Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

POTSO 1

Modimo ke Mang?

“E kete batho ba ka itse gore wena, yo leina la gago e leng Jehofa, wena o le esi o Mogodimodimo, o okametse lefatshe lotlhe.”

Pesalema 83:18

“Itseng gore Jehofa ke Modimo. Ke ene a re dirileng, mme re ba gagwe.”

Pesalema 100:3

“Ke nna Jehofa. Leo ke lone leina la me; ga nkitla ke letla ope a newa tlotlo e e ntshwanetseng, e bile ga nkitla ke naya ditshwantsho tse di betlilweng pako ya me.”

Isaia 42:8

“Mongwe le mongwe yo o bitsang leina la ga Jehofa o tla bolokwa.”

Baroma 10:13

“Ke boammaaruri gore ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke mongwe, mme dilo tsotlhe di dirilwe ke Modimo.”

Bahebera 3:4

“Tsholeletsang matlho a lona kwa legodimong mme lo bone. Ke mang yo o bopileng dilo tseno? Ke Ene yo o bolotsang lesomo la tsone ka palo; o di bitsa tsotlhe ka maina. E re ka a na le maatla a magolo a a boitshegang e bile a na le nonofo e kgolo, ga go na epe ya tsone e e tlhaelang.”

Isaia 40:26