Efangele ya ga Mareko 10:1-52

  • Lenyalo le tlhalo (1-12)

  • Jesu o segofatsa bana (13-16)

  • Potso ya monna wa mohumi (17-25)

  • Go itima dilo ka ntlha ya Bogosi (26-31)

  • Jesu o bolelela pele loso lwa gagwe gape (32-34)

  • Kopo ya ga Jakobe le Johane (35-45)

    • Jesu ke thekololo ya ba le bantsi (45)

  • Baratimeo yo o foufetseng o a fodisiwa (46-52)

10  O ne a tswa koo mme a ya kwa melelwaneng* ya Judea ka kwa letlhakoreng le lengwe la Joredane, mme batho ba bantsintsi ba ne ba phuthegela kwa go ene gape. O ne a simolola go ba ruta fela jaaka a ne a tlwaetse go dira.+  Mme Bafarasai ba ne ba tla kwa go ene ba ikaeletse go mo leka, ba bo ba mmotsa gore a molao o letlelela monna gore a tlhale mosadi wa gagwe.+  O ne a ba raya a re: “Moshe o ne a lo laela gore lo dire eng?”  Ba ne ba re: “Moshe o ne a letlelela gore monna a kwalele mosadi lekwalo la tlhalo a bo a mo tsamaisa.”+  Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ba raya a re: “O ne a lo kwalela taelo eno+ ka gonne o ne a akanyetsa dipelo tsa lona tse di thata.+  Mme gone, go tswa kwa tshimologong, ‘Modimo o ne a bopa monna le mosadi.+  Ka lebaka leno, monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe,+  mme batho bano ba babedi ba tla nna nama e le nngwe,’+ mo e leng gore ga ba tlhole ba le babedi, mme ke nama e le nngwe.  Ka jalo, se Modimo a se kopantseng, a motho ope a se ka a se kgaoganya.”+ 10  E rile ba le mo ntlong, barutwa ba ne ba mmotsa gape ka seno. 11  O ne a ba raya a re: “Ope fela yo o tlhalang mosadi wa gagwe a bo a nyala mosadi yo mongwe o dira boaka+ e bile o mo direla phoso, 12  e bile fa mosadi a sena go tlhala monna wa gagwe a bo a nyalwa ke yo mongwe, o dira boaka.”+ 13  Jaanong batho ba ne ba simolola go tlisa bana ba bannye kwa go ene gore a ba segofatse, mme barutwa ba ne ba ba kgalemela.+ 14  Fa Jesu a bona seno, o ne a ba galefela mme a ba raya a re: “Tlogelang bana ba bannye bano ba tle kwa go nna; lo se ka lwa leka go ba thibela, ka gonne Bogosi Jwa Modimo ke jwa ba ba ntseng jalo.+ 15  Ammaaruri ke a lo bolelela, ope fela yo o sa amogeleng Bogosi Jwa Modimo jaaka ngwana yo monnye yo o amogelang dilo tse a di newang, ga a kitla a tsena mo go jone gotlhelele.”+ 16  Mme o ne a kuka bana bao a bo a ba segofatsa, a ba baya diatla.+ 17  E rile a tsamaya, monna mongwe o ne a mo tabogela, a khubama fa pele ga gagwe a bo a mmotsa a re: “Moruti yo o Molemo, ke eng se ke tshwanetseng go se dira gore ke bone botshelo jo bo sa khutleng?”+ 18  Jesu o ne a mo raya a re: “Ke ka ntlha yang fa o mpitsa yo o molemo? Ga go na ope yo o molemo, fa e se Modimo fela.+ 19  O itse ditaelo tseno: ‘O se ka wa bolaya motho,+ o se ka wa dira boaka,+ o se ka wa utswa,+ o se ka wa ntsha bosupi jwa maaka,+ o se ka wa tsietsa,+ tlotla rrago le mmago.’”+ 20  Monna yoo o ne a mo raya a re: “Moruti, ke dirile dilo tseno tsotlhe go tloga ke sa le mosha.” 21  Jesu o ne a mo leba mme e re ka a ne a mo rata, o ne a re, “Go na le selo se le sengwe se se tlhaelang ka wena: Tsamaya o ye go rekisa dilo tse o nang le tsone o bo o abela bahumanegi madi a tsone, mme o tla nna le letlotlo kwa legodimong; mme o tle o nne molatedi wa me.”+ 22  Le fa go ntse jalo, monna yoo o ne a utlwa botlhoko fa a utlwa karabo eo a bo a tsamaya a hutsafetse, ka gonne o ne a na le dithoto di le dintsi.+ 23  Fa Jesu a sena go leba mo tikologong, o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Ruri go tla nna thata tota gore ba ba nang le madi ba tsene mo Bogosing Jwa Modimo!”+ 24  Mme barutwa ba ne ba gakgamalela mafoko a gagwe. Foo Jesu o ne a ba araba a re: “Bongwanaka, ruri go thata tota go tsena mo Bogosing Jwa Modimo! 25  Go motlhofo gore kamela e tsene mo phatlheng ya nnale go na le gore monna yo o humileng a tsene mo Bogosing Jwa Modimo.”+ 26  Ba ne ba gakgamala le go feta mme ba mo raya* ba re: “Tota ke mang yo o ka bolokwang?”+ 27  Jesu o ne a ba leba ka kelotlhoko a bo a re: “Mo bathong ga go kgonege mme ga go a nna jalo mo Modimong, ka gonne mo Modimong dilo tsotlhe di a kgonega.”+ 28  Petere o ne a mo raya a re: “Re tlogetse dilo tsotlhe mme ra go sala morago.”