Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 Basha ba Botsa Jaana

Nka Lebelela Eng mo Lenyalong?​—Karolo 1

Nka Lebelela Eng mo Lenyalong?​—Karolo 1

“Fa re le mmogo, ke ikutlwa ke itumetse thata! Ke swegaswega pelo gore re tla nyalana leng!”

“Ga go na sepe se re tshwanang ka sone. Go na le gore re nne balekane ba lenyalo, re batho fela ba ba nnang mo ntlong e le nngwe. Ke jewa ke bodutu fela thata!”

JAAKA o ka tswa o setse o akanya, mafoko a ntlha a a fa godimo a builwe ke mosetsana yo o sa nyalwang; mafoko a bobedi a builwe ke mongwe yo o mo lenyalong. Se o ka tswang o sa se lemoge ke gore mafoko ano otlhe a builwe ke motho a le mongwe.

Go senyegile kae? Fa e le gore o lebile pele go tsena mo lenyalong letsatsi lengwe, o ka thibela jang lenyalo la gago la ditoro go nna lenyalo le le nang le mathata?

Boammaaruri ke gore: Gore o itumele mo lenyalong go ikaegile thata ka gore o lebeletse eng mo go lone.

Setlhogo seno—mmogo le setlhogo sa “Basha ba Botsa Jaana” mo makasineng wa kgwedi e e tlang wa Tsogang!—se tla go thusa go lebelela dilo tsa mmatota.

 O ka lebelela dilo dife tsa mmatota mo lenyalong? Ka bokhutshwane, o ka:

  1. Lebelela dilo tse di molemo
  2. Lebelela dikgwetlho
  3. Lebelela dilo tse o neng o sa di akanya

Mma re sekaseke nngwe le nngwe ya dintlha tseno.

LEBELELA DILO TSE DI MOLEMO

Baebele e kgothaletsa batho gore ba lebe lenyalo ka tsela e e siameng. (Diane 18:22) Dilo dingwe tse di molemo tse o ka di lebelelang ke tseno.

Bolekane. Baebele ya re nakonyana morago ga gore monna wa ntlha e bong Adame a bopiwe, Modimo o ne a re: “Ga go molemo gore monna a nne a le nosi,” mme morago ga moo Modimo o ne a bopa Efa go nna molekane wa ga Adame. (Genesise 2:18) Modimo o ne a dira gore mongwe le mongwe wa bone a nne le dinonofo tse di tlhomologileng gore ba farologane, le fa go ntse jalo ba tshwanelana. Ka jalo, monna le mosadi ke molekane yo o molemo wa yo mongwe.—Diane 5:18.

Tirisanommogo. Baebele ya re: “Ba babedi ba botoka go na le a le mongwe ka gonne fa ba dira mmogo ba ka dira tiro sentle.” (Moreri 4:9, Good News Translation) Ruri go ntse jalo le mo lenyalong. Mosadi mongwe yo mosha yo o sa tswang go nyalwa e bong Brenda * a re: “Selo sa botlhokwa ke gore lo tshwanetse go dirisana mmogo mme lo ikokobetsa e bile lo iketleeletsa go ineela ka dinako dingwe.”

Tlhakanelodikobo. Baebele ya re: “Monna yo o nyetseng o tshwanetse go naya mosadi wa gagwe tshwanelo ya tlhakanelodikobo, mme le mosadi o tshwanetse go direla monna wa gagwe se se tshwanang.” (1 Bakorintha 7:3, Common English Bible) Fa o le mo lenyalong, o ka itumelela go tlhakanela dikobo kwantle ga go nna le tlhobaelo le go ikwatlhaya tse gantsi e leng ditlamorago tse di sa itumediseng tsa go tlhakanela dikobo pele ga lenyalo.—Diane 7:22, 23; 1 Bakorintha 7:8, 9.

