Fetela kwa tshedimosetsong

A Modimo o Tla Nthusa Fa ke Mo Rapela?

A Modimo o Tla Nthusa Fa ke Mo Rapela?

Karabo ya Baebele

Ee, Modimo o thusa batho ba ba mo kopang ka pelo yotlhe dilo tse di dumalanang le thato ya gagwe. Tota le fa o ise o ke o rapele, dikai tsa Baebele tsa batho ba ba ileng ba rapela ba re, “Modimo nthuse” di ka go kgothatsa. Ka sekai:

  • “A ko o nthuse Jehofa Modimo wa me; a ko o mpoloke ka fa boutlwelongbotlhoko jwa gago.”—Pesalema 109:26, Baebele e e Boitshepo.

  • “Ke a tlhoka e bile ke humanegile: Modimo, a ko o nthuse.”—Pesalema 69:6, Douay Version.

Gone ke boammaaruri gore, mokwadi wa mafoko ao o ne a na le tumelo e e nonofileng mo Modimong. Mme gone, Modimo o reetsa botlhe ba ba tlang kwa go ene ba na le boikutlo jo bo siameng, ba ba “pelo e phatlogileng” kgotsa ba ba “moya o pitlaganeng.”—Pesalema 34:18.

Ga o a tshwanela go boifa gore Modimo o kgakala thata mo a ka se kang a tshwenyega ka mathata a gago. Baebele ya re: “Jehofa o kwa godimo, mme le fa go ntse jalo o bona yo o ikokobeditseng; mme yo o ikgodisang o mo itsetse kgakala fela.” (Pesalema 138:6) Tota e bile, nako nngwe Jesu o ne a raya barutwa ba gagwe a re: “Meriri ya ditlhogo tsa lona e badilwe yotlhe.” (Mathaio 10:30) Modimo o go itse go feta kafa o ikitseng ka teng. Ruri Modimo o tla go reetsa fa o rapela o kopa gore a go thuse ka dilo tse di go tlhobaetsang!—1 Petere 5:7.