Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 2

Ikanyege mo Molekaneng wa Gago

Ikanyege mo Molekaneng wa Gago

“Se Modimo a se kopantseng mmogo a motho ope a se ka a se kgaoganya.”—Mareko 10:9

Jehofa o batla gore re ‘rate bopelonomi [kgotsa “boikanyegi”].’ (Mika 6:8) Seno se botlhokwa thata mo lenyalong la lona ka gonne fa go se na boikanyegi lo ka se tshepane. Mme go botlhokwa gore lo tshepane gore lorato lo gole.

Gompieno batho ga ba tshepane mo manyalong. E le gore o sireletse lenyalo la gago, o tshwanetse go ikemisetsa go dira dilo tse pedi.

1 DIRA GORE LENYALO LA GAGO LE TLE PELE

SE BAEBELE E SE BUANG: ‘Tlhomamisa dilo tse di botlhokwa thata.’ (Bafilipi 1:10) Lenyalo la gago ke sengwe sa dilo tse di botlhokwa thata mo botshelong jwa gago. Le tshwanetse go tla pele.

Jehofa o batla gore o tlhome mogopolo mo molekaneng wa gago mme lo “[itumelele] botshelo” mmogo. (Moreri 9:9) O bua ka tlhamalalo gore ga o a tshwanela go tlhokomologa molekane wa gago, go na le moo o tshwanetse go batla ditsela tsa go mo itumedisa. (1 Bakorintha 10:24) Dira gore molekane wa gago a ikutlwe a ratwa e bile a anaanelwa.

SE O KA SE DIRANG:

  • Tlhomamisa gore ka metlha o fetsa nako le molekane wa gago, o mo reeditse ka tlhoafalo mme o sa tle o akanya ka dilo tse dingwe

  • O se ka wa ikakanyetsa o le nosi, mme o akanyetse le molekane wa gago

2 DIBELA PELO YA GAGO

SE BAEBELE E SE BUANG: “Mongwe le mongwe yo o nnang a lebile mosadi mo a nnang le kgotelo ka ntlha ya gagwe, o setse a dirile boaka le ene mo pelong ya gagwe.” (Mathaio 5:28) Fa motho a nna a akanya ka boitsholo jo bo sa siamang, ka tsela nngwe ga a ikanyege mo molekaneng wa gagwe.

Jehofa a re o tshwanetse go “dibela pelo ya gago.” (Diane 4:23; Jeremia 17:9) Gore o dire jalo, o tshwanetse go disa matlho a gago. (Mathaio 5:29, 30) Etsa sekao sa tlhogo ya lotso e bong Jobe, yo o neng a dira kgolagano le matlho a gagwe gore a se ka a leba mosadi yo mongwe ka go mo eletsa. (Jobe 31:1) Ikemisetse gore le ka motlha ga o kitla o lebelela ditshwantsho tsa thobalano. Gape o ititeye sehuba gore ga o kitla o kgatlhegela motho yo e seng molekane wa gago.

SE O KA SE DIRANG:

  • Dira gore batho ba bone gore o rata molekane wa gago thata

  • Akanyetsa maikutlo a molekane wa gago, mme o fedise botsala bope fela jo bo dirang gore molekane wa gago a nne le dipelaelo