Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Buka ya Jobe

Dikgaolo

Lenaane la Diteng

  • 1

    • Jobe ke monna yo o se nang molato e bile o humile (1-5)

    • Satane o belaela maitlhomo a ga Jobe (6-12)

    • Jobe o latlhegelwa ke dikhumo e bile o swelwa ke bana (13-19)

    • Jobe ga a pege Modimo molato (20-22)

  • 2

    • Satane o belaela maitlhomo a ga Jobe gape (1-5)

    • Satane o letlelelwa go utlwisa Jobe botlhoko mo mmeleng (6-8)

    • Mosadi wa ga Jobe a re: ‘Tlhapatsa Modimo mme o swe.’ (9, 10)

    • Ditsala tsa ga Jobe tse tharo di a goroga (11-13)

  • 3

    • Jobe o hutsafadiwa ke go bo a tshotswe (1-26)

      • O botsa lebaka la go bo a boga (20, 21)

  • 4

    • Elifase o bua lekgetlo la ntlha (1-21)

      • O belaela gore Jobe o siame (7, 8)

      • O tlhalosa molaetsa o a o utlwileng (12-17)

      • ‘Modimo ga a ikanye batlhanka ba gagwe’ (18)

  • 5

    • Elifase o tswelela a bua (1-27)

      • “Modimo o dira gore batho ba ba botlhale ba wele mo seraing sa bone” (13)

      • ‘Jobe ga a tshwanela go gana kotlhao ya Modimo’ (17)

  • 6

    • Jobe o a araba (1-30)

      • A re go a tshwanela go bo a lela (2-6)

      • Ba ba mo gomotsang ba boferefere (15-18)

      • “Mafoko a a buiwang ka boikanyegi ga a botlhoko!” (25)

  • 7

    • Jobe o tswelela a bua (1-21)

      • Botshelo bo tshwana le tiro e motho a e patelediwang (1, 2)

      • “Ke ka ntlha yang fa o nkwaile?” (20)

  • 8

    • Biledade o bua lekgetlo la ntlha (1-22)

      • A re bana ba ga Jobe ba leofile (4)

      • ‘Fa e le gore tota o ne o itshekile, Modimo o ne a tla go sireletsa’ (6)

      • A re Jobe ga a dumele mo Modimong (13)

  • 9

    • Jobe o a araba (1-35)

      • Motho ga a ka ke a ganetsana le Modimo (2-4)

      • ‘Modimo o dira dilo tse go se nang ope yo o ka di tlhaloganyang’ (10)

      • Motho ga a ka ke a ngangisana le Modimo (32)

  • 10

    • Jobe o tswelela a bua (1-22)

      • ‘Ke eng fa Modimo a lwa le nna?’ (2)

      • Modimo o bapisiwa le Jobe (4-12)

      • ‘E kete nka imologa’ (20)

  • 11

    • Sofare o bua lekgetlo la ntlha (1-20)

      • O latofatsa Jobe a re o bua se se se nang mosola (2, 3)

      • O bolelela Jobe gore a tlogele se se sa siamang (14)

  • 12

    • Jobe o a araba (1-25)

      • “Ga ke wa maemo a a kwa tlase mo go lona” (3)

      • “Ke fetogile sengwe se se tshegisang” (4)

      • ‘Modimo o botlhale’ (13)

      • Modimo o kwa godimo ga baatlhodi le dikgosi (17, 18)

  • 13

    • Jobe o tswelela a bua (1-28)

      • ‘Bogolo nka bua le Modimo’ (3)

      • “Lo dingaka tse di se nang mosola” (4)

      • “Ke a itse gore ga ke molato” (18)

      • O botsa Modimo gore ke eng a mo tsaya e le mmaba (24)

  • 14

    • Jobe o tswelela a bua (1-22)

      • Botshelo bo bokhutshwane e bile bo tletse matshwenyego (1)

      • ‘Go na le tsholofelo le ka setlhare’ (7)

      • “E kete o ne o ka mpoloka mo Lebitleng!” (13)

      • “Fa motho a swa, a a ka tshela gape?” (14)

