Fetela kwa tshedimosetsong

Ke Eng fa Batsadi Ba me Ba Gana ke Ijesa Monate?

Ke Eng fa Batsadi Ba me Ba Gana ke Ijesa Monate?

Akanya ka seemo seno:

O batla go ya moletlong, mme ga o tlhomamisege gore a batsadi ba gago ba tla go letla go ya. O ka tlhopha go dira jang?

  1.  O SE KA WA BA KOPA—TSAMAYA FELA

  2.  O SE KA WA BA KOPA—O SE KA WA TSAMAYA

  3.  BA KOPE—MME O UTLWE GORE BA RENG

 1. O SE KA WA BA KOPA—TSAMAYA FELA

 Lebaka la go bo o ka akanyetsa go dira seno: O batla go bontsha ditsala tsa gago gore o kgona go itaola. O akanya gore o itse go feta batsadi ba gago, kgotsa ga o tlotle tsela e ba lebang dilo ka yone.—Diane 14:18.

 Ditlamorago: Ditsala tsa gago di ka nna tsa kgatlhega, mme gape di tla lemoga sengwe ka wena, gore o leferefere. Fa e le gore o ka tsietsa batsadi ba gago, le ditsala tsa gago o ka di tsietsa. Fa batsadi ba gago ba ka utlwa, ba ka nna ba utlwa botlhoko mme ba ikutlwa ba tsieditswe ba bo ba sa tlhole ba dumela o ya gope!—Diane 12:15.

 2. O SE KA WA BA KOPA—O SE KA WA TSAMAYA

 Lebaka la go bo o ka akanyetsa go dira seno: O akanya ka taletso eno mme o bo o dira tshwetso ya gore tiragalo e o laleditsweng kwa go yone ga e tsamaisane le melaometheo e o tshelang ka yone kgotsa gore bangwe ba batho ba ba laleditsweng ga se ditsala tse di molemo. (1 Bakorintha 15:33; Bafilipi 4:8) Kafa letlhakoreng le lengwe, o ka tswa o batla go ya mme o se na bopelokgale jwa go kopa batsadi ba gago.

 Ditlamorago: Fa o sa tsamaye ka gonne o itse gore ga go molemo, o tla kgona go araba ditsala tsa gago o tlhatswegile pelo. Mme fa o sa ye fela ka gonne o se na bopelokgale jwa go kopa batsadi ba gago, o ka nna wa feleletsa o ntse kwa gae ka pelo e e botlhoko, o akanya gore ke wena fela o sa jeng monate.

 3. BA KOPE—MME O UTLWE GORE BA RENG

 Lebaka la go bo o ka akanyetsa go dira seno: O amogela gore o mo taolong ya batsadi ba gago e bile o tlotla tsela e ba lebang dilo ka yone. (Bakolosa 3:20) O rata batsadi ba gago mme ga o batle go ba utlwisa botlhoko ka go ngwega ba sa itse. (Diane 10:1) Gape o ka nna le tshono ya go tlhalosa maikutlo a gago.

 Ditlamorago: Batsadi ba gago ba tla lemoga gore o a ba rata e bile o a ba tlotla. Mme fa ba bona kopo ya gago e utlwala, ba ka nna ba dumela.

Lebaka La go Bo Batsadi ba ka Gana

Fela jaaka bafalotsi ba ba mo losing lwa lewatle, batsadi ba gago ba kgona go bona kotsi botoka go go feta

 Lebaka lengwe le ka tshwantshiwa jaana: Fa o ne o kgona go itlhophela, o ne o ka batla go thuma mo lefelong le le nang le bafalotsi ba ba thusang batho gore ba se ka ba nwela. Ka ntlha yang? Ka gonne fa o ntse o le mo metsing o ijesa monate, ga o kgone go bona dikotsi tsotlhe tse di ka tlhagang. Mme bafalotsi bone, ba mo lefelong le le botoka le le ba thusang go bona dikotsi sentle. Ka tsela e e tshwanang, e re ka batsadi ba gago ba na le kitso le maitemogelo, ba ka tswa ba bona dikotsi tse wena o sa kgoneng go di bona. Fela jaaka bafalotsi ba ba fa losing lwa lewatle, boikaelelo jwa batsadi ba gago ga se go go senyetsa monate, mme ke go go thusa go tila dikotsi tse di ka go sulafaletsang boitumelo mo botshelong.

