Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

A4

Leina la Modimo mo Dikwalong Tsa Sehebera

Leina la Modimo ka mokwalo wa Sehebera sa bogologolo o o neng o dirisiwa pele Baiseraele ba isiwa botshwarwa kwa Babelona

Leina la Modimo ka mokwalo wa Sehebera sa bogologolo o o neng o dirisiwa fa Baiseraele ba sena go tswa kwa botshwarwa

Leina la Modimo le le kwalwang ka ditlhaka tsa ditumammogo tse nnê tsa Sehebera e leng יהוה, le tlhaga makgetlo a ka nna 7 000 mo Dikwalong Tsa Sehebera. Baebele eno e ranola ditlhaka tseno tse nnê e le “Jehofa.” Leina leo le tlhaga gantsi mo Baebeleng go gaisa leina lepe le lengwe. Le fa gone bakwadi ba ntlhantlha ba Baebele ba bitsa Modimo ka direto le mafoko a le mantsi a a mo tlhalosang, a a jaaka “Mothatayotlhe,” “Mogodimodimo” le “Morena,” ba dirisa ditlhaka tseo tse nnê e le leina la gagwe le le mo tlhaolang.

Jehofa Modimo ke ene a neng a laela bakwadi ba Baebele gore ba dirise leina la gagwe. Ka sekai, o ne a dira gore moporofeti Joele a kwale jaana: “Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.” (Joele 2:32) Gape Modimo o ne a dira gore mokwadi mongwe wa buka ya Dipesalema a kwale jaana: “E kete batho ba ka itse gore wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo, o okametse lefatshe lotlhe.” (Pesalema 83:18) Tota e bile, leina la Modimo le tlhaga ka makgetlo a ka nna 700 mo bukeng ya Dipesalema fela. Buka eno e na le dipoko tse batho ba Modimo ba neng ba di opela e bile ba di tshwara ka tlhogo. Jaanong ke eng fa leina la Modimo le seyo mo Dibaebeleng di le dintsi? Ke eng fa Baebele eno e dirisa leina “Jehofa”? Mme gone, leina la Modimo, Jehofa le kaya eng?

Karolo nngwe ya Dipesalema e e tlhagang mo Momenong wa Lewatle le le Suleng wa ngwaga wa 1 C.E go ya go 50 C.E. Go dirisitswe ditlhaka tsa Sehebera tse di neng di dirisiwa fa Baiseraele ba sena go boa kwa botshwarwa kwa Babelona, mme gone ditlhaka tse nnê tse di emelang leina la Modimo di tlhaga gangwe le gape ka ditlhaka tsa Sehebera sa bogologolo

Ke eng fa leina leno le seyo mo Dibaebeleng di le dintsi? Go na le mabaka a a farologaneng. Batho ba bangwe ba dumela gore Modimo Mothatayotlhe ga a tlhoke go bidiwa ka leina lengwe. Go bonala ba bangwe ba ne ba tlhotlheleditswe ke tlwaelo ya Sejuda ya gore go se ka ga dirisiwa leina la Modimo, gongwe e le ka gonne ba boifa gore ga le kitla le tlhola le tsewa le le boitshepo. Ba bangwe bone ba dumela gore e re ka go se na ope yo o itseng gore leina la Modimo le tshwanetse go bidiwa jang, go botoka gore ba dirise fela sereto se se jaaka “Morena” kgotsa “Modimo.” Le fa go ntse jalo, seno ga se utlwale ka ntlha ya mabaka a a latelang:

  • Batho ba ba reng Modimo Mothatayotlhe ga a tlhoke go bidiwa ka leina, ba itlhokomolosa bosupi jwa gore dikhopi tsa bogologolo tsa Lefoko la gagwe di ne di na le leina la Modimo, go akaretsa le tse di neng di le teng pele ga motlha wa ga Keresete. Fela jaaka go setse go tlhalositswe, Modimo o ne a dira gore leina la gagwe le kwalwe mo Lefokong la gagwe makgetlo a ka nna 7 000. Seno se bontsha gore o batla gore re itse leina la gagwe re bo re le dirise.

  • Baranodi ba ba tlosang leina la Modimo mo Baebeleng ka ntlha ya tlwaelo ya Sejuda ga ba lemoge kgang nngwe ya botlhokwa. Le fa gone bakwadi bangwe ba Bajuda ba ne ba gana go bitsa leina la Modimo, ba ne ba sa le tlose mo dikhoping tsa bone tsa Baebele. Memeno mengwe ya bogologolo e e neng ya fitlhelwa kwa Qumran, gaufi le Lewatle le le Suleng, e dirisitse leina la Modimo makgetlo a le mantsi. Baranodi bangwe ba Baebele ba emisetsa leina la Modimo ka sereto “MORENA” ba se kwadile ka ditlhaka tse dikgolo go bontsha gore ke fa leina la Modimo le neng le tlhaga teng mo mokwalong wa ntlhantlha. Jaanong ke eng fa baranodi bano ba ile ba tlosa leina la Modimo mo Baebeleng le fa gone ba dumela gore le fitlhelwa mo mokwalong wa Baebele makgetlo a le diketekete? Tota ke mang yo o ba neileng tetla ya go dira jalo? Ga re itse.

