Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Ditiragalo Tsa Lefatshe

Ditiragalo Tsa Lefatshe

“Mo masimologong a 2011, go ne go na le batho ba le dibilione di le 5,4 ba ba nang le founu ya selula mo lefatsheng lotlhe.”—UN CHRONICLE, U.S.A.

Mo dingwageng di le lesome tse di fetileng, “masetlapelo a bakile dintsho di feta 780 000 mme dithoromo tsa lefatshe di bakile mo e ka nnang diperesente di le 60 tsa dintsho tsotlhe tse di bakilweng ke masetlapelo.”—THE LANCET, BORITANE.

“Mo dingwageng tse 20 tse di fetileng, mo e ka nnang batho ba le 800 000 ba Ba-Russia ba ne ba ipolaya.”—ROSSIISKAYA GAZETA, RUSSIA.

Kwa Philippines, e leng naga e tlhalo e sa letlelelwang kwa go yone, palo ya basadi ba dingwaga di le 15 go fitlha go 49 ba ba nnang mmogo le banna ba sa nyalana le bone, kgotsa “ba nna le bone ka tumalano . . . , e menagane go feta gabedi magareng ga 1993 le 2008.”—THE PHILIPPINE STAR, PHILIPPINES.

Kwa Repaboliking ya Georgia, “diperesente di le 79,2 tsa baagi ba koo . . . ba amiwa ke mosi wa motsoko o o gogiwang ke batho ba bangwe.” Kwa motsemoshate wa Tbilisi, “go amega diperesente di le 87,7 tsa bana.”—TABULA, GEORGIA.

Bojanala Jwa Kalafi Kwa Asia

Balwetse ba le bantsi go tswa kwa dikarolong tse di farologaneng tsa lefatshe ba etela dinaga di sele go bona tlhokomelo ya kalafi ya maemo a a kwa godimo, mme gantsi ba duela madi a mannye thata go feta a ba neng ba ka a duela fa ba le kwa dinageng tsa bone. Lokwalodikgang lwa Business World lo bega gore go lebeletswe gore ka 2015 batho “ba ba yang dinageng tse dingwe go bona kalafi” kwa Philippines ngwaga le ngwaga ba tla bo ba le milione, mme palo e e tshwanang e lebeletswe go ya kwa South Korea ka 2020. Dinaga tsa India, Malaysia, Singapore le Thailand le tsone ke dinaga tse di etelwang thata. Ga se fela batho ba ba tswang Bophirima ba ba batlang kalafi ya malwetse a a jaaka malwetse a marapo le malwetse a a amanang le pelo. Pego eno ya re, Ba-China ba le bantsi ba ba sa tswang go huma le bone ba etela dingaka tse di fetolang ditebego tsa batho ba tshotse ditshwantsho tsa “batho ba ba tumileng ba ba batlang go lebega jaaka bone.”

Batho ba ba Dirang Ditiro Tse Dintsi ka Nako e le Nngwe Ga ba Di