Fetela kwa tshedimosetsong

GO THUSA LELAPA | GO GODISA BANA

O ka Nna Jang Rre yo o Molemo?

O ka Nna Jang Rre yo o Molemo?

 Ke maikarabelo afe a rre a nang le one?

  •   Pele ngwana wa gago a tsholwa. Tsela e o tshwarang mosadi wa gago ka yone gone jaanong e bontsha gore o tla nna rre yo ntseng jang fa ngwana wa gago a sena go tsholwa. Buka ya Do Fathers Matter? ya re:

     “Rre yo o thusang mosadi wa gagwe yo o imileng go reka dilo tse ngwana a tlileng go di tlhoka, a tsamaya le ene kwa ngakeng a bo a bona losea lwa bone lo lo iseng lo tsholwe go dirisiwa motšhine kgotsa a utlwa pelo ya lone e itaya, ga go pelaelo gore a ka kgona go thusa mosadi wa gagwe go tlhokomela losea lwa bone fa lo sena go tsholwa.”

     “Ke ne ke sa batle mosadi wa me a ikutlwe a le nosi fa a ne a imile, ka jalo ke ne ke nna ke mo thusa mo ke kgonang gone. Re ne ra baakanya kamore ya ngwana mmogo. E ne e le nako e e itumedisang fa re ne re baakanyetsa ngwana wa rona.”—James.

     Molaomotheo wa Baebele: “Tswelelang lo amega ka batho ba bangwe, mme lo se ka lwa tshwenyega ka dilo tse di amang lona fela.”—Bafilipi 2:4.

  •   Fa ngwana wa gago a sena go tsholwa. O ka atamalana le ngwana wa gago fa o nna o tshameka le ene kgotsa o mo kuka. Thusa ka go mo tlhokomela. Se o se dirang jaaka rre se tlile go thusa ngwana wa gago gore a gole sentle. Fa o leka go atamalana le ngwana wa gago o mmontsha gore o mo tsaya a le botlhokwa.

     “Tshameka le ngwana wa gago fa fatshe. Mo tshegise. O se ka wa nna o gogile sefatlhego. Gopola gore, ngwana o itse gore go ntse jang go ratiwa go tswa mo motsading wa gagwe.”—Richard.

     Molaomotheo wa Baebele: “Bana ke boswa jo bo tswang kwa go Jehofa; leungo la popelo ke tuelo.”—Pesalema 127:3.

  •   Fa ngwana wa gago a ntse a gola. Dipatlisiso di bontsha gore bana ba ba atamalaneng le bo rraabone ba dira bontle kwa sekolong, ba kgona go laola maikutlo a bone e bile ga se gantsi ba ka dirisa diritibatsi kgotsa ba fetoga dikebekwa. Iphe nako ya gore o nne tsala ya ngwana wa gago.

     “Fa morwaake a ne a fuduga o ne a re o tlile go gopola dinako tsa fa re ne re tsaya maeto a maleele re bo re tlotla kgotsa metlotlo e re neng re nna le yone ka nako ya dijo. Gantsi re ne re tlotla ka dikgang tsa botlhokwa ka nako e re neng re sa e lebelela. Seno se ne se direga ka gonne re ne re fetsa nako e ntsi re le mmogo.”—Dennis.

     Molaomotheo wa Baebele: “Elang tlhoko thata tsela e lo itshwarang ka yone, gore lo se ka lwa itshwara jaaka batho ba ba seng botlhale mme lo itshware jaaka ba ba botlhale, lo dirisa nako ya lona sentle, ka gonne malatsi a re tshelang mo go one a bosula.”—Baefeso 5:15, 16.

 Ke eng se se tlhomologileng ka maikarabelo a rre?

 Batho ba le bantsi ba lebeletse gore borre e nne bone ba ba tlamelang le go sireletsa malapa a bone, mme ba lebeletse gore bommê ba tlhokomele ba malapa a bone ka dilo tse ba tshwenyegileng ka tsone. (Duteronome 1:31; Isaia 49:15) Ka dinako dingwe, rre a ka diragatsa maikarabelo a mme kgotsa mme a ka diragatsa maikarabelo a rre. Mme gone, dipatlisiso di bontsha gore rre le mme ba thusa ka ditsela tse di farologaneng gore lelapa le itumele. a

 Motho mongwe yo o dirang dipatlisiso tsa malapa e bong Judith Wallerstein o tlotla ka maitemogelo a gagwe ka kgang eno. O ile a kwala jaana: “Fa morwadiake yo o nang le dingwaga di le 12 a ne a thutswe ke koloi, o ne a batla go tsamaya le rraagwe kwa bookelong ka gonne o ne a itse gore fa rraagwe a le teng dilo di tla tsamaya sentle. Mme fa a le kwa bookelong, o ne a batla gore ke nne fa thoko ga gagwe letsatsi lotlhe gore ke mo gomotse.” b

 “Rre a ka thusa gore lelapa la gagwe le ikutlwe le sireletsegile mme go ka nna thata gore mme a dire jalo a le nosi. Mme gone, mme o thusa bana ba gagwe gore ba ikutlwe ba ratiwa e bile o leka go tlhaloganya tsela e ba ikutlwang ka yone. Batsadi boobabedi ba dira mmogo go thusa lelapa.”—Daniel.

 Molaomotheo wa Baebele: “Morwaaka, reetsa kotlhao ya ga rrago, mme o se ka wa latlha kaelo ya ga mmago.”—Diane 1:8.

 Borre le bana ba bone ba basetsana

 Jaaka rre, o ruta ngwana wa gago wa mosetsana gore borre ba tshwanetse go dirisana jang le ene. O ithuta seno mo go wena ka ditsela tse di latelang:

  •   Tsela e o dirisanang le mmaagwe ka yone. Fa o rata mosadi wa gago e bile o mo tlotla, seno se tla thusa morwadio go bona dinonofo tsa botlhokwa tse a tla di batlang mo mothong yo a tla nyalanang le ene.—1 Petere 3:7.

  •   Tsela e o dirisanang le ene ka yone. Fa o tlotla morwadio, o mo ruta gore le ene a itlotle. Gape o mo ruta gore borre ba bangwe ba tshwanetse go mo tlotla.

     Mme gone, fa rre a nnela go tshwayatshwaya ngwana wa gagwe diphoso seno se ka dira gore a ikutlwe e se motho wa sepe mme a batle go ratiwa ke borre ba bangwe—ga se gore borre bano ba mmatlela se se siameng.

     “Fa rre a rata morwadie e bile a mo thusa ga a kitla a ratana le monna yo o se nang dinonofo tse di molemo.”—Wayne.

a Bommê ba le bantsi ba kgonne go godisa bana ba bone sentle kwantle ga balekane ba lenyalo.

b Go tswa mo bukeng ya The Unexpected Legacy of Divorce.