Nehemia 9:1-38

  • Batho ba ipolela maleo (1-38)

    • Jehofa ke Modimo yo o itshwarelang (17)

9  Mo letsatsing la bo24 la kgwedi eno Baiseraele ba ne ba phuthega mmogo; ba ne ba itima dijo ba apere letsela la kgetsi e bile ba itshetse lerole.+  Foo ba e neng e le ditlogolwana tsa Baiseraele ba ne ba ikgaoganya le batswakwa,+ mme ba ne ba ema ba bo ba ipolela maleo a bone le melato ya borraabone.+  Go tswa foo, ba ne ba ema mo lefelong la bone mme ba fetsa diura di le tharo* ba balela kwa godimo buka ya Molao+ wa ga Jehofa, Modimo wa bone; mme ba ne ba fetsa diura tse dingwe tse tharo mo letsatsing leo ba ipolela maleo e bile ba khubama ba bo ba ikoba fa pele ga ga Jehofa, Modimo wa bone.  Jeshua, Bani, Kadamiele, Shebania, Buni, Sherebia,+ Bani le Kenani ba ne ba ema mo seraleng se se kwa godimo+ sa Balefi, mme ba ne ba goela kwa go Jehofa, Modimo wa bone ka lentswe le le kwa godimo.  Mme Jeshua, Kadamiele, Bani, Hashabeneia, Sherebia, Hodia, Shebania le Pethahia ba e leng Balefi ba ne ba re: “Emang mme lo bake Jehofa, Modimo wa lona ka bosakhutleng.*+ Mme a ba bake leina la gago le le galalelang, le le kwa godimo thata ga tshegofatso yotlhe le pako yotlhe.  “Wena o le nosi o Jehofa;+ o dirile magodimo, e leng legodimo la magodimo le masomosomo otlhe a one, lefatshe le sotlhe se se mo go lone le mawatle le sotlhe se se mo go one. Mme o di boloka tsotlhe di tshela, e bile masomosomo a magodimo a a go ikobela.  O Jehofa, Modimo wa boammaaruri, yo o neng a tlhopha Aberame+ mme a mo ntsha kwa Ure+ wa Bakaladia a bo a mmitsa Aborahame.+  O ne wa bona gore pelo ya gagwe e ne e ikanyega mo go wena,+ ka jalo o ne wa dira kgolagano le ene ya gore o tla mo naya lefatshe la Bakanana, Bahite, Baamore, Baperise, Bajebuse le Bagiregashe, gore le newe losika lwa gagwe;+ mme o ne wa diragatsa ditsholofetso tsa gago, ka gonne o tshiamo.  “Ka jalo, o ne wa bona pogisego ya borraaronamogolo fa ba ne ba le kwa Egepeto,+ mme o ne wa utlwa selelo sa bone kwa Lewatleng le Lehibidu. 10  Foo o ne wa dira ditshupo le dikgakgamatso go otlhaya Faro le batlhanka botlhe ba gagwe le batho botlhe ba lefatshe la gagwe,+ ka gonne o ne o itse gore ba ne ba bogisa batho ba gago ba le mabela.+ O ne wa itirela leina le le sa ntseng le le teng go tla go fitlha mo letsatsing leno.+ 11  Mme o ne wa kgaoganya lewatle fa pele ga bone gore ba kgone go kgabaganya mo lefatsheng le le omileng,+ mme ba ba neng ba ba lelekisa, o ne wa ba latlhela mo tengteng ga lewatle jaaka leje le latlhelwa mo teng ga metsi a a maatla.+ 12  O ne wa ba etelela pele ka pilara ya leru motshegare, mme bosigo o ne wa ba etelela pele ka pilara ya molelo, gore o ba bonesetse tsela e ba tshwanetseng go tsamaya+ mo go yone. 13  Mme o ne wa fologela mo Thabeng ya Sinai+ o bo o bua le bone o le kwa legodimong+ mme wa ba naya dikatlholo tse di siameng, melao ya boammaaruri,* melawana le ditaelo tse di molemo.+ 14  O ne wa ba ruta gore ba boloke letsatsi la Sabata le le boitshepo,+ e bile o ne wa ba naya ditaelo, melawana le molao o dirisa motlhanka wa gago e bong Moshe. 