Jeremia 31:1-40

  • Masalela a Iseraele a tla aga kwa nageng ya one gape (1-30)

    • Ragele o lelela bomorwawe (15)

  • Kgolagano e ntšha (31-40)

31  Jehofa a re, “Ka nako eo, ke tla nna Modimo wa malapa otlhe a Iseraele, mme bone ba tla nna batho ba me.”+   Seno ke se Jehofa a se buang: “Setšhaba se se falotseng tšhaka se ne sa utlwelwa botlhoko kwa nagengFa Iseraele a ne a ya kwa lefelong la gagwe la go ikhutsa.”   Jehofa o ne a iponatsa mo go nna a le kgakala a bo a re: “Ke go ratile ka lorato lo lo nnelang ruri. Ke gone ka moo ke neng ka go gogela kwa go nna ka lorato lo lo sa kgaotseng.*+   Ke sa ntse ke tla go aga sesha mme o tla agega.+ Wena kgarebane ya Iseraele, o tla letsa meropana ya gago gapeO bo o bina o itumetse.*+   O tla jala masimo a morara* gape mo dithabeng tsa Samarea;+Bajadi ba tla jala ba bo ba itumelela go ja maungo a bone.+   Gonne letsatsi le tla goroga, la fa balebeledi mo dithabeng tsa Eferaime ba tla tlhaeletsa ba re: ‘Emang, a re tlhatlogeleng kwa Siona, kwa go Jehofa, Modimo wa rona.’”+   Gonne seno ke se Jehofa a se buang: “Goelang kwa go Jakobe ka boitumelo. Goang ka boipelo ka gonne lo okametse ditšhaba.+ Itsiseng molaetsa ono; isetsang Modimo pako mme lo re,‘Ao tlhe Jehofa, boloka batho ba gago, masalela a Iseraele.’+   Ke ba busa go tswa kwa lefatsheng la bokone.+ Ke tla ba phutha mmogo go tswa kwa dikarolong tse di kgakala thata tsa lefatshe.+ Mo go bone go tla bo go na le difofu le ditlhotsa,+Mosadi yo o moimana le yo o belegang, botlhe fela. Ba tla boela fano e le phuthego e kgolo.+   Ba tla tla ba lela.+ Ke tla ba busetsa fano fa ba kopa gore ke ba amogele. Ke tla ba kaela kwa melatswaneng ya metsi,+Mo tseleng e e papietsweng e ba se kitlang ba kgopiwa mo go yone. Gonne ke Rraagwe Iseraele, mme Eferaime ke leitibolo la me.”+ 10  Lona ditšhaba, utlwang lefoko la ga Jehofa,Lo bo lo le bolele mo ditlhaketlhakeng tse di kgakala, lo re:+ “Ene yo o gasamisitseng Iseraele, o tla boa a mo phutha mmogo. O tla mo tlhokomela fela jaaka modisa a tlhokomela letsomane la gagwe.+ 11  Gonne Jehofa o tla rekolola Jakobe+E bile o tla mo golola* mo seatleng sa yo o nonofileng go mo feta.+ 12  Ba tla tla ba bo ba goa ka boitumelo mo Thabeng ya Siona+E bile ba tla itumelela bomolemo jwa ga* Jehofa,Ba tla itumelela mabele le beine e ntšha+ le leokwane,E bile ba tla itumelela dikwanyana tsa letsomane le dinamane tsa motlhape.+ Ba tla nna jaaka tshingwana e e nosediwang sentle,+E bile ga ba kitla ba tlhola ba nna bokoa gape.”+ 13  “Ka nako eo kgarebane e tla bina e itumetse,Makawana le bannabagolo le bone ba tla bina mmogo.+ Ke tla dira gore khutsafalo ya bone e fetoge boitumelo.+ Ke tla ba gomotsa ke bo ke dira gore ba itumele mo boemong jwa go hutsafala.+ 14  Ke tla naya baperesiti letlepu la dijo,*E bile batho ba me ba tla kgotsofadiwa ke bomolemo jwa me,”+ go bua Jehofa. 