Bakorintha wa Ntlha 8:1-13

  • Go buiwa ka dijo tse di ntshediwang medingwana (1-13)

    • Mo go rona go na le Modimo a le mongwe fela (5, 6)

8  Jaanong ke lo kwalela ka dijo tse di ntshediwang medingwana:+ Re a itse gore rotlhe re na le kitso.+ Kitso e dira gore motho a ikgogomose, mme lorato lone lo a aga.+  Fa mongwe a akanya gore o itse sengwe, tota o a bo a ise a se itse ka tsela e a tshwanetseng go se itse ka yone.  Mme fa motho a rata Modimo, Modimo o a mo itse.  Jaanong ka ga dijo tse di ntshediwang medingwana, re a itse gore modingwana ga se sepe+ le gore go na le Modimo a le mongwe fela.+  Gonne le fa go na le ba ba bidiwang medimo, e ka tswa e le kwa legodimong kgotsa mo lefatsheng,+ fela jaaka batho ba re go na le medimo e le mentsi le barena ba le bantsi,  mo go rona go na le Modimo a le mongwe+ e bong Rara,+ yo dilo tsotlhe di tswang kwa go ene le rona re leng ba gagwe;+ e bile go na le Morena a le mongwe, e bong Jesu Keresete, yo dilo tsotlhe di leng gone ka ntlha ya gagwe, le rona re leng gone+ ka ntlha ya gagwe.  Le fa go ntse jalo, ga se batho botlhe ba ba itseng seno.+ Mme gone, e re ka bangwe ba ne ba obamela medingwana mo nakong e e fetileng, fa ba ja dijo tse di ntshediwang medingwana setlhabelo+ ba akanya ka medingwana eo, mme e re ka segakolodi sa bone se le bokoa, se a ba tshwenya.+  Mme dijo ga di kitla di dira gore re atamalane le Modimo;+ fa re sa je, ga re latlhegelwe ke sepe, mme fa re ja, ga re boelwe ke sepe.+  Le fa gone lo gololesegile go itirela ditshwetso elang tlhoko gore ga lo kgopise ba ba bokoa.+ 10  Gonne fa mongwe a ka bona wena yo o nang le kitso o ja mo tempeleng ya modingwana, a segakolodi sa motho yoo yo o bokoa ga se kitla se dira gore a nne pelokgale go ja dijo tse di ntshediwang medingwana? 11  Ka jalo, kitso ya gago e koafatsa tumelo ya motho yo o bokoa, e leng mokaulengwe wa gago yo Keresete a neng a mo swela.+ 12  Fa lo leofela bakaulengwe ba lona ka tsela eno lo bo lo gobatsa digakolodi tsa bone tse di bokoa,+ lo leofela Keresete. 13  Ka jalo, fa e le gore dijo di kgopisa mokaulengwe wa me, ga nkitla ke tlhola ke ja nama gape, gore ke se ka ka kgopisa mokaulengwe wa me.+

Dintlha Tse di Kwa Tlase