+ 29  Jesu o ne a re: “Ammaaruri ke a lo bolelela, ga go na ope yo o tlogetseng ntlo kgotsa bomogolowe kgotsa bomonnawe kgotsa mmaagwe kgotsa rraagwe kgotsa bana kgotsa masimo ka gonne e le molatedi wa me le ka ntlha ya dikgang tse di molemo+ 30  yo o se kitlang a amogela go menagane ga 100 mo nakong eno (matlo, bomogolowe, bomonnawe, bommaagwe, bana le masimo le fa gone di tla bo di na le dipogiso)+ mme mo nakong e e tlang,* o tla amogela botshelo jo bo sa khutleng. 31  Mme ba le bantsi ba ntlha e tla nna ba bofelo, mme ba bofelo e tla nna ba ntlha.”+ 32  Jaanong ba ne ba le mo tseleng ba ya Jerusalema, mme Jesu o ne a ba eteletse pele, mme ba ne ba gakgamala, le fa go ntse jalo, ba ba neng ba tla kwa morago ba ne ba simolola go boifa. O ne a tseela baaposetoloi ba ba 12 kwa thoko gape mme a ba bolelela dilo tseno tse di neng di tloga di mo diragalela:+ 33  “Bonang, re ya kwa Jerusalema, mme Morwa motho o tla tsenngwa mo diatleng tsa baperesiti ba bagolo le bakwadi. Ba tla mo atlholela loso ba bo ba mo naya batho ba ditšhaba, 34  mme bano ba tla mo sotla, ba mo kgwela mathe, ba mo kgwathisa ba bo ba mmolaya, le fa go ntse jalo, malatsi a le mararo moragonyana o tla tsoga.”+ 35  Bomorwa Sebede e bong Jakobe le Johane,+ ba ne ba mo atamela ba bo ba mo raya ba re: “Moruti, re batla gore o re direle sepe fela se re se go kopang.”+ 36  Jesu o ne a ba raya a re: “Lo batla gore ke lo direle eng?” 37  Ba ne ba re: “Re abele gore re nne le wena mo Bogosing jwa gago,* yo mongwe a nne ka fa seatleng sa gago sa moja mme yo mongwe ka fa go sa molema.”+ 38  Le fa go ntse jalo, Jesu o ne a ba raya a re: “Ga lo itse se lo se kopang. A lo ka kgona go nwa senwelo se ke se nwang kgotsa lwa kolobediwa ka kolobetso e ke kolobediwang ka yone?”+ 39  Ba ne ba mo raya ba re: “Re ka kgona.” Foo Jesu o ne a ba raya a re: “Lo tla nwa senwelo se ke se nwang e bile lo tla kolobediwa ka kolobetso e ke kolobediwang ka yone.+ 40  Le fa go ntse jalo, ga se nna ke tlhophang gore ke mang a tla nnang ka fa seatleng sa me sa moja kgotsa sa molema, ka gonne Rre ke ene a dirang tshwetso ya gore ke mang yo o tla nnang mo mannong ao.” 41  Fa barutwa ba bangwe ba ba lesome ba utlwa ka seno, ba ne ba galefela Jakobe le Johane.+ 42  Mme Jesu o ne a ba biletsa kwa go ene a bo a re: “Lo a itse gore ba ba tsewang e le babusi ba ditšhaba ba busa batho ka tsela e ba e batlang le balaodi ba dirisa maemo a bone go gatelela batho.+ 43  Mme lona ga lo a tshwanela go dira jalo. Mongwe le mongwe yo o batlang go nna mogolo mo go lona, o tshwanetse go nna modiredi wa lona,+ 44  e bile mongwe le mongwe yo o batlang go nna wa ntlha mo go lona, o tshwanetse go nna motlhanka wa botlhe. 45  Gonne tota le Morwa motho o ne a sa tla go direlwa, mme o ne a tletse go direla+ le go ntsha botshelo* jwa gagwe go rekolola ba le bantsi.”+ 46  Go tswa foo, ba ne ba tla mo Jeriko. Mme fa ene le barutwa ba gagwe le batho ba bantsintsi ba ne ba tswa mo Jeriko, Baratimeo (morwa Timeo), mokopi yo o foufetseng, o ne a ntse go bapa le tsela.+ 47  E rile a utlwa gore Jesu wa Monasaretha o ne a feta, o ne a goa a re: “Morwa Dafide,+ Jesu, nkutlwele botlhoko!”+ 48  Foo bontsi jwa bone ba ne ba mo kgalemela, ba mo raya ba re a didimale, le fa go ntse jalo, o ne a goa le go feta a re: “Morwa Dafide, nkutlwele botlhoko!” 49  Ka jalo, Jesu o ne a ema a bo a re: “Mmiletseng kwano.” Ba ne ba bitsa monna yoo yo o foufetseng, ba mo raya ba re: “Nna pelokgale! Ema; o a go bitsa.” 50  O ne a latlhela seaparo sa gagwe sa ka fa ntle kwa, a ema ka bonako a bo a ya kwa go Jesu. 51  Foo Jesu o ne a mo raya a re: “O batla gore ke go direle eng?” Monna yo o foufetseng o ne a mo raya a re: “Raboni,* dira gore ke kgone go bona gape.” 52  Mme Jesu o ne a mo raya a re: “Tsamaya. Tumelo ya gago e go fodisitse.”+ Ka yone nako eo, o ne a kgona go bona gape,+ mme o ne a simolola go mo sala morago.

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “kwa dikgaolong tse e leng molelwane.”
Kgotsa gongwe “ba raana.”
Seger., “mo tsamaisong e e tlang ya dilo.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Seger., “mo kgalalelong ya gago.”
Seger., “psy·kheʹ.” Bona Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Mo go kayang “Moruti.”