Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Ke Direng fa Tsala Ya me E Nkutlwisitse Botlhoko?

Ke Direng fa Tsala Ya me E Nkutlwisitse Botlhoko?

 Se o tlhokang go se itse

  •   Ga go na ditsala tse di se nang mathata. Rotlhe re dira diphoso, ka jalo, tsala ya gago e ka nna ya bua kgotsa ya dira sengwe se se ka go utlwisang botlhoko. Nnete ke gore le wena o kile wa utlwisa mongwe botlhoko.—Jakobe 3:2.

  •   Internet e ka dira gore go nne motlhofo go utlwa botlhoko. Ka sekai, lekawana lengwe le le bidiwang David la re: “Fa o le mo Internet o bo o bona difotho tsa tsala ya gago a le kwa phathing, o ka nna wa ipotsa gore goreng wena o sa lalediwa. Seo se ka go utlwisa botlhoko le go dira gore o se ka wa tlhola o tshepa tsala ya gago.”

  •   O ka ithuta go baakanya bothata.

 Se o ka se dirang

 Ipotse gore o motho wa mofuta mang. Baebele ya re: “O se ka wa itlhaganelela go kgopisega . . . gonne go kgopisega go nna mo sehubeng sa dimatla.”—Moreri 7:9.

 “Ka dinako tse dingwe o lemoga gore selo se se go utlwisitseng botlhoko ga se botlhokwa go le kalo.”—Alyssa.

 Ipotse jaana: A ke kgopisega ka bonako? A nka ithuta go itshokela batho ba bangwe?—Moreri 7:21, 22.

 Go itshwarela ba bangwe go a thusa. Baebele ya re: “Ke bontle . . . go tlhokomologa tlolo.”—Diane 19:11.

 “Fa motho a go utlwisitse botlhoko, mo itshwarele mme o se ka wa mo tshwara ka pelo le go batla gore a nne a kopa maitshwarelo nako le nako fa kgang eo e tlhaga gape. Fa o itshwaretse motho, lebala ka se a go dirileng sone.”—Mallory.

 Ipotse jaana: A selo se a se dirileng se maswe go le kalo? A nka mo itshwarela gore go nne le kagiso?—Bakolosa 3:13.

Go bua ka bothata bongwe le bongwe, go tshwana le go nnela go bula kgoro o tsenya phefo e e tsididi mo kamoreng e e bothito

 Akanyetsa motho yo mongwe. Baebele ya re: “Lo tlhokomela, e seng go kgatlhegela dilo tse di amang lona fela, mme gape go kgatlhegela le dilo tse di amang ba bangwe.”—Bafilipi 2:4.

 “Fa ditsala di ratana e bile di tlotlana, go nna motlhofo gore ba baakanye dilo ka bonako ka gonne boobabedi ga ba batle gore botsala jwa bone bo fele.”—Nicole.

 Ipotse jaana: A nka leka go tlhaloganya tsela e tsala ya me e ikutlwang ka yone?—Bafilipi 2:3.

 Ntlha ya botlhokwa ke gore: Go ithuta gone jaanong gore o tshwanetse go dirang fa motho a go utlwisitse botlhoko, go tla go thusa le fa o setse o godile.