Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Ke Eng se ke Tshwanetseng go se Itse ka go Sotliwa ka Thobalano?—Karolo 1: Go Tila Dikotsi

Ke Eng se ke Tshwanetseng go se Itse ka go Sotliwa ka Thobalano?—Karolo 1: Go Tila Dikotsi

 Go sotliwa ka thobalano ke eng?

 Le fa gone molao o tlhalosa “tshotlo ya thobalano” ka go farologana go ya ka mafelo, gantsi e kaya thobalano ntle le tetla ya motho yo mongwe, gongwe go dirisiwa dikgoka. Go ka akaretsa dilo tse di jaaka go sotla bana ka tsa thobalano, thobalano le ba masika, petelelo kgotsa go tsiediwa ke mongwe yo o ka mo tshepang—gongwe e ka nna ngaka, morutabana kgotsa moruti e le fela gore a tlhakanele dikobo le wena. Batswasetlhabelo bangwe ba dilo tseno ba a tshosediwa gore ba se ka ba bolelela ope ka se se ba diragaletseng.

 Ngwaga le ngwaga Batho ba feta 250 000 kwa United States fela, ba bega fa ba sotlilwe ka thobalano. Mo e ka nnang halofo ya batho bano, dingwaga tsa bone di fa gare ga 12 le 18.

 Se o tshwanetseng go se itse

  •   Baebele e kgala go sotla ka thobalano. Baebele e bua ka segopa se se neng se tlhakantswe tlhogo ke thobalano se batla go betelela banna ba babedi ba ba neng ba etetse motse wa Sodoma dingwaga di ka nna 4 000 tse di fetileng. Tiragalo eo e bontsha sentle gore goreng Jehofa a ile a nyeletsa motse oo. (Genesise 19:4-13) Gape Molao o o neng o neilwe Moshe dingwaga di ka nna 3 500 tse di fetileng o ne o sa letlelele go tlhakanela dikobo le ba masika le go sotla ba lelapa ka thobalano.—Lefitiko 18:6.

  •   Gantsi o sotliwa ka thobalano ke mongwe yo o mo itseng. Buka ya Talking Sex With Your Kids ya re: “Mo bathong ba le bararo ba ba betelelwang, ba le babedi ba itse motho yo o ba beteletseng. Ga se ope fela yo ba sa mo itseng.”

  •   Go sotliwa ka thobalano go diragalela banna le basadi. Kwa United States, diperesente di le lesome tsa batswasetlhabelo ke banna. Go ya ka mokgatlho wa Rape, Abuse & Incest National Network (RAINN), Batswasetlhabelo ba banna “ba ka nna ba tshaba gore ba tla nna di-gay” kgotsa gore “ga se ‘banna ba sepe.’”

  •   Ga go gakgamatse go bo tshotlo ya thobalano e anama. Baebele e ne ya bolelela pele gore mo “metlheng ya bofelo” batho ba le bantsi ba tla bo ba se na “lorato lwa tlholego” ‘ba le bogale jo bo tshabegang’ e bile ‘ba se na boikgapo.’ (2 Timotheo 3:1-3) Mekgwa eno e bonala sentle mo bathong ba ba lekang go ikgotsofatsa ka go sotla ba bangwe ka thobalano.

  •   Go sotliwa ka thobalano ga se molato wa motswasetlhabelo. Ga go ope yo o tshwanetseng go sotliwa ka thobalano. Motho yo o molato ke yo o sotlang ba bangwe ka thobalano. Le fa go ntse jalo, o ka dira sengwe go leka go itshireletsa gore o se ka wa sotliwa ka tsa thobalano.

 Se o ka se dirang

  •   Nna o ipaakantse. Itse se o ka se dirang fa mongwe​—tota le motho yo o ratanang le ene kgotsa wa losika, a leka go go pateletsa go robalana le ene. Lekgarebe lengwe le le bidiwang Erin la re go ipaakanyetsa seemo sengwe le sengwe se se ka go gatelelang, dira motshameko wa dilo dingwe tse di ka go diragalelang, mme o ipaakanyetse gore o tla dirang fa seo se direga. Erin a re: “Seo se ka lebega e kete ke boeleele fela, mme gone se tla go thusa gore o se ka wa nna motswasetlhabelo.”

     Baebele ya re: “Jalo nnang lo tlhokometse ka kelotlhoko e kgolo gore kafa lo tsamayang ka gone ga se jaaka batho ba ba seng botlhale mme ke jaaka ba ba botlhale,. . . ka gonne malatsi a bosula.”—Baefeso 5:15, 16.

     Ipotse jaana: ‘Ke ne ke tla dirang fa mongwe a ntshwara ka tsela e e dirang gore ke ikutlwe ke sa phuthologa?’

  •   Loga leano la go sia. Mokgatlho wa RAINN o akantsha gore o “dumalane le ditsala tsa gago kgotsa ba lelapa la gago ka gore o tla dirisa lefoko lefe fa o ba founela go ba bolelela fa motho yo o nang le ene a dira gore o ikutlwe o sa phuthologa, mme ene a sa itse. Go tswa foo, ditsala tsa gago kgotsa ba losika ba tla tla go go tsaya kgotsa ba tla dira seipato sa gore o tsamaye.” Go tila maemo a a kotsi go tla dira gore o se ka wa feleletsa o utlwile botlhoko.

     Baebele ya re: “Yo o botlhale ke yo o boneng masetlapelo a bo a iphitlha, ba ba se nang maitemogelo ba fetile mme ba tla boga matswela a a botlhoko.”—Diane 22:3.

     Ipotse jaana: ‘Ke na le leano lefe la go sia?’

    Loga leano la go sia

  •   Baya melelwane mme o se ka wa e tlola. Ka sekai fa e le gore o ratana le mongwe, bua le ene ka gore ke eng se lo ka se dirang fa lo le mmogo le gore ke eng se lo sa tshwanelang go se dira. Fa motho yoo a tsaya gore go baya melelwane ke boeleele, batla yo mongwe yo o ka ratanang le ene—yo o tla tlotlang melelwane ya gago.

     Baebele ya re: “Lorato . . . ga lo itshware ka tsela e e sa tshwanelang, ga lo ipatlele melemo ya lone fela.”—1 Bakorintha 13:4, 5.

     Ipotse gore: ‘Ke na le mekgwa e e ntseng jang ya boitsholo? Ke boitsholo bofe jo bo sa siamang?’