Fetela kwa tshedimosetsong

Go Thusa Lelapa

Karolo eno e na le ditlhogo tse di nang le kgakololo e e theilweng mo Baebeleng e e ka thusang malapa. a Fa o batla go bona ditlhogo tse di oketsegileng tse di ka thusang malapa, bona karolo ya Lenyalo le Lelapa.

a Mo ditlhogong tseno, maina a batho bangwe ba ba nopotsweng a fetotswe.

Lenyalo

Nka Dira Jang Gore ke Nne Pelotelele?

Fa batho ba babedi ba ba sa itekanelang ba nyalana, go tlile go nna le mathata. Ka jalo, gore lenyalo la bone le atlege ba tlhoka go nna pelotelele.

Ditsela Tsa go Bontshana Tlotlo

Go bontsha tlotlo mo lenyalong ga se selo se se tshwanetseng go dirwa sewelo; ke karolo ya botlhokwa thata ya lenyalo. O ka bontsha jang molekane wa gago tlotlo?

Go Bontsha Gore o a Leboga

Fa monna le mosadi ba lemoga dilo tse di molemo tse mongwe le mongwe wa bone a nang le tsone ba bo ba akgolana, lenyalo la bone le a nonofa. Ke eng se se ka go thusang go bontsha gore o a leboga?

Go Bontshana Lorato

Banyalani ba ka bontshana jang gore ba a ratana? Bona ditsela tse nnê tse Baebele e reng ba ka dira seo ka tsone.

Go Nonotsha Maitlamo

A maitlamo ke go ikgolega kgotsa ke tshetledi e e ka nonotshang lenyalo la lona?

Tsela ya go Laola Tiriso ya Madi

O se ka wa leta go fitlha o sa tlhole o na le madi gore o akanye ka tsela e o dirisang madi ka yone. Ithute go laola madi pele go senyega.

Go Dirisana le Batsadi ba Molekane wa Gago

Dikakantsho tse tharo tse di ka go thusang go rarabolola mathata a go dirisana le batsadi ba molekane wa gago.

Fa lo Sa Dumalane

Banyalani ba ka rarabolola jang kgotlhang ba sa utlwisana botlhoko?

Fa lo Rata Dilo Tse di sa Tshwaneng

A o kile wa ikutlwa e kete wena le molekane wa gago ga lo tshwanelane?

Kafa o ka Tlogelang go Boloka Sekgopi ka Gone

Go itshwarela molekane wa gago ka ntlha ya sengwe se se utlwisang botlhoko se a se dirileng, a o tshwanetse go fokotsa bomasisi jwa gone kgotsa le e leng go dira e kete ga go ise go ke go direge?

Go Tila go Phatloga ka Bogale

Go phatloga ka bogale go kotsi mme go itira e kete ga o a galefa le gone go kotsi. O tshwanetse go dirang fa motho yo o nyalaneng le ene a go tena?

Fa Bana ba Dule mo Lapeng

Banyalani bangwe ba lebana le dikgwetlho tse dikgolo fa bana ba bone ba setse ba godile e bile ba dule mo lapeng. Batsadi ba ka dira eng go lebana le maemo ao?

Fa Botsala bo Setse bo Fetelela

A o ipolelela go re, ‘Re ditsala fela?’ Fa go le jalo, sekaseka melaometheo ya Baebele go bona gore ya reng ka go leba dilo jalo.

Fa o Swabisitswe ke Lenyalo la Gago

A gone jaanong wena le molekane wa gago lo ntse jaaka e kete lo mo kgolegelong mmogo go na le go itumela mmogo? Go na le ditsela tse tlhano tse di ka thusang lenyalo la gago.

Puisano

O ka Dirisa Thekenoloji Jang?

Tsela e re dirisang thekenoloji ka yone e ka koafatsa lenyalo la rona kgotsa ya le nonotsha. Thekenoloji e ka ama lenyalo jang?

Go Tlotla ka Mathata

Go na le ditsela tse di farologaneng tsa banna le tsa basadi tsa go tlotla. Go tlhaloganya pharologano eno go ka fokotsa dikgotlhang.

Tsela ya go Nna Moreetsi yo o Molemo

Go reetsa ka kelotlhoko ga se bokgoni fela, mme ke tsela ya go bontsha lorato. Ithute kafa o ka nnang moreetsi yo o botoka ka gone.

Kafa o ka Ineelang ka Gone

Dilo tse nné tse di ka thusang wena le molekane wa gago go rarabolola mathata le go tila go ngangisana.

