Fetela kwa tshedimosetsong

A Modimo o Tla Intshwarela?

A Modimo o Tla Intshwarela?

Karabo ya Baebele

Ee, Modimo o tla go itshwarela fa o tsaya dikgato tse di maleba. Baebele ya re Modimo “o iketleeditse go itshwarela” le gore “o tla itshwarela ka tsela e kgolo.” (Nehemia 9:17; Pesalema 86:5; Isaia 55:7) Fa a re itshwarela, o dira seo ka pelo yotlhe. Maleo a rona a ‘phimolwa’ kgotsa a sutlhwa. (Ditiro 3:19) Gape boitshwarelo jwa Modimo ga se jwa nakwana, ka gonne a re: “Boleo jwa bone ga nkitla ke tlhola ke bo gakologelwa.” (Jeremia 31:34) Fa Modimo a sena go re itshwarela, ga a nnele go re gopotsa maleo a rona kgotsa go re a otlhaela.

Le fa go ntse jalo, ga se gore fa Modimo a re itshwarela o palelwa ke go re otlhaya kgotsa gore o re rata thata. Ga a nke a fetola melao ya gagwe e e siameng. Ke gone ka moo a ganang go itshwarela maleo a mangwe.—Joshua 24:19, 20.

Ditsela tse di ka dirang gore Modimo a go itshwarele

  1. Amogela gore o tlodile molao wa Modimo ka go leofa. Le fa go ka tswa go na le bangwe ba o ba kgopisitseng, o tshwanetse go amogela pele gore o leofetse Modimo.—Pesalema 51:1, 4; Ditiro 24:16.

  2. Bolelela Modimo maleo a gago ka thapelo.—Pesalema 32:5; 1 Johane 1:9.

  3. Bontsha gore ruri o utlwisitswe botlhoko ke boleo jwa gago. “Kutlobotlhoko ka tsela ya bomodimo” e dira gore o ikwatlhaye kgotsa gore o fetole mogopolo. (2 Bakorintha 7:10) E akaretsa go ikwatlhaela dikgato tse o di tsereng gore o feleletse o leofile.—Mathaio 5:27, 28.

  4. Fetola ditiro tsa gago, ka go ‘sokologa.’ (Ditiro 3:19) Seno se ka raya gore o tlogele go boaboeletsa phoso nngwe, kgotsa gore o fetole tsela e o dirang dilo ka yone le e o akanyang ka yone.—Baefeso 4:23, 24.

  5. Tsaya dikgato go baakanya diphoso tsa gago. (Mathaio 5:23, 24; 2 Bakorintha 7:11) Kopa maitshwarelo mo go ba ba utlwisitsweng botlhoko ke se o se dirileng kana se o paletsweng ke go se dira, mme o leke go baakanya dilo ka mo o ka kgonang ka gone.—Luke 19:7-10.

  6. Kopa Modimo ka thapelo gore a go itshwarele ka setlhabelo sa ga Jesu. (Baefeso 1:7) Gore thapelo ya gago e arabiwe o tshwanetse go itshwarela ba ba go diretseng diphoso.—Mathaio 6:14, 15.

  7. Fa boleo jwa gago bo le masisi, bua le mongwe yo o tshwanelegang go go thusa semoyeng e bile a kgona go go rapelela.—Jakobe 5:14-16.

Dikgopolo tsa batho tse di phoso ka boitshwarelo jwa Modimo

“Maleo a me a mantsi thata gore Modimo a ka intshwarela.”

Modimo o ne a itshwarela Dafide fa a sena go dira boaka le go bolaya

Fa fela re latela ditaelo tsa Modimo tse di mo Baebeleng, o tla re itshwarela ka gonne bokgoni jwa gagwe jwa go itshwarela bo feta maleo a rona. O kgona go itshwarela maleo a a masisi, tota le a boaboelediwang.—Isaia 1:18.

Ka sekai, Kgosi Dafide wa Iseraele o ne a itshwarelwa fa a sena go dira boaka le go bolaya. (2 Samuele 12:7-13) Moaposetoloi Paulo le ene o ne a itshwarelwa le fa a ne a na le boikutlo jwa gore ga go na moleofi ope yo tshwanang le ene mo lefatsheng. (1 Timotheo 1:15, 16) Tota le Bajuda ba lekgolo la ntlha la dingwaga ba Modimo a neng a ba bona molato wa go bolaya Jesu, e leng Mesia, ba ne ba tla itshwarelwa fa ba ka fetola ditsela tsa bone.—Ditiro 3:15, 19.

“Fa ke ipolela maleo kwa moruting kgotsa kwa moperesiting, maleo a me a tla phimolwa.”

Ga go na ope yo o nang le dithata tsa go itshwarela motho yo o leofetseng Modimo. Motho yo o leofileng a ka bolelela mongwe maleo a gagwe gore a imologe, mme Modimo ke ene fela a ka itshwarelang.—Baefeso 4:32; 1 Johane 1:7, 9.

Fa e le gore go ntse jalo, Jesu o ne a raya jang fa a raya baaposetoloi a re: “Fa lo itshwarela maleo a batho bangwe, ba nna ba a itshwaretswe; fa lo tshwara a batho bangwe, a nna a tshwerwe”? (Johane 20:23) O ne a bua ka taolo e e kgethegileng e a neng a tla e naya baaposetoloi fa ba amogela moya o o boitshepo.—Johane 20:22.

Fela jaaka ba ne ba tshepisitswe, baaposetoloi ba ne ba amogela mpho eno fa moya o o boitshepo o ba tshelegela ka 33 C.E. (Ditiro 2:1-4) Moaposetoloi Petere o ne a dirisa taolo eno fa a ne a atlhola Ananiase le Safira. Ka kgakgamatso, Petere o ile a itse ka leano la bone la boferefere, mme katlholo ya gagwe e ne e bontsha gore boleo jwa bone ga bo kitla bo itshwarelwa.—Ditiro 5:1-11.

Mpho eno e e kgethegileng ya moya o o boitshepo le dimpho tse dingwe tse di jaaka go fodisa le go bua ka diteme, di ne tsa fela fa baaposetoloi ba sena go swa. (1 Bakorintha 13:8-10) Ka jalo ga go na motho ope gompieno yo o ka kgonang go phimola maleo a motho yo mongwe.