15  O ne wa ba naya senkgwe se se tswang legodimong fa ba ne ba tshwerwe ke tlala,+ e bile o ne wa ba ntshetsa metsi mo lefikeng fa ba ne ba nyorilwe,+ mme o ne wa ba laela gore ba tsene ba bo ba rue lefatshe le o neng wa ba ikanela* gore o tla le ba naya. 16  “Mme bone, e leng borraaronamogolo, ba ne ba nna mabela+ ba bo ba nna tlhogoethata,*+ mme ba ne ba se ka ba reetsa ditaelo tsa gago. 17  Ba ne ba gana go reetsa,+ e bile ga ba a ka ba gakologelwa ditiro tsa gago tse di gakgamatsang tse o neng wa di ba direla, mme ba ne ba nna tlhogoethata* ba bo ba tlhoma moeteledipele gore ba boele kwa Egepeto+ kwa ba neng ba le makgoba gone. Le fa go ntse jalo, o Modimo yo o ikemiseditseng go itshwarela, yo o pelotlhomogi* le yo o kutlwelobotlhoko, yo o sa galefeng ka bonako le yo o nang le lorato lo logolo lo lo sa kgaotseng,*+ mme ga o a ka wa ba latlha.+ 18  Le fa ba ne ba itirela sefikantswe se se bopilweng sa namane ba bo ba re, ‘Yono ke Modimo wa gago yo o go ntshitseng kwa Egepeto,’+ e bile ba ne ba bontsha gore ba go nyatsa thata, 19  tota le ka nako eo, ga o a ka wa ba tlogela mo nageng ka ntlha ya kutlwelobotlhoko ya gago e kgolo.+ Pilara ya leru ga e a ka ya tlogela go ba etelela pele motshegare gore e ba bontshe tsela, e bile bosigo pilara ya molelo ga e a ka ya tlogela go ba bonesetsa tsela e ba tshwanetseng go tsamaya mo go yone.+ 20  Mme o ne wa romela moya wa gago o o molemo gore o ba neye temogo,+ e bile ga o a ka wa tlogela go ba naya mana+ a gago, mme o ne wa ba naya metsi fa ba ne ba nyorilwe.+ 21  O ne wa ba tlamela ka dijo mo nageng dingwaga di le 40.+ Ba ne ba sa tlhoke sepe. Diaparo tsa bone ga di a ka tsa onala,+ le dinao tsa bone ga di a ka tsa ruruga. 22  “O ne wa ba naya magosi le ditšhaba, wa di ba abela ka go latelana,+ mo ba neng ba rua lefatshe la ga Sihone,+ e leng lefatshe la kgosi ya kwa Heshebone,+ mmogo le lefatshe la ga Oge+ kgosi ya kwa Bashana. 23  Mme o ne wa dira gore bomorwaabone ba nne bantsi jaaka dinaledi tsa magodimo.+ Go tswa foo, o ne wa ba tlisa mo lefatsheng le o neng o solofeditse borraabonemogolo gore ba tla tsena kwa go lone ba bo ba le rua.+ 24  Ka jalo, bomorwaabone ba ne ba tsena mo lefatsheng leo mme ba le rua,+ mme o ne wa ba thusa go fenya Bakanana+ ba ba neng ba nna mo lefatsheng leo, mme o ne wa ba tsenya mo seatleng sa bone, mmogo le dikgosi tsa bone le ditšhaba tsa lefatshe leo gore ba ba dire jaaka ba rata. 25  Mme ba ne ba gapa metse e e sireletsegileng+ le lefatshe le le nonneng,+ e bile ba ne ba gapa matlo a a tletseng dilo tsotlhe tse di tlhwatlhwakgolo tsa mefuta e e farologaneng, dikhuti tsa go bolokela metsi* tse di setseng di epilwe, masimo a morara,* masimo a motlhware+ le ditlhare tsa maungo di le dintsi. Ka jalo, ba ne ba ja, ba kgotsofala ba bo ba nona, mme ba ne ba itumelela dilo tsotlhe tse di molemo tse o neng o ba di diretse. 26  “Le fa go ntse jalo, ba ne ba se ka ba go reetsa mme ba go tlhanogela+ ba bo ba tlola Molao wa gago.* Ba ne ba bolaya baporofeti ba gago ba ba neng ba ba tlhagisa ba leka go ba busetsa kwa go wena, mme ba ne ba dira dilo tse di bontshang gore ba go nyatsa thata.+ 27  Ka ntlha ya seno, o ne wa ba tsenya mo seatleng sa baba ba bone,+ ba ba neng ba nna ba ba tshwenya thata.+ Le fa go ntse jalo, ba ne ba tle ba goele kwa go wena fa ba le mo matshwenyegong, mme o ne o utlwa o le kwa magodimong; mme ka ntlha ya kutlwelobotlhoko ya gago e kgolo o ne o tle o ba neye baeteledipele gore ba ba golole mo seatleng sa baba ba bone.+ 28  “Le fa go ntse jalo, fela fa ba sena go gololwa, ba ne ba tle ba dire se se bosula gape fa pele ga gago,+ mme o ne o letla baba ba bone gore ba ba laole.