Fetela kwa tshedimosetsong

BASHA BA BOTSA JAANA

Ke Dire Eng fa Batsadi Ba me Ba Gana ke Dirisa Social Media?

Ke Dire Eng fa Batsadi Ba me Ba Gana ke Dirisa Social Media?

 Go lebega e kete ditsala tsa gago tsotlhe di dirisa social media, mme ba rata go tlotla thata ka yone. Gongwe ba a go tshega ka gonne o sa e dirise. Ke eng se o tshwanetseng go se itse ka seemo seno? Mme o ka dira eng?

Se o tlhokang go se itse

 Ga se wena fela. Bontsi jwa batsadi ga ba letlelele bana ba bone go dirisa social media. Gongwe ka gonne ba itse gore e amana le dilo tse di latelang:

  •   go gatelelwa mo maikutlong kgotsa malwetse a mangwe a tlhaloganyo.

  •   ditshwantsho kgotsa dibidio tsa thobalano, melaetsa e e tsosang maikutlo a thobalano, le go kgerisiwa ke ba bangwe mo social media.

  •   dikgotlhang magareng ga ditsala.

 Basha ba le bantsi ba ile ba tlhopha go tlogela go dirisa social media. Ba ile ba lemoga gore e ba bakela mathata a le mantsi. Ela tlhoko dikai tseno:

  •   Priscilla o ile a lemoga gore o senya nako e ntsi mo social media, e a ka bong a e dirisetsa sengwe se se botoka.

  •   Jeremy o ne a sa rate kgang ya gore ga a kgone go thibela dilo tse di sa siamang gore di se ka tsa tlhagelela mo founong ya gagwe.

  •   Bethany o ile a lemoga gore social media e ne e dira gore a akanye thata ka se batho ba bangwe ba se dirang.

 “Ke ile ka tsaya tshwetso ya go phimola social media mo founong ya me, mme ke itumelela go bo ke dirile jalo. Ga ke e tswele pelo, mme ke itumelela gore ke na le nako e e ntsi ya go dira dilo tse ke di tsayang di le botlhokwa.”—Sierra.

 “Ke ne ke sa rate ka fa social media e ka tshwakgolang motho ka gone, mme gape ka dinako dingwe ke ne ke tshwenngwa ke gore batho ba tla reng ka se ke se posetileng. Go ne go se bonolo gore ke phimole akhaonto ya me, mme morago ga gore ke dire jalo ke ile ka imologa. Fa e sa le ke e phimola, ke na le kagiso e kgolo.”—Kate.

O ka dira eng?

 Ikobele melao ya batsadi ba gago. Ba bontshe gore o kgona go tshela ka melao ya bone ntle le go tenega kgotsa go ngongorega.

 Molaomotheo wa Baebele: “Motho yo o sematla o ntsha bogale jwa gagwe jotlhe, Mme yo o botlhale o a ritibala a bo a bo thibela.”—Diane 29:11, Baebele ya Thanolo ya Lefatshe le Lesha.

 Bangwe ba ka nna ba go bolelela gore o dirise social media batsadi ba gago ba sa itse kgotsa o bule akhaonto mo sephiring. Seo e tla bo e le phoso! Go dira dilo mo sephiring go tla dira gore o ikutlwe molato le gore o tlhobaele. Fa batsadi ba gago ba ka itse ka se o se dirang, o ka tsena mo mathateng e bile ba ka se tlhole ba go tshepa.

 Molaomotheo wa Baebele: “Nnang lo re rapelela, ka gonne re dumela gore re na le segakolodi se se ikanyegang, e bile re eletsa go ikanyega mo dilong tsotlhe”—Bahebera 13:18.

 Itirele tshwetso. Jaaka basha ba go tlotlilweng ka bone, le wena o ka tswa o na le mabaka a mantsi a a ka dirang gore o batle go tlogela social media. Fa e le gore o lemoga gore social media ga e a go siamela e tlogele, e seng fela ka gonne batsadi ba gago ba re o dire jalo mme ka ntlha ya gore o lemoga gore ga e a siama. Fa o dira jalo o ka se tlhabiwe ke ditlhong fa dithaka tsa gago di go botsa ka social media, gape ba ka se nne le tshono e ntsi ya go dira metlae ka wena ka go bo o sa e dirise.

 Selo sa botlhokwa: Dirisana le batsadi ba gago mme lo dire tshwetso e lo dumalanang ka yone. O ka kgona go dirisa social media mo nakong e e tlang mme se lebale gore gone jaanong o ka kgona go tshela ntle le yone.