Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 7

Tsela ya go Ruta Ngwana

Tsela ya go Ruta Ngwana

“Mafoko ano a ke a go laolelang gompieno a nne mo pelong ya gago; o a jalele kwa teng mo go morwao.”—Duteronome 6:6, 7

Fa Jehofa a ne a dira thulaganyo ya lelapa, o ne a dira gore batsadi ba laole bana ba bone. (Bakolosa 3:20) E re ka o le motsadi, ke boikarabelo jwa gago go thapisa ngwana gore a rate Jehofa le gore o nne motsadi yo o molemo. (2 Timotheo 1:5; 3:15) Gape o tshwanetse go itse se se mo pelong ya morwao kgotsa morwadio. Sekao sa gago le sone se botlhokwa. O ka ruta ngwana wa gago Lefoko la ga Jehofa fa o le tsentse pele mo pelong ya gago.—Pesalema 40:8.

1 DIRA GORE BANA BA GOLOLESEGE GO BUA LE WENA

SE BAEBELE E SE BUANG: “Nna bonako go utlwa, bonya go bua.” (Jakobe 1:19) Dira gore bana ba ikutlwe ba gololesegile go bua le wena. Ba tshwanetse go itse gore o ikemiseditse go ba reetsa fa ba batla go bua le wena. Dira gore go nne go na le kagiso mo lelapeng gore ba kgone go itlhalosa ba gololesegile. (Jakobe 3:18) Fa ba akanya gore o tla ba kgadiepetsa kgotsa go ba atlhola, ba ka nna ba se ka ba gololesega go bua le wena. Nna pelotelele mo baneng ba gago mme o nne o ba tlhomamisetsa gore o a ba rata.—Mathaio 3:17; 1 Bakorintha 8:1.

SE O KA SE DIRANG:

  • Iphe nako ya go reetsa bana ba gago fa ba batla go bua le wena

  • Bua le bana ba gago ka metlha, e seng fela fa go na le mathata

2 LEKA GO TLHALOGANYA SE TOTA BA SE KAYANG

SE BAEBELE E SE BUANG: “Yo o bontshang temogo mo kgannyeng o tla bona molemo.” (Diane 16:20) Ka dinako dingwe, o tla tshwanelwa ke go tlhaloganya se mafoko a bana ba gago a se kayang gore o itse kafa tota ba ikutlwang ka gone. Basha ba rata go feteletsa dilo kgotsa go bua dilo tse tota ba sa di kayeng. “Fa ope a fetola kgang pele a e utlwa, seo ke boeleele.” (Diane 18:13) O se ka wa kgopisega ka bonako.—Diane 19:11.

SE O KA SE DIRANG:

  • Go sa kgathalesege gore ngwana wa gago o bua ka eng, ikemisetse go se mo tsene ganong kgotsa go tseega maikutlo motlhofo fa a bua

  • Leka go gopola gore o ne o ikutlwa jang fa o ne o le mosha le gore ke eng se o neng o se tsaya se le botlhokwa

3 NNANG SEOPOSENGWE

SE BAEBELE E SE BUANG: “Reetsa kotlhao ya ga rrago, morwaaka, mme o se ka wa latlha molao wa ga mmago.” (Diane 1:8) Jehofa o neile rre le mmè maikarabelo a go laola bana ba bone. O tshwanetse go ruta bana ba gago gore ba go tlotle le go go ikobela. (Baefeso 6:1-3) Bana ba kgona go lemoga fa batsadi ba se ‘mogopolo o le mongwe fela.’ (1 Bakorintha 1:10) Fa lo sa dumalane, lo se ka lwa dira gore bana ba lemoge seo ka gonne go ka dira gore ba se ka ba lo tlotla.

SE O KA SE DIRANG:

  • Tlotlang le go dumalana ka gore lo tla otlhaya bana jang

  • Fa o sa dumalane le molekane wa gago ka go thapisa bana, leka go tlhaloganya kafa a ikutlwang ka gone

4 NNANG LE THULAGANYO

SE BAEBELE E SE BUANG: “Thapisa mosimane ka tsela e e mo tshwanetseng.” (Diane 22:6) Ga go ka ke ga itiragalela fela gore bana ba gago ba rutege ka tsela e e siameng. O tshwanetse go nna le thulaganyo ya go thapisa bana e e akaretsang go ba otlhaya. (Pesalema 127:4; Diane 29:17) Go otlhaya ga go reye go itaya fela, mme go akaretsa go thusa bana go tlhaloganya mabaka a go bo go beilwe melao. (Diane 28:7) Gape, ba rute go rata Lefoko la ga Jehofa le go lemoga melaometheo e e mo go lone. (Pesalema 1:2) Seno se tla ba thusa gore ba nne le segakolodi se se siameng.—Bahebera 5:14.

SE O KA SE DIRANG:

  • Thusa bana ba gago gore ba tseye Modimo e le Motho wa mmatota yo ba ka mo ikanyang

  • Ba thuse go lemoga le go tila dikotsi tsa boitsholo, tse di jaaka tse di mo Internet le mo mafelong a mangwe a go ikgolaganya le batho. Ba rute se ba ka se dirang go tila batho ba ba sotlang bana ka thobalano

“Thapisa mosimane ka tsela e e mo tshwanetseng”