Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 1

Ikaege ka Modimo Gore Lenyalo la Gago le Itumele

Ikaege ka Modimo Gore Lenyalo la Gago le Itumele

“Yo o neng a ba bopa go tswa kwa tshimologong o ne a ba dira monna le mosadi.”—Mathaio 19:4

Jehofa * Modimo ke mothei wa lenyalo la ntlha. Baebele e re bolelela gore o ne a bopa mosadi wa ntlha a bo a “mo tlisa kwa monneng.” Adame o ne a itumetse thata mo a neng a re: “Kgabagare yono ke lerapo la marapo a me le nama ya nama ya me.” (Genesise 2:22, 23) Jehofa o sa ntse a batla gore banyalani ba itumele.

Fa o tsena mo lenyalong, o ka nna wa akanya gore dilo tsotlhe di tla apara tshiamo. Boammaaruri ke gore, monna le mosadi ba ba ratanang thata le bone ba tla lebana le mathata. (1 Bakorintha 7:28) Boroutšhara jono bo na le kgakololo e e theilweng mo Baebeleng mme fa e dirisiwa sentle, e ka dira gore lenyalo le lelapa la gago le itumele.—Pesalema 19:8-11.

1 DIRAGATSA MAIKARABELO A JEHOFA A GO A NEILENG

SE BAEBELE E SE BUANG: Monna ke tlhogo ya lelapa.—Baefeso 5:23.

Fa o le monna, Jehofa o lebeletse gore o tlhokomele mosadi wa gago ka lorato. (1 Petere 3:7) O mo dirile motlatsi wa gago e bile o batla gore o dirisane le ene ka tlotlo le ka lorato. (Genesise 2:18) O tshwanetse go rata mosadi wa gago thata o bo o ikemisetse go baya dilo tse a di tlhokang kwa pele ga tsa gago.—Baefeso 5:25-29.

Fa o le mosadi, Jehofa o lebeletse gore o tlotle monna wa gago thata le gore o mo thuse go diragatsa maikarabelo a gagwe. (1 Bakorintha 11:3; Baefeso 5:33) Mo eme nokeng mo ditshwetsong tse a di dirang o bo o dirisane le ene ka pelo yotlhe. (Bakolosa 3:18) Fa o dira jalo, o tla ratwa ke monna wa gago le ke Jehofa.—1 Petere 3:1-6.

SE O KA SE DIRANG:

  • Botsa molekane wa gago gore o ka dira jang gore o nne monna kgotsa mosadi yo o molemo. Reetsa ka kelotlhoko mme o dire sotlhe se o ka se kgonang go tokafatsa

  • Nna pelotelele. Go tla go tsaya nako go ithuta kafa o ka itumedisang molekane wa gago ka gone

2 BONTSHA GORE O AMEGA KA MAIKUTLO A MOLEKANE WA GAGO

SE BAEBELE E SE BUANG: O tshwanetse go baya dilo tse molekane wa gago a di tlhokang kwa pele ga tsa gago. (Bafilipi 2:3, 4) Dirisana le molekane wa gago sentle, o gakologelwa gore Jehofa o batla gore batlhanka ba gagwe ba nne “bonolo mo go botlhe.” (2 Timotheo 2:24) “[Puo e e sa akanyediwang e ntse jaaka] ditlhabo tsa tšhaka, mme loleme lwa ba ba botlhale ke phodiso.” Ka jalo, tlhopha mafoko fa o bua. (Diane 12:18) Moya wa ga Jehofa o tla go thusa go bua ka bopelonomi le ka lorato.—Bagalatia 5:22, 23; Bakolosa 4:6.

SE O KA SE DIRANG:

  • Rapelela go nna o ritibetse le go tila go dira ditshwetso pele o tlotla le molekane wa gago ka dikgang tse di masisi

  • Akanya ka kelotlhoko ka se o tla se buang le gore o tla se bua jang

3 NNANG MOGOPOLO MONGWE

SE BAEBELE E SE BUANG: Fa o tsena mo lenyalong, wena le molekane wa gago lo nna “nama e le nngwe.” (Mathaio 19:5) Mme lo sa ntse lo le batho ba babedi ba ba ka nnang le dikakanyo tse di farologaneng. Ka jalo, lo tshwanetse go ithuta go nna seoposengwe mo mogopolong le mo maikutlong. (Bafilipi 2:2) Go botlhokwa gore lo nne seoposengwe fa lo dira ditshwetso. Baebele ya re: “Dithulaganyo di tlhomamisiwa thata, ka kgakololo.” (Diane 20:18) Letlang melaometheo ya Baebele gore e lo kaele fa lo dira ditshwetso tsa botlhokwa.—Diane 8:32, 33.

SE O KA SE DIRANG:

  • Bolelela molekane wa gago kafa o ikutlwang ka gone e seng fela ka tshedimosetso nngwe e e rileng kgotsa ka se o se akanyang

  • Bua le molekane wa gago pele o dira ditumalano dipe

^ ser. 4 Jehofa ke leina la Modimo le le mo Baebeleng.