  • Batho ba ba reng leina la Modimo ga le a tshwanela go dirisiwa ka gonne go sa itsiwe gore le ne le bidiwa jang, ba dirisa leina la ga Jesu le fa ba sa itse gore le ne le bidiwa jang bogologolo. Barutwa ba ga Jesu ba ntlha, ba ne ba bitsa leina la ga Jesu ka tsela e e farologaneng thata le tsela e bontsi jwa Bakeresete ba le bitsang ka yone gompieno. Bakeresete ba Bajuda ba ka tswa ba ne ba bitsa leina la ga Jesu ba re Ye·shuʹa‛. Mme sereto “Keresete” sone se ne se bidiwa Ma·shiʹach kgotsa “Mesia.” Bakeresete ba ba buang Segerika bone ba ne ba mmitsa I·e·sousʹ Khri·stosʹ, mme Bakeresete ba ba buang Selatine bone ba ne ba mmitsa Ieʹsus Chriʹstus. Modimo o ne a dira gore leina la ga Jesu le ranolwe ka Segerika mo Baebeleng, go bontsha gore Bakeresete ba ntlha ba ne ba dirile tshwetso e e botlhale ya go bitsa leina la ga Jesu go ya kafa le neng le bidiwa ka gone mo puong ya bone. Komiti ya Thanolo ya Baebele ya Lefatshe le Lesha le yone e bona go tshwanela gore go dirisiwe leina “Jehofa,” le fa tsela e le bidiwang ka yone e sa tshwane le tsela e le neng le bidiwa ka yone ka Sehebera sa bogologolo.

Ke eng fa Thanolo ya Lefatshe le Lesha e dirisa leina “Jehofa”? Ditlhaka tse nnê tsa leina la Modimo e leng (יהוה) di emelwa ke ditumammogo tseno, YHWH. Mafoko otlhe a Sehebera sa bogologolo a ne a sa tsenngwe ditumanosi fa a kwalwa, ka jalo leina la Modimo le lone le ne le kwalwa jalo. Bogologolo fa go ne go buiwa Sehebera, go ne go le motlhofo gore batho ba itsenyetse ditumanosi tse di tshwanelang fa ba bala.

Morago ga dingwaga di ka nna sekete Dikwalo Tsa Sehebera di setse di weditswe, baithuti ba Bajuda ba ne ba dira gore go nne le mokgwa wa go tshwaya mafoko gore mmadi a itse gore o tshwanetse go tsenya ditumanosi dife fa a bala Sehebera. Mme ka nako eo, Bajuda ba le bantsi ba ne ba setse ba dumela gore ga go a siama go buela leina la Modimo kwa godimo, ka jalo ba ne ba mmitsa ka mareo a mangwe. Go bonala ba ile ba tsenya ditumanosi tsa mareo ao a ba bitsang Modimo ka one fa ba ne ba kwalolola ditlhaka tse nnê tse di emelang leina la Modimo. Ka jalo, mekwalo ya seatla ya bogologolo e e nang le matshwao ao a a tshwayang gore go tsena ditumanosi dife ga a thuse motho go itse gore leina la Modimo le ne le bidiwa jang la ntlha ka Sehebera. Bangwe ba dumela gore leina leo le ne le bidiwa “Yahweh,” mme ba bangwe bone ba re le ka tswa le ne le bidiwa ka ditsela tse dingwe. Momeno wa Lewatle le le Suleng o o nang le karolo nngwe ya buka ya Lefitiko ka Segerika o kwala leina la Modimo e le Iao. Gape bakwadi ba bogologolo ba Bagerika ba re le tshwanetse go bidiwa Iae, I·a·beʹ, le I·a·ou·eʹ. Mme gone, ga go na lebaka la go gatelela gore le bidiwe ka tsela e e rileng. Tota ga re itse gore batlhanka ba Modimo ba bogologolo ba ne ba bitsa leina leno jang ka Sehebera. (Genesise 13:4; Ekesodo 3:15) Se re se itseng ke gore, Modimo o ne a dirisa leina la gagwe kgapetsakgapetsa fa a bua le batho ba gagwe, e bile re a itse gore ba ne ba dirisa leina leno fa ba bua le ene le fa ba bua ka ene.—Ekesodo 6:2; 1 Dikgosi 8:23; Pesalema 99:9.

Jaanong ke eng fa Baebele eno e dirisa leina “Jehofa”? Ka gonne Setswana ga se bolo go nna se dirisa leina la Modimo ka tsela eno.