      • Modimo o tla tlhologelelwa tiro ya diatla tsa gagwe (15)

  • 15

    • Elifase o bua lekgetlo la bobedi (1-35)

      • A re Jobe ga a boife Modimo (4)

      • A re Jobe o iketeletsa pele (7-9)

      • “Modimo ga a ikanye baengele ba gagwe” (15)

      • ‘Motho yo o bosula o a boga’ (20-24)

  • 16

    • Jobe o a araba (1-22)

      • “Lo bagomotsi ba ba letshwenyo!” (2)

      • A re Modimo o mo kwaile (12)

  • 17

    • Jobe o tswelela a bua (1-16)

      • “Ke dikologilwe ke basotli” (2)

      • “Modimo o dirile gore batho ba ntshotle” (6)

      • “Lebitla e tla nna legae la me” (13)

  • 18

    • Biledade o bua lekgetlo la bobedi (1-21)

      • O tlhalosa se se tla diragalelang baleofi (5-20)

      • A re Jobe ga a itse Modimo (21)

  • 19

    • Jobe o a araba (1-29)

      • Ga a reetse ba go tweng ke ditsala tsa gagwe (1-6)

      • A re o latlhilwe (13-19)

      • “Mogolodi wa me o a tshela” (25)

  • 20

    • Sofare o bua lekgetlo la bobedi (1-29)

      • A re Jobe o mo tlhapaditse (2, 3)

      • A re Jobe o bosula (5)

      • A re Jobe o itumelela go dira boleo (12, 13)

  • 21

    • Jobe o a araba (1-34)

      • ‘Goreng batho ba ba bosula ba atlega?’ (7-13)

      • O senola ba ba itirang e kete ba tlile go mo gomotsa (27-34)

  • 22

    • Elifase o bua lekgetlo la boraro (1-30)

      • ‘A motho a ka thusa Modimo?’ (2, 3)

      • A re Jobe o pelotshetlha e bile o tshiamololo (6-9)

      • ‘Boela kwa Modimong mme o tla tsosolosiwa’ (23)

  • 23

    • Jobe o a araba (1-17)

      • O batla go isa kgetsi ya gagwe fa pele ga Modimo (1-7)

      • A re ga a bone Modimo (8, 9)

      • “Ke tsamaile mo tseleng ya gagwe ke sa fapoge” (11)

  • 24

    • Jobe o tswelela a bua (1-25)

      • ‘Goreng Modimo a sa tlhome nako?’ (1)

      • A re Modimo o letlelela bosula (12)

      • Baleofi ba rata lefifi (13-17)

  • 25

    • Biledade o bua lekgetlo la boraro (1-6)

      • “Motho a ka siama jang fa pele ga Modimo?” (4)

      • A re ga go na mosola fa motho a ikanyega (5, 6)

  • 26

    • Jobe o a araba (1-14)

      • “Ruri o ne wa thusa yo o se nang maatla!” (1-4)

      • ‘Modimo o lepeletsa lefatshe mo go se nang sepe’ (7)

      • “Ke maoko fela a ditiro tsa gagwe” (14)

  • 27

    • Jobe o ikemiseditse go tswelela a ikanyega (1-23)

      • “Ke tla tswelela ke ikanyega mo Modimong” (5)

      • Yo o sa dumeleng mo Modimong ga a na tsholofelo (8)

      • “Goreng se lo se buang se se na mosola jaana?” (12)

      • Ba ba bosula ba felela ba se na sepe (13-23)

  • 28

    • Jobe o farologanya matlotlo a lefatshe le botlhale (1-28)

      • Matsapa a motho a go batla ditswammung (1-11)

      • Botlhale bo gaisa diperela (18)

      • Go boifa Jehofa ke jone botlhale (28)

  • 29

    • Jobe o gopola malatsi a pele ga a nna le mathata (1-25)

      • O ne a tlotliwa kwa kgorong ya motse (7-10)

      • Dilo tse di siameng tse a neng a di dira (11-17)

      • Mongwe le mongwe o ne a reetsa fa a mo gakolola (21-23)