Kafa lo ka Kgaotsang go Ngalelana ka Teng

Go tla jang gore banyalani bangwe ba felele ba ngalelane, mme ba ka dirang go rarabolola dikgotlhang tsa bone?

Tsela ya go Kgaotsa go Ngangisana

A wena le molekane wa gago lo nnela go ngangisana? Ithute kafa melaometheo ya Baebele e ka namolang lenyalo la lona ka teng.

Kafa o ka Tilang go Bua Mafoko a a Tlhabang ka Gone

O ka dira eng fa e le gore wena le molekane wa gago lo letlile gore puo e e utlwisang botlhoko e senye kamano ya lona?

Go Kopa Maitshwarelo

Go tweng fa e se nna fela ke leng phoso?

Kafa o ka Itshwarelang ka Gone

Ke eng fa go ka nna thata jaana go itshwarela? Bona kafa kgakololo ya Baebele e ka thusang ka gone.

Go Godisa Bana

O ka Nna Jang Rre yo o Molemo?

Tsela e o tshwarang mosadi wa gago ka yone gone jaanong e bontsha gore o tla nna rre yo ntseng jang fa ngwana wa gago a sena go tsholwa.

Fa Ngwana a Botsa ka Loso

O ka thusiwa ke dilo tse nnè gore o arabe dipotso tse bana ba di botsang le go ba thusa kafa ba ka itshokang ka gone fa mongwe yo ba mo ratang a tlhokafala.

Botlhokwa Jwa Ditiro Tsa mo Lapeng

A o okaoka go naya bana ba gago ditiro tsa mo lapeng? Fa go le jalo, bona gore go dira ditiro tsa mo lapeng go tla ba thusa jang gore ba nne le maikarabelo ba bo ba itumele.

Thusa Bana ba Gago fa ba Palelwa ke Dilo Dingwe

Rotlhe fela go na le dilo dingwe tse di re palelang. Thusa bana gore ba se ka ba kgobega marapo thata, ba thuse go rarabolola mathata a bone.

Go Thusa Ngwana Gore a Dire Bontle Kwa Sekolong

Batsadi ba ka kgona go itse lebaka le le dirang gore bana ba se ka ba dira sentle kwa sekolong le go ba thusa go tokafatsa.

Ke Direng fa Ngwanake a Kgerisiwa?

Dilo tse tlhano tse ngwana a ka di dirang fa a kgerisiwa.

Go Akgola Ngwana

Go na le tsela nngwe ya go akgola bana e e itshupileng e le molemo.

Go Thusa Ngwana go Lebana le Diphetogo Tsa Bosha

Dintlha tse tlhano tsa Baebele tse di ka dirang gore go nne motlhofo go lebana le diphetogo tseno.

Go Ruta Ngwana ka Thobalano

Bana ba simolola go bona melaetsa ya thobalano ba sa ntse ba le bannye thata. Ke eng se o tshwanetseng go se itse? O ka dira eng go sireletsa bana ba gago?

Go Bua le Bana ka Kgang ya Bojalwa

Batsadi ba tshwanetse go bua leng le bana ba bone ka kgang eno ya botlhokwa mme ba ka dira seo jang?

Ruta Bana go Ithiba

Fa o naya ngwana wa gago sengwe le sengwe se a se batlang tota o a bo o mo tima sengwe sa botlhokwa thata.

Go Ruta Ngwana go Ikokobetsa

Ruta bana ba gago go ikokobetsa o sa dire gore ba inyatse.

Ruta Ngwana Gore a go Reetse

A wena le ngwana wa gago lo lwetse ruri mme go bonala a nna a fenya? Dikakantsho tse tlhano tsa go godisa bana di ka thusa.

Go Raya Ngwana o re Nnyaa

O tla dirang fa ngwaga wa gago a batla go bona gore o tlhomame go le kana kang mo go se o se buang a dira jalo ka go ipetola kgotsa ka go kopa gantsintsi?

Fa Ngwana e le Sebeto

O ka dirang fa ngwana wa gago a ipetola? Melaometheo ya Baebele e ka go thusa go lebana le kgwetlho eno.

Fa Ngwana wa Gago a Bua Maaka

O ka dirang fa ngwana wa gago a bua maaka? Mo setlhogong seno go tlotliwa ka kgakololo ya Baebele e e ka go thusang go ruta ngwana wa gago botlhokwa jwa go bua boammaaruri.

