Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POTSO 3

Baebele e Kwadilwe ke Mang?

“Moshe o ne a kwala mafoko otlhe a ga Jehofa.”

Ekesodo 24:4

“Daniele o ne a lora a bo a bona diponatshegelo fa a ntse a robetse. Go tswa foo, o ne a kwala toro e a e lorileng; o ne a kwala pego e e feletseng ya dikgang tseno.”

Daniele 7:1

“Fa lo ne lo amogela lefoko la Modimo, le lo neng lwa le utlwa mo go rona, lo ne lwa le amogela fela jaaka le ntse, e le lefoko la Modimo.”

1 Bathesalonika 2:13

“Dilo tsotlhe tse di kwadilweng mo Dikwalong Tse di Boitshepo di tswa kwa Modimong. Di re tswela mosola ka gonne di a re ruta.”

2 Timotheo 3:16

“Ga go ka nako epe boporofeti bo neng jwa itsisiwe ka thato ya motho, mme batho ba ne ba bua se se tswang kwa Modimong ka gonne ba ne ba tlhotlhelediwa ke moya o o boitshepo.”

2 Petere 1:21