 Lebaka le lengwe ke le: Batsadi ba gago ba eletsa thata go go sireletsa. Lorato lo ba tlhotlheletsa go dumela fa go kgonega le go gana fa go tshwanela. Fa o ba kopa tetla ya go dira sengwe, ba ipotsa gore a ba ka go naya tetla ya go dira se o se kopang ba bo ba kgona go lebana le ditlamorago tsa teng. Ba tla dumela gore ba ka kgona—e bile ba tla go naya tetla—fa fela ba tlhatswegile pelo gore tota ga go na sepe se se kotsi se se tla go diragalelang.

Se o Ka se Dirang Gore Batsadi ba Gago ba go Neye Tetla

Seo o ka se dirang

 Go ikanyega: Ipotse jaana ka: ‘Tota ke eng fa ke batla go tsamaya? A ruri se se dirwang koo ke a se rata kgotsa ke fela gore ke batla gore ditsala tsa me di nkamogele? A ke ka gonne mongwe yo ke mo kgatlhegelang o tla bo a le teng?’ Go tswa foo, bolelela batsadi ba gago boammaaruri. Ba kile ba nna basha mme ba go itse sentle. Ka jalo, le fa o ka reng, ba tla lemoga maitlhomo a gago. Ba tla anaanela boikanyegi jwa gago mme le wena o tla solegelwa molemo ke botlhale jwa bone. (Diane 7:1, 2) Kafa letlhakoreng le lengwe, fa o sa ikanyege, o dira gore ba se ka ba go tshepa e bile o fokotsa ditshono tsa gore ba go neye tetla.

 Nako e e siameng: E se ka ya re batsadi ba gago ba sa ntse ba goroga mo lapeng ba tswa tirong kgotsa ba tlhomile mogopolo mo dilong tse dingwe, o bo o setse o ba tlhasela o kopa dilo tse dintsintsi. Bua le bone ka nako e o bonang e kete ba iketlile. Le fa go ntse jalo, o se ka wa emela motsotso wa bofelo e bo e le gone o lekang go ba pateletsa gore ba go neye tetla. Batsadi ba gago ga ba ka ke ba itumelela go dira tshwetso ya lepotlapotla. Ba kope di tloga fela, o ba fe nako e e lekaneng ya go akanyetsa kgang.

 Dintlha ka botlalo: Opa kgomo lonaka. Ba tlhalosetse ka botlalo se o batlang go se dira. Batsadi ga ba kgotsofale fa o ba araba ka gore “Ga ke itse,” segolobogolo fa ba go botsa gore: “Ke bomang ba ba tla bong ba le koo?” “A go tla bo go na le mogolo mongwe yo o ikarabelelang?” kgotsa “O tla tla gae nako mang?”

 Boikutlo jwa gago: O se ka wa tsaya batsadi ba gago jaaka baba ba gago. Ba lebe jaaka badirimmogo le wena—ka gonne tota ba batla go go thusa. Fa o tsaya batsadi ba gago e le ditsala tsa gago, o ka se utlwale e kete o a lwa mme le bone ba ka dirisana le wena sentle.

 Bontsha batsadi ba gago gore o godile sentle mo o ka amogelang tshwetso ya bone le go e tlotla. Fa o dira jalo, ba tla go tlotla. Mme mo nakong e e tlang, ba ka leka go bona ditsela tsa gore ba go neye tetla.