Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Goreng ke Tshwanetse go ja Dijo Tse di Nang le Dikotla?

Goreng ke Tshwanetse go ja Dijo Tse di Nang le Dikotla?

 O a itse gore go ja dijo tse di senang dikotla go ka go lwatsa. Ngwana yo o jang dijo tse di senang dikotla go ka direga gore le fa a godile a tswelele ka mokgwa oo, ka jalo go botlhokwa go itlwaetsa go ja dijo tse di nang le dikotla gone jaanong.

 Dijo tse di nang le dikotla ke eng?

 Baebele ya re re nne “tekatekano mo mekgweng,” seno se akaretsa le ka fa re jang ka gone. (1 Timotheo 3:11) O akantse ka molaomotheo ono wa Baebele go botlhokwa go itse gore . . .

  •   Dijo tse di nang le dikotla di akaretsa mefuta yotlhe ya dijo. Mefuta e metlhano ya dijo e akaretsa tse di dirilweng ka mashi, diporoteini, maungo, merogo, le dijo tsa ditlhaka. Batho bangwe ba tlogela go ja mofuta mongwe wa dijo ka gonne ba akanya gore go dira jalo go tla ba thusa go fokotsa mmele. Fa o dira jalo mmele wa gago ga o kitla o nna le dikotla tse o di tlhokang.

     Leka seno: Itirele dipatlisiso kgotsa o ye kwa ngakeng fa o batla go itse gore goreng go le botlhokwa go ja mofuta mongwe wa dijo. Ka sekai:

     Dikhabohaetereite di ka go naya maatla. Diporoteini di ka thusa mmele wa gago go lwantsha malwetse gape di ka thusa di-tissue tsa gago go intšhafatsa. Dijo dingwe tse di nang le mafura di ka dira gore o se ka wa tshwarwa ke malwetse a pelo le gore o nne matlhagatlhaga.

     “Ke leka go ja mefuta e e farologaneng ya dijo. Ga ke akanye gore go phoso gore nako nngwe ke je di-sweets kgotsa dijo tsa kwa diresetšhurenteng. Mme seo ga se reye gore re tshwanetse go ja tsone fela. Re tshwanetse go nna tekatekano.”—Brenda.

    Dijo tse di senang dikotla di tshwana le setulo se se tlhaelang leoto le le lengwe

  •   Tlogela go itima dijo. Seno se akaretsa go se je dijo tse di lekaneng, kgotsa go itima dijo mme o bo o ja thata kgantele, kgotsa go itima dilo dingwe tse o di ratang.

     Leka seno: Iphe sebaka sa kgwedi mme o ele tlhoko dilo tse o di jang. A o kile wa dira dilo tse re buileng ka tsone fa godimo? Ke eng se o tlhokang go se dira gore o je dijo tse di nang le dikotla?

     “Go na le malatsi a ke neng ke ja thata ka one, mme malatsi a mangwe ke ne ke itima dijo. Ke ne ka emisa go bala dikalori mo dijong tse ke neng ke di ja, ke sa je thata mme ke emisa go ja fa ke ikutlwa ke kgotse. Go ne ga tsaya nako gore ke simolole go ja dijo tse di nang le dikotla.”—Hailey.

 Nka thusiwa ke eng gore ke je dijo tse di nang le dikotla?

  •   Rulaganya gore o tla ja eng. Baebele ya re: “Dithulaganyo tsa yo o tlhoafetseng ruri di solegela molemo.” (Diane 21:5) Gore o kgone go ja dijo tse di siameng tse di nang le dikotla o tshwanetse wa di rulaganya.

     “Go le gantsi dijo tse di nang le dikotla ke tse o tshwanetseng go di apaya kwa lapeng. Mme go tlhoka gore o di rulaganye le fa gone go se motlhofo go ka go tswela mosola ga ba ga go bolokela le madi.”—Thomas.

  •   Tlhopha go ja dijo tse di nang le dikotla. Baebele ya re: “Dibela botlhale jo bo mosola.” (Diane 3:21) Go nna botlhale go tla go thusa go akanya ka ditsela tse o ka di dirisang gore o itumelele go ja dijo tse di nang le dikotla.

     “Ke ile ka tlhopha go ja dijo tse di nang le dikotla fela. Ka sekai, fa ke eletsa go ja di-sweets, ke ne ke tlhopha go ja apole. Go ise go ye kae ke fa ke setse ke ja dijo tse di nang le dikotla fela!”—Kia.

  •   Nna tekatekano mo dilong tse o eletsang go di fitlhelela.Baebele ya re: “O je dijo tsa gago ka boipelo.” (Moreri 9:7) Go ja dijo tse di nang le dikotla ga go reye gore o se ka wa itumelela go ja dijo dingwe, gape ga go reye gore o nne o tshwenyegile ka dijo tse o di jang. Le fa gone o batla go fokotsa mmele, gakologelwa gore o tshwanetse go nna o itekanetse mo mmeleng. Nna tekatekano mo dilong tse o eletsang go di fitlhelela.

     “Bosheng jaana ke kgonne go fokotsa dikilogerama di le 13.61, ke sa ipolaisa tlala, ke sa tlogela go ja mofuta mongwe o o rileng wa dijo mme gape ke sa ikutlwe molato ka gonne ke jele dessert. Ke lemogile gore, go fokotsa mmele ga se selo se se diregang ka bonako mme go ne go tlhokega gore ke fetole tsela e ke jang ka yone.”—Melanie.