15  “Seno ke se Jehofa a se buang: ‘Go utlwala lentswe kwa Rama,+ selelo sa khutsafalo le go lela mo go botlhoko: Ragele o lelela bomorwawe.*+ O ganne go gomodiwa ka ntlha ya bomorwawe,Ka gonne ba sa tlhole ba le gone.’”+ 16  Seno ke se Jehofa a se buang: “‘O se ka wa lela,Ke tla go duela ka ntlha ya se o se dirileng,’ go bua Jehofa. ‘Ba tla boa ba tswa kwa lefatsheng la mmaba.’+ 17  ‘E bile go na le tsholofelo ka bokamoso jwa gago,’+ go bua Jehofa. ‘Bomorwao ba tla boela kwa nageng ya bone.’”+ 18  “Eleruri ke utlwile Eferaime a hutsafala a re,‘Ke ne ke tshwana le namane e e iseng e katisiwe,O ne wa nkotlhaya mme ke ne ka reetsa kotlhao. Mpusetse kwa go wena, mme ke tla boa ka bonako,Ka gonne o Jehofa, Modimo wa me. 19  Gonne fa ke sena go boela kwa go wena ke ne ka ikwatlhaya;+Fa ke sena go lemoga boleo jwa me, ke ne ka hutsafala thata.* Ke ne ke tlhabilwe ke ditlhong, e bile ke tlontlologile,+Ka ntlha ya ditiro tse ke neng ka di dira fa ke le mosha.’” 20  “A Eferaime ga se morwa yo o botlhokwa mo go nna, ngwana yo ke mo ratang thata?+ Gonne le fa gone ke mo kgalemela gangwe le gape, ke sa ntse ke mo gopola. Ke gone ka moo ke fuduegang maikutlo* ka ntlha ya gagwe.+ Mme eleruri ke tla mo tlhomogela pelo,” go bua Jehofa.+ 21  “Itlhomele matshwao a tsela,Mme o ipeele mesupatsela.+ Tlhoma matlho a gago mo tseleng e kgolo, tsela e o tshwanetseng go tsamaya mo go yone.+ Boa, wena kgarebane ya Iseraele, boela kwa metseng eno ya gago. 22  O tla okaoka ka lobaka lo lo kae, wena morwadi yo o sa ikanyegeng? Gonne Jehofa o bopile sengwe se sesha mo lefatsheng: Mosadi o tla latelela monna ka tlhoafalo.” 23  Seno ke se Jehofa wa masomosomo, Modimo wa Iseraele, a se buang: “Gape ba tla bua lefoko leno mo nageng ya Juda le mo metseng ya yone fa ke phutha batshwarwa ba bone: ‘E kete Jehofa a ka go segofatsa, wena lefelo la tshiamo,+ wena thaba e e boitshepo.’+ 24  Mme batho ba Juda le ba metse yotlhe ya yone ba tla nna mmogo mo go lone, balemirui le ba ba disang matsomane.+ 25  Gonne ke tla lapolosa yo o lapileng, e bile ke tla nonotsha mongwe le mongwe yo o bokoa.”+ 26  Foo ke ne ka thanya ke bo ke bula matlho, mme ke ne ke robetse monate tota. 27  Jehofa a re, “Metlha e etla ya fa ke tla jala peo* ya motho le peo ya leruo mo setšhabeng sa Iseraele le mo setšhabeng sa Juda.”+ 28  “Mme fela jaaka ke ne ke ba lebeletse gore ke ba kumole, ke ba rutlolole, ke ba dige, ke ba senye ke bo ke ba utlwise botlhoko,+ ka tsela e e tshwanang ke tla nna ke ba lebeletse gore ke ba age ke bo ke ba jale,”+ go bua Jehofa. 29  “Mo metlheng eo ga ba kitla ba tlhola ba re, ‘Borre ba ne ba ja morara o o botšarara, mme meno a barwa a ne a nna bosisi.’*+ 30  Mme ka nako eo, mongwe le mongwe o tla swela phoso ya gagwe. Ope fela yo o jang morara o o botšarara, meno a gagwe ke one a a tla nnang bosisi.” 