Sa botlhokwa: Lenyalo ke mpho e e tswang kwa Modimong. (Jakobe 1:17) Fa o tshela ka melaometheo ya gagwe, o ka lebelela gore lenyalo e nne tsela e e molemolemo ya botshelo.

Se o ka akanyang ka sone: A tsela e o lebang lenyalo ka yone e sentswe ke dikao tse di sa siamang tse o setseng o di bone—gongwe mo lelapeng la gaeno? Fa e le gore go ntse jalo, o ka leba kwa dikaong dife tse di molemo tse o ka di etsang?

 LEBELELA DIKGWETLHO

Baebele e tlhalosa se tota se diragalang mo lenyalong. (1 Bakorintha 7:28) Dikgwetlho dingwe tse o ka di lebelelang ke tseno.

Dikgotlhang. Batho ga ba tshwane—selo se ba tshwanang ka sone fela ke gore ga ba a itekanela. (Baroma 3:23) Ka jalo, monna le mosadi ba tla nna le dikgotlhang ka dinako dingwe, go sa kgathalesege gore ba lebega ba tshwanelana go le kana kang. Ka dinako dingwe ba ka nna ba bo ba bua dilo tse di seng monate tse ba ka di ikwatlhaelang moragonyana. Baebele ya re: “Motho yo o iseng a tsamaye a bue sepe se se phoso . . . o tla bo a itekanetse.” (Jakobe 3:2, Holy Bible—Easy-to-Read Version) Le fa go ka lebega go siame go tila dikgotlhang tsotlhe, banyalani ba ba atlegileng ba ithuta go buisana le go rarabolola mathata fa a nna teng.

Go swabisiwa. Mosetsana mongwe yo o bidiwang Karen a re: “Ka metlha re bona difilimi le mananeo a thelebishene a mo go one mosetsana a bonang lekau la gagwe la ditoro mme ba bo ba nna mmogo ba itumetse go ya go ile.” Fa lenyalo le sa nne jaaka le le bontshitsweng mo dibukeng le mo difiliming, balekane boobabedi ba ka ikutlwa ba swabile. Gone ke boammaaruri gore fa batho ba sena go nyalana, mongwe le mongwe wa bone o tla lemoga makoa a mangwe le mekgwa e mengwe ya yo mongwe. Sa botlhokwa ke go gakologelwa gore lorato lwa mmatota “lo itshokela dilo tsotlhe”—le gone go swabisiwa tota.—1 Bakorintha 13:4, 7.

Tlhobaelo. Baebele ya re batho ba ba mo lenyalong ba “tlhobaela ka dilo tsa lefatshe.” (1 Bakorintha 7:33, 34) Go tlhobaela ka tsela e e ntseng jalo go tlwaelegile mme gantsi go siame. Ka sekai, lo ka fitlhela go le thata go duelela dilo tse lo di tlhokang. Balekane boobabedi ba ka tshwanelwa ke gore ba bereke gore ba duelele dijo, diaparo le bonno. Mme lo ka atlega fa lo dirisana mmogo gore lo tlamele ba ntlo ya lona.—1 Timotheo 5:8.

Sa botlhokwa: Fa go ratana le motho go tshwana le go fofisa khaete, lenyalo le tshwana le go fofisa sefofane. O tla tlhoka go nna le bokgoni le go tsaya matsapa a magolo go lebana le dikgwetlho fa lo sa dumalane—mme o ka atlega.

Se o ka akanyang ka sone: Gone jaanong o rarabolola dikgotlhang jang le batsadi ba gago le bana ba gaeno? Fa o swabisitswe, a o kgona go leba seemo seo ka tsela e e siameng? O lebana jang le go tlhobaela?

MO SETLHOGONG SE SE LATELANG SA “BASHA BA BOTSA JAANA” . . . Melaometheo ya Baebele e ka go thusa jang go lebelela dilo tse o neng o sa di akanya?

^ ser. 17 Maina mangwe mo setlhogong seno a fetotswe.