwa go ene.   Wena o lefelo la me la go iphitlha;O tla ntshireletsa fa ke le mo matshwenyegong.+ O tla dira gore ke eme mo bathong ba ba goang ka boitumelo fa o nkgolola.+ (Selah)   “Ke tla go naya temogo ke bo ke go ruta tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone.+ Ke tla go naya kgakololo ke go beile leitlho.+   Lo se ka lwa tshwana le pitse kgotsa mmoulo o o se nang tlhaloganyo,+O o tshwanetseng go laolwa ka tomo kgotsa ka kgolePele ga o go atamela ka gonne o le tlhaga thata.” 10  Batho ba ba bosula ba na le ditlhabi tse dintsi;Mme yo o ikanyang Jehofa o sireleditswe ke lorato lwa Gagwe lo lo sa kgaotseng.+ 11  Itumeleng ka ntlha ya se Jehofa a se dirileng, lona basiami;Goang ka boitumelo, lona lotlhe ba ba pelo e e siameng.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “itshwaretsweng.” Seheb., “bipilweng.”
Kgotsa “go sa intumelele.”
Kgotsa “Bongola jwa botshelo jwa me bo ne jwa fetoga.”