  • 30

    • Jobe o tlhalosa gore maemo a gagwe a ne a fetoga (1-31)

      • O sotliwa ke batho ba ba se nang mosola (1-15)

      • Go lebega Modimo a sa mo thuse (20, 21)

      • “Letlalo la me le ntshofetse” (30)

  • 31

    • Jobe o ipuelela gore o a ikanyega (1-40)

      • “Kgolagano le matlho a me” (1)

      • O kopa Modimo gore a mo kale (6)

      • Ga a tlhakanele dikobo le basadi ba bangwe (9-12)

      • Ga a rate madi (24, 25)

      • Ga a obamele medingwana (26-28)

  • 32

    • Elihu o simolola go bua (1-22)

      • O galefetse Jobe le ditsala tsa gagwe (2, 3)

      • O ne a leta ka tlotlo pele a bua (6, 7)

      • Fa motho a godile ga go reye gore o botlhale (9)

      • Elihu o swegaswega pelo gore a bue (18-20)

  • 33

    • Elihu o kgalemela Jobe ka gonne a ipona a siame (1-33)

      • Thekololo e bonwe (24)

      • Boela kwa malatsing a bosha (25)

  • 34

    • Elihu o bua ka ditsela tsa Modimo le gore Modimo o tshiamiso (1-37)

      • Jobe a re Modimo ga a mmontshe tshiamiso (5)

      • Modimo wa boammaaruri ga a dire bosula (10)

      • Jobe o tlhoka kitso (35)

  • 35

    • Elihu o bolelela Jobe gore ga a akanye sentle (1-16)

      • Jobe a re o siame thata go feta Modimo (2)

      • Modimo o kwa godimo, ga a amiwe ke boleo (5, 6)

      • Jobe o tshwanetse go leta Modimo (14)

  • 36

    • Elihu o tlotlomatsa bogolo jwa Modimo (1-33)

      • Ba ba reetsang ba a atlega; ba ba sa dumeleng mo Modimong ba tla nyelediwa (11-13)

      • ‘Ke motlhatlheledi ofe yo o tshwanang le Modimo?’ (22)

      • Jobe o tshwanetse go tlotlomatsa Modimo (24)

      • “Modimo o mogolo thata go feta kafa re ka itseng ka gone” (26)

      • Modimo o laola pula le magadima (27-33)

  • 37

    • Dilo tsa tlholego di bontsha gore Modimo o mogolo (1-24)

      • Modimo o kgona go emisa ditiro tsa motho (7)

      • ‘Sekaseka ditiro tse di gakgamatsang tsa Modimo’ (14)

      • Batho ga ba ka ke ba kgona go tlhaloganya Modimo (23)

      • Batho ga ba a tshwanela go ithaya ba re ba botlhale (24)

  • 38

    • Jehofa o ruta gore batho ga ba lekane le ene (1-41)

      • ‘O ne o le kae fa lefatshe le thaiwa?’ (4-6)

      • Bomorwa Modimo ba ne ba goa ba mmaka (7)

      • Dipotso ka dilo tsa tlholego (8-32)

      • “Melao e e laolang magodimo” (33)

  • 39

    • Diphologolo di bontsha gore motho ga a na kitso (1-30)

      • Dipodi tsa kwa dithabeng le dikgama (1-4)

      • Tonki ya naga (5-8)

      • Poo ya naga (9-12)

      • Ntšhe (13-18)

      • Pitse (19-25)

      • Segodi le ntsu (26-30)

  • 40

    • Jehofa o botsa dipotso tse dingwe (1-24)

      • Jobe a re o tswetswe molomo (3-5)

      • “A o tla belaela tshiamiso ya me?” (8)

      • Modimo o tlhalosa maatla a Behemothe (15-24)

  • 41

    • Modimo o tlhalosa Lefiathane (1-34)

  • 42

    • Jobe o araba Jehofa (1-6)

    • Ditsala tsa ga Jobe di a kgalemelwa (7-9)

    • Jehofa o busetsa Jobe dilo tse di mo latlhegetseng (10-17)

      • Bomorwa Jobe le bomorwadie (13-15)