*+ Go tswa foo, ba ne ba tle ba boele kwa go wena ba bo ba kopa gore o ba thuse,+ mme o ne o ba utlwa o le kwa magodimong o bo o ba golola gangwe le gape ka gonne o le kutlwelobotlhoko.+ 29  Le fa gone o ne o ba tlhagisa e le gore o ba busetse mo Molaong wa gago, ba ne ba ikgogomosa e bile ba ne ba gana go reetsa ditaelo+ tsa gago; mme ba ne ba leofa ka gonne ba ne ba sa latele melawana ya gago e fa motho a ka e ikobela a tla tswelelang a tshela.+ Le fa go ntse jalo, ba ne ba go tlogela ka botlhogoethata ba bo ba thatafatsa thamo ya bone, mme ba ne ba gana go reetsa. 30  O ne wa nna pelotelele+ le bone dingwaga di le dintsi wa bo wa nna o ba tlhagisa ka moya wa gago o dirisa baporofeti ba gago, mme ba ne ba gana go reetsa. La bofelo o ne wa ba tsenya mo seatleng sa ditšhaba tsa mafatshe a mangwe.+ 31  Mme gone, e re ka o le kutlwelobotlhoko, ga o a ka wa ba fedisa+ kgotsa wa ba latlha, ka gonne o Modimo yo o pelotlhomogi* le yo o kutlwelobotlhoko.+ 32  “Mme jaanong tlhe Modimo wa rona, Modimo yo mogolo, yo o maatla le yo o boitshegang, yo o ntseng a bolokile kgolagano ya gagwe le yo o bontshitseng lorato lo lo sa kgaotseng,+ o se ka wa tlodisa matlho matshwenyego otlhe a a wetseng rona, dikgosi tsa rona, dikgosana+ tsa rona, baperesiti+ ba rona, baporofeti+ ba rona, borraaronamogolo le batho ba gago botlhe go simologa mo metlheng ya dikgosi tsa Asiria+ go tla go fitlha mo letsatsing leno. 33  O ntse o dira dilo sentle le fa re diragaletswe ke dilo di le dintsi, ka gonne o a ikanyega; mme ke rona ba re dirileng bosula.+ 34  Fa e le dikgosi tsa rona, dikgosana tsa rona le borraaronamogolo, ga ba a ka ba ikobela Molao wa gago, e bile ga ba a ka ba tlhwaela ditaelo tsa gago kgotsa dikgakololo* tsa gago tsebe tse o neng wa di dirisa go ba tlhagisa. 35  Tota le ka nako ya fa ba ne ba busiwa ke dikgosi tsa rona mme ba itumelela dilo tse dintsi tse di molemo tse o ba di neileng e bile ba ne ba le mo lefatsheng le le bulegileng le le le nonneng le o neng wa le ba naya, ga ba a ka ba go direla+ e bile ga ba a ka ba tlogela mekgwa ya bone e e bosula. 36  Gone jaanong re batlhanka+ mo lefatsheng le o neng wa le naya borraaronamogolo gore ba je maungo a lone le dilo tsa lone tse di molemo. 37  Thobo ya lone e ntsi ke ya dikgosi tse o di tlhomileng gore di re okamele ka ntlha ya maleo a rona.+ Di re laola* jaaka di rata e bile di laola le leruo la rona, mme jaanong re mo matshwenyegong a magolo. 38  “Ka jalo ka ntlha ya dilo tseno tsotlhe, re dira tumalano e e re tlamang+ re bo re e kwala, mme dikgosana tsa rona, Balefi ba rona le baperesiti ba rona ba e baya letshwao* go bontsha gore ba dumalana le yone.”+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seheb., “ba fetsa karolo ya bonê mo letsatsing.”
Kgotsa “go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng.”
Kgotsa “melao e e ka ikanngwang.”
Seheb., “wa tsholetsa seatla sa gago.”
Seheb., “ba thatafatsa thamo ya bone.”
Kgotsa “bopelonomi jwa lorato.”
Kgotsa “pelontle.”
Seheb., “ba thatafatsa thamo ya bone.”
Bona polelwana “Khuti ya go bolokela metsi” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Seheb., “ba ne ba latlhela Molao wa gago kwa morago ga bone.”
Kgotsa “gatake.”
Kgotsa “pelontle.”
Kgotsa “ditlhagiso.”
Seheb., “Di laola mebele ya rona.”
Kgotsa “sekano.”