Johane wa Ntlha 4:1-21

  • Lo se ka lwa dumela molaetsa mongwe le mongwe (1-6)

  • Go itse Modimo le go mo rata (7-21)

    • “Modimo ke lorato” (8, 16)

    • Motho yo o ratang Modimo ga a boife (18)

4  Baratwa, lo se ka lwa dumela mongwe le mongwe yo o reng molaetsa wa gagwe o tswa kwa godimo,*+ mme tlhatlhobang melaetsa* eo go bona gore a e tswa kwa Modimong,+ ka gonne go na le baporofeti ba maaka ba le bantsi mo lefatsheng.+  Eno ke tsela e lo tla itseng ka yone gore molaetsa o tswa kwa Modimong: Molaetsa mongwe le mongwe o o bolelang gore Jesu Keresete o ne a tla e le motho mo lefatsheng o tswa kwa Modimong.+  Mme molaetsa mongwe le mongwe o o sa boleleng gore Jesu o ne a tla e le motho, ga o tswe kwa Modimong.+ Mo godimo ga moo, ono ke molaetsa wa motho yo o ganetsang Keresete* yo lo utlwileng gore o etla,+ mme jaanong o setse a le mo lefatsheng.+  Bana ba bannye, lo ba Modimo, mme lo fentse baporofeti ba maaka,+ ka gonne yo o seoposengwe le lona+ o mogolo go feta yo o seoposengwe le lefatshe.+  Bone ke ba lefatshe;+ ke gone ka moo ba buang se se tswang mo lefatsheng e bile lefatshe le a ba reetsa.+  Rona re ba Modimo. Ope fela yo o itseng Modimo o a re reetsa;+ ope fela yo e seng wa Modimo ga a re reetse.+ Mme seno se dira gore re kgone go farologanya molaetsa o o boammaaruri le molaetsa o o seng boammaaruri.+  Baratwa, a re tsweleleng re ratana, ka gonne lorato lo tswa kwa Modimong,+ mme mongwe le mongwe yo o ratang ba bangwe ke ngwana wa Modimo e bile o itse Modimo.+  Ope fela yo o sa rateng ba bangwe ga a ise a itse Modimo, ka gonne Modimo ke lorato.+  Eno ke tsela e Modimo a neng a re bontsha lorato ka yone: O ne a romela Morwawe yo o tshotsweng a le esi+ mo lefatsheng gore re bone botshelo ka ene.+ 10  Modimo o ne a romela Morwawe gore a nne setlhabelo se se ntshediwang gore re kgone go nna le kagiso le Modimo gape.*+ O ne a dira jalo ka gonne a re ratile, e seng gore rona re mo ratile. 11  Baratwa, fa e le gore Modimo o re ratile ka tsela eno, jaanong le rona re patelesega go ratana.+ 12  Ga go na ope yo o kileng a bona Modimo.+ Fa re tswelela re ratana, Modimo o nna a na le rona mme lorato lwa gagwe lo bonala ka botlalo mo go rona.+ 13  Ka ntlha ya seno, re a itse gore re nna re le seoposengwe le ene mme le ene o seoposengwe le rona, ka gonne o re neile moya wa gagwe. 14  Mo godimo ga moo, rona ka borona re bone e bile re naya bosupi jwa gore Rara o rometse Morwawe gore a nne mmoloki wa lefatshe.+ 15  Ope fela yo o bolelang gore Jesu ke Morwa Modimo,+ Modimo o nna a le seoposengwe le motho yoo e bile le ene o nna a le seoposengwe le Modimo.+ 16  Mme re a itse e bile re dumela re sa belaele gore Modimo o a re rata.+ Modimo ke lorato,+ mme motho yo o lorato ka dinako tsotlhe o nna a le seoposengwe le Modimo e bile Modimo le ene o nna a le seoposengwe le ene.+ 17  Ka tsela eno re kgona go nna le lorato ka botlalo, gore re tle re nne le kgololesego ya go bua*+ mo letsatsing la katlholo, ka gonne mo lefatsheng leno re tshwana le Keresete. 18  Motho yo o ratang Modimo ga a boife.+ Go nna le lorato ka botlalo go dira gore re se ka ra boifa ka gonne poifo e thibela motho go dira dilo tse dintsi. Eleruri, yo o boifang ga a ise a nne le lorato ka botlalo.+ 19  Re rata ba bangwe ka gonne a re ratile pele.+ 20  Fa mongwe a re, “Ke rata Modimo,” mme a tlhoile mokaulengwe wa gagwe, o bua maaka.+ Ka gonne yo o sa rateng mokaulengwe wa gagwe,+ yo a mmonang, ga a ka ke a rata Modimo, yo a iseng a mmone.+ 21  Mme re neilwe taelo eno e e tswang kwa go ene, gore ope fela yo o ratang Modimo o tshwanetse go rata le mokaulengwe wa gagwe.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase

Seger., “meya.”
Seger., “lo se ka lwa dumela moya mongwe le mongwe.”
Seger., “moganetsakeresete.”
Kgotsa “setlhabelo se se ntshediwang go phimola maleo a rona.” Bona “Tetlanyo” mo Ditlhaloso Tsa Mafoko.
Kgotsa “re nne pelokgale.”