Leina la Modimo mo go Genesise 15:2 mo thanolong ya 1530 ya ga William Tyndale ya Dibuka Tsa Ntlha Tse Tlhano Tsa Baebele

Lekgetlo la ntlha fa leina la Modimo le ne le dirisiwa mo Baebeleng ya Setswana e ne e le ka 1838 mo Baebeleng e e ranotsweng ke Robert Moffat ya Dikwalo Tsa Bokeresete Tsa Segerika. O ne a kwala leina la Modimo e le “Yehova.” Fa nako e ntse e ya, Setswana se ne sa fetoga, mme tsela e leina la Modimo le kwalwang ka yone e ne ya tlhabololwa. Ka sekai, ka 1908, Baebele e e Boitshepo e ne ya kwala leina “Jehofa” mo Baebeleng yotlhe. Dipuo tse dingwe le tsone di ne tsa fetola tsela e le kwalwang ka yone. Ka sekai, lekgetlo la ntlha fa leina la Modimo le ne le dirisiwa mo Baebeleng ya Seesemane e ne e le ka 1530 mo thanolong ya ga William Tyndale ya dibuka tsa ntlha tse tlhano tsa Baebele. O ne a le kwala e le “Iehouah.” Fa nako e ntse e ya, puo ya Seesemane e ne ya fetoga, mme tsela ya go kwala leina la Modimo e ne ya tlhabololwa. Ka sekai, ka 1612, Henry Ainsworth o ne a le kwala e le “Iehovah” mo thanolong yotlhe ya gagwe ya buka ya Dipesalema. Mme fa buka eo e ne e tlhabololwa le go gatisiwa bosha ka 1639 e na le Dibuka Tsa Ntlha Tse Tlhano Tsa Baebele, o ne a dirisa “Jehovah.” Ka 1901, baranodi ba ba neng ba ranola Baebele ya American Standard Version ba ne ba dirisa “Jehovah” gongwe le gongwe mo leina la Modimo le neng le tlhaga teng mo mokwalong wa Sehebera.

Mo bukeng ya gagwe ya 1911 ya Studies in the Psalms moithuti wa Baebele yo o tlotliwang thata e bong Joseph Bryant Rotherham o tlhalosa lebaka la go bo a dirisitse leina “Jehovah” go na le go dirisa “Yahweh.” A re o ne a batla “go peleta leina leno ka tsela e e neng e tlwaetswe (e bile e amogelwa) ke batho ba le bantsi ba ba balang Baebele.” Ka 1930 moithuti A. F. Kirkpatrick o ne a bua se se tshwanang ka go peleta leina leno “Jehovah.” O ne a re: “Gompieno baitse ba thutapuo ba gatelela gore leina leno le tshwanetse go bidiwa go twe Yahveh kgotsa Yahaveh; mme gone go bonala JEHOVAH e le tsela e e tlwaelegileng thata mo puong ya Seesemane e bile selo sa botlhokwa tota ga se gore le ne le bidiwa jang, mme ke go lemoga gore ke Leina Tota, e seng sereto fela se se tshwanang le ‘Morena.’”

Ditlhaka Tse Nnê Tsa Leina la Modimo: YHWH: “O Dira Gore go Diragale”

Lediri HWH: “go diragala”

Leina Jehofa le kaya eng? Ka Sehebera, leina Jehofa le tserwe mo lefokong le le kayang “go diragala,” e bile baithuti ba le bantsi ba re leina leo le tlhalosa lefoko la Sehebera le le kayang go diragatsa sengwe. Ka jalo, Komiti ya Thanolo ya Baebele ya Lefatshe le Lesha e tlhaloganya gore leina la Modimo le kaya “O Dira Gore go Diragale.” Baithuti ba Baebele ba na le dikgopolo tse di sa tshwaneng ka kgang eno, ka jalo re ka se gatelele gore tlhaloso eno ke yone tota. Le fa go ntse jalo, tlhaloso eno e tshwanela sentle ka gonne Jehofa ke Mmopi wa dilo tsotlhe e bile o diragatsa maikaelelo a gagwe. O bopile lobopo le ditshedi tse di botlhale, mme gape o dira gore thato ya gagwe le maikaelelo a gagwe a tswelele a diragala.

Ka jalo, leina Jehofa ga le kaye fela “go diragala” jaaka re bona mo go Ekesodo 3:14 e e reng: “Ke Tla Nna se ke Tlhophang go Nna Sone” kgotsa “Ke Tla Nna se ke Tla Nnang Sone.” Tota mafoko ano ga a tlhalose bokao jwa leina la Modimo ka botlalo. Mme a tlhalosa gore mo maemong mangwe le mangwe Modimo o nna sengwe le sengwe fela se go tlhokegang gore a nne sone gore a diragatse maikaelelo a gagwe. Ka jalo, le fa leina la ga Jehofa le kaya gore o nna sengwe le sengwe se a batlang go nna sone, gape le kaya se a dirang gore se diragale mo popong ya gagwe le gore o diragatsa maikaelelo a gagwe.