31  “Metlha e etla,” go bua Jehofa, “e mo go yone ke tla dirang kgolagano e ntšha le batho ba Iseraele le batho ba Juda.+ 32  Ga e kitla e tshwana le kgolagano e ke neng ka e dira le borraabonemogolo mo letsatsing la fa ke ne ke ba ntsha kwa lefatsheng la Egepeto,+ ‘kgolagano ya me e ba neng ba e tlogela,+ le fa gone e ne e le nna fela mong* wa bone,’ go bua Jehofa.” 33  “Gonne eno ke kgolagano e ke tla e dirang le batho ba Iseraele morago ga metlha eo,” go bua Jehofa. “Ke tla tsenya molao wa me mo go bone,+ e bile ke tla o kwala mo dipelong tsa bone.+ Ke tla nna Modimo wa bone, mme bone ba tla nna batho ba me.”+ 34  “Mme mongwe le mongwe ga a kitla a tlhola a ruta moagelani wa gagwe e bile mongwe le mongwe ga a kitla a tlhola a ruta morwarraagwe, a re, ‘Itse Jehofa!’+ ka gonne botlhe ba tla nkitse, go simolola ka yo monnye go fitlha ka yo mogolo,”+ go bua Jehofa. “Gonne ke tla ba itshwarela molato wa bone, e bile ga nkitla ke tlhola ke gakologelwa boleo jwa bone.”+ 35  Seno ke se Jehofa a se buang,Yo o dirileng letsatsi gore go nne lesedi motshegare,Yo o dirileng melao ya ngwedi le dinaledi gore go nne lesedi bosigo,Yo o fuduang lewatle a bo a dira gore makhubu a lone a fuduege,Yo leina la gagwe e leng Jehofa wa masomosomo:+ 36  “‘E re ka melao eno e ka se ka ya palelwa,’ go bua Jehofa,‘Ditlogolwana tsa Iseraele di tla nna setšhaba fa pele ga me ka metlha.’”+ 37  Seno ke se Jehofa a se buang: “‘Fela jaaka magodimo a ka se ka a lekanngwa le metheo ya lefatshe e ka se ka ya sekasekiwa, ga nkitla ke gana ditlogolwana tsa Iseraele ka ntlha ya sotlhe se ba se dirileng,’ go bua Jehofa.”+ 38  “Bonang! Metlha e etla,” go bua Jehofa, “e mo go yone Jehofa a tla agelwang motse+ go simologa kwa Toreng ya Hananele+ go ya kwa Kgorong ya Sekhutlo.+ 39  Mme mogala o o lekanyang+ o tla tlhamalalela kwa thoteng ya Garebe, mme o tla fapogela kwa ntlheng ya Goa. 40  E bile mokgatšha otlhe* wa ditoto le wa melora,* le masimo otlhe go ya go fitlha kwa Mokgatšheng wa Kiderone,+ go ya go fitlha kwa khoneng ya Kgoro ya Dipitse+ go ela kwa botlhaba, o tla nna sengwe se se boitshepo mo go Jehofa.+ Ga o kitla o tlhola o kumolwa kgotsa o digwa.”

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Kgotsa “ke neng ka tswelela ke go bontsha lorato lo lo sa kgaotseng.”
Kgotsa “o ya go bina kwa bathong ba ba tshegang.”
Kgotsa “diterebe; moretlwa.”
Kgotsa “namola.”
Kgotsa “dilo tse di molemo tse di tswang kwa go.”
Seheb., “monono.”
Kgotsa “bana ba gagwe.”
Kgotsa “ke ne ka faphola serope sa me.”
Seheb., “mala.”
Kgotsa “losika.”
Seheb., “a ne a fela bogale.”
Kgotsa gongwe “monna.”
Kgotsa “lebala lotlhe le le kwa tlase.”
Kgotsa “melora e e mafura,” go tewa melora e e kolobeditsweng ke mafura a ditlhabelo.