Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

KAROLO 5

Go Dirisana le ba Masika ka Kagiso

Go Dirisana le ba Masika ka Kagiso

“Aparang . . . bopelonomi, mogopolo o o ikokobeditseng, bonolo, le go itshwara ka bopelotelele.”—Bakolosa 3:12

Lenyalo le dira gore o nne le lelapa le lesha. Le fa o tla tswelela o rata batsadi ba gago le go ba tlotla, jaanong molekane wa gago e nna ene motho wa botlhokwa thata mo botshelong jwa gago. Go ka nna thata gore bangwe ba masika ba amogele seo. Le fa go ntse jalo, melaometheo ya Baebele e ka go thusa go nna tekatekano gore o kgone go dirisana le ba masika ka kagiso fa o ntse o aga lelapa la gago le lesha.

1 TSAYA BA MASIKA KA TSELA E E SIAMENG

SE BAEBELE E SE BUANG: “Tlotla rrago le mmago.” (Baefeso 6:2) Go sa kgathalesege gore o na le dingwaga di le kae, o tshwanetse go nna o tlotla batsadi ba gago. E re ka molekane wa gago a na le batsadi, le ene o tshwanetse go dira jalo. “Lorato ga lo fufege,” ka jalo o se ka wa tshosiwa ke kamano e molekane wa gago a nang le yone le batsadi ba gagwe.—1 Bakorintha 13:4; Bagalatia 5:26.

SE O KA SE DIRANG:

  • Tila go bua mafoko a a jaaka, “Ba kwa ga lona ga ba ke ba ntsaya sentle” kgotsa “Mmago ga a ke a rata se ke se dirang”

  • Leka go leba dilo ka tsela e molekane wa gago a di lebang ka yone

2 TLHOMAMA FA GO TLHOKEGA

SE BAEBELE E SE BUANG: ‘Monna o tla tlogela rraagwe le mmaagwe mme o tla ngaparela mosadi wa gagwe mme ba tla nna nama e le nngwe.’ (Genesise 2:24) Fa o tsena mo lenyalong, batsadi ba gago ba ka nna le boikutlo jwa gore ba sa ntse ba tshwanelwa ke go go tlhokomela, mme ba ka batla go tsenelela mo lenyalong la gago go feta kafa go tlhokegang ka gone.

Wena le molekane wa gago lo tshwanetse go dumalana ka gore lo tla ba beela melelwane efe lo bo lo ba itsise yone ka lorato. Lo ka bua ka tshosologo lo tlhamaletse mme lo bua ka tlotlo. (Diane 15:1) Boikokobetso, bonolo le bopelotelele di tla lo thusa gore lo nne le kamano e e molemo le ba masika a lona le gore lo tswelele lo “itshokelana ka lorato.”—Baefeso 4:2.

SE O KA SE DIRANG:

  • Fa o tshwenyega ka tsela e ba masika ba tsenelelang mo botshelong jwa lona ka yone, bua le molekane wa gago ka kgang eno fa lo ritibetse

  • Dumalanang gore lo tla lebana jang le maemo ano