Go Godisa Basha

Tsela ya go Buisana le Ngwana wa Dingwaga Tsa Bolesome

A o betwa ke pelo fa o bua le mosha wa gago? Ke dilo dife tse di dirang gore e nne kgwetlho?

Fa Morwadio wa Mosha a Gateletswe mo Maikutlong

Basetsana ba le bantsi ba fekeediwa ke diphetogo tse di ba diragalelang. Batsadi ba ka ba thusa jang go lepalepana le go gatelelwa mo maikutlong?

O ka Gakolola Bana ba Gago Jang?

Goreng go le motlhofo gore bana ba atamalane le ditsala tsa bone go na le gore ba atamalane le batsadi ba bone?

Tsela ya go Kgalema Ngwana wa Gago wa Mosha

Go kgalema go kaya go ruta. Melaometheo ya Baebele e ka go thusa go ruta ngwana wa gago wa mosha go go ikobela go na le go tsuologa.

Go Beela Ngwana wa Gago wa Mosha Melao

O ka dirang fa go lebega e kete ngwana wa gago wa mosha o nnela go tenwa ke melao ya gago?

Tsela ya go Ruta Basha go Dirisa Internet ka Pabalesego

O ka dira jang gore o se ka wa tlhoma melao fela mme o thuse ngwana wa gago go itirela ditshwetso tse di botlhale?

Go Buisana le Mosha wa Gago Mabapi le go Romela Melaetsa e e Hepisang ka Founo

Se lete sengwe se diragalela ngwana wa gago. Bua le ngwana wa gago wa mosha ka dikotsi tsa go romela melaetsa e e hepisang ka founo.

Fa Ngwana wa Gago wa Mosha a Ikgobatsa

Basha bangwe ba ikgobatsa ka boomo. Ke ka ntlha yang fa ba dira jalo? O ka thusa ngwana wa gago jang?

Basha

Tsela ya go Emelana le Kgatelelo ya Dithaka

Kgatelelo ya dithaka e ka dira gore batho ba ba siameng ba dire dilo tse di bosula. Ke eng se o tshwanetseng go se itse ka yone, mme o ka emelana le yone jang?

Tsela ya go Amogela Kgalemelo

Kgakololo kgotsa kgalemelo e e utlwisang botlhoko e ka go thusa jang?

Tsela ya go Bontsha Maitseo fa o Kwala Melaetsa ka Founo

A ke go tlhoka maitseo gore o kgaosetse motlotlo e le fela gore o tlhole molaetsa wa founo? Kgotsa a ke go tlhoka maitseo gore o itlhokomolose molaetsa wa founo e le fela gore o tsweletse motlotlo?

Kafa o ka Fenyang Thaelo ka Gone

Fa motho a fenya thaelo o bontsha gore ke monna kgotsa mosadi wa mmatota. Go na le dikakantsho tse thataro tse di ka go thusang go fenya thaelo le go tila go ngomoga pelo.

Tsela ya go Laola Bogale

Dilo tse tlhano tse di ka go thusang go laola bogale.

O ka Fenya Bodutu Jang?

Bodutu jo bo feteletseng bo kotsi go feta go goga disekerete di le 15 ka letsatsi. O ka dirang gore o se ka wa kgaphelwa kwa thoko le gore o se ka wa jewa ke bodutu?

Fa Thatano e Fela

O ka dira jang gore o tswelele ka botshelo morago ga go kgaogana le mongwe?

Go Boela Gae

A o tswile kwa gae o ya go leka go tshela o le le nosi o bo o tshwanelwa ke go boa ka gonne o na le mathata a madi? Dirisa dikgakololo tseno go baakanya maemo a gago.

Go Dira Ditsala Tsa Mmatota

Dikgakololo tse nnè di ka go thusa go nna le ditsala tse di nnelang ruri.

Go Lebana le Diphetogo

O ka se thibele diphetogo. Ela tlhoko se bangwe ba ileng ba se dira go lebana le tsone ka katlego.

Fa o Tlhokafaletswe ke Motsadi

Go tlhokafalelwa ke motsadi go utlwisa botlhoko thata. Ke eng se se ka thusang basha go lebana le kutlobotlhoko eo?

A go Siame go Tshameka Metshameko e e Kotsi?

Batho ba le bantsi ba itumedisiwa ke go lekeletsa bokgoni jwa bone ka go tshameka metshameko e e kotsi. A le wena o eletsa go dira jalo? Fa go le jalo, setlhogo seno se tla go thusa.