Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 BAEBELE YA RENG?

Kafa Modimo a Ntseng ka Gone

Kafa Modimo a Ntseng ka Gone

Modimo o na le mmele wa mofuta ofe?

“Modimo ke Moya.”—Johane 4:24.

SE BAEBELE E SE BUANG

Baebele e tlhalosa Modimo e le motho wa semoya. (2 Bakorintha 3:17) Ka jalo, o mogolo thata mo go rona mme re ka se kgone go mmona. Temana ya 1 Timotheo 1:17 ya re ke “Kgosi ya bosakhutleng, e e sa senyegeng, e e sa bonaleng.” Gape Baebele ya re: “Ga go nako epe e mongwe a boneng Modimo ka yone.”—1 Johane 4:12.

Mmopi wa rona o mogolo mo go rona thata jaana mo re ka se kgoneng le go akanya gore o lebega jang. Isaia 40:18 ya re: “Lo ka tshwantsha Modimo le mang, le gone ke setshwano sefe se lo ka mmapisang le sone?” Tota le magodimo a magolo thata ga se sepe fa a bapisiwa le Mothatayotlhe.—Isaia 40:22, 26.

Le fa go ntse jalo, go na le dibopiwa tse di botlhale tse di kgonang go bona Modimo le go bua le ene ba lebane difatlhego. Di kgona jang? Ka gonne le tsone ke meya e bile di nna kwa legodimong. (1 Dikgosi 22:21; Bahebera 1:7) Jesu Keresete o ne a bua jaana ka dibopiwa tseno tse di nang le maatla a a fetang a batho, tse gape di bidiwang baengele: “Ba bona sefatlhego sa ga Rre yo o kwa legodimong ka metlha.”—Mathaio 18:10.

 A Modimo o gongwe le gongwe?

“Ka jalo, lo rapele ka tsela eno: ‘Rraarona yo o kwa magodimong.’”—Mathaio 6:9.

SE BAEBELE E SE BUANG

Baebele ga e rute gore Modimo o gongwe le gongwe ka dinako tsotlhe jaaka e kete ke maatla fela. Go na le moo, fela jaaka mafoko a ga Jesu a a mo go Mathaio 6:9 le 18:10 a bontsha, Modimo ke motho—“Rara”—e bile o nna kwa legodimong, “kwa lefelong [la gagwe] le le tlhomameng la bonno.”—1 Dikgosi 8:43.

Fa Jesu a ne a tloga a wetsa botshelo jwa gagwe o ne a re: “Ke tlogela lefatshe mme ke a tsamaya ke ya kwa go Rara.” (Johane 16:28) Fa Keresete a sena go swa mo nameng le go tsosiwa e le moya, o ne a tlhatloga gore a “tsene mo legodimong ka bolone, gore jaanong a re bonalele fa pele ga Modimo ka namana.”—Bahebera 9:24.

Dintlha tseno ka Modimo di botlhokwa. Ka ntlha yang? Sa ntlha, e re ka Modimo e le motho, re ka ithuta ka ene le go atamalana le ene. (Jakobe 4:8) Sa bobedi, boammaaruri ka Modimo bo re sireletsa mo bodumeding jwa maaka, jaaka go obamela ditshwantsho le dilo tse di sa tsheleng. Temana ya 1 Johane 5:21 ya re: “Bana ba bannye, itiseng mo medingwaneng.”

Batho ba dirilwe mo setshwanong sa Modimo ka tsela efe?

“Modimo a bopa motho mo setshwanong sa gagwe, a mmopa mo setshwanong sa Modimo; a ba bopa monna le mosadi.”—Genesise 1:27.

SE BAEBELE E SE BUANG

Rona batho, re ka kgona go bontsha dinonofo tsa Modimo tse di jaaka lorato, tshiamiso le botlhale. Tota e bile Baebele ya re: “Nnang baetsi ba Modimo, jaaka bana ba ba rategang, lo bo lo tswelele lo tsamaya mo loratong.”—Baefeso 5:1, 2.

Gape Modimo o re dirile re na le kgololesego ya go itlhophela, e e re thusang go tlhopha go dira se se siameng go na le go dira se se sa siamang le gore re bontshane lorato ka ditsela tse di farologaneng. (1 Bakorintha 13:4-7) Gape re kgona go tlhama dilo, go bona bontle le go jesiwa kgakge ke dilo tse di gakgamatsang tse re di bonang mo lefatsheng. Mo godimo ga dilo tseno tsotlhe, re bopilwe re na le keletso ya dilo tsa semoya, keletso e re tsholwang re na le yone ya go batla go ithuta ka Mmopi le ka se a batlang gore re se dire.—Mathaio 5:3.

Kafa boammaaruri jwa Baebele bo ka go thusang ka teng. Fa re tswelela re ithuta ka Modimo le go mo etsa, re tla tshela ka tsela e a neng a ikaeletse gore re tshele ka yone. Ka jalo, re nna le boitumelo jo bogolo mo botshelong mmogo le kgotsofalo le kagiso ya mogopolo tsa mmatota. (Isaia 48:17, 18) Ee, Modimo o itse gore dinonofo tsa gagwe tse di rategang di ama dipelo tsa batho mme di gogela batho ba dipelo tse di ratang kwa go ene e bile di dira gore ba nne le tsholofelo ya go tshelela ruri.—Johane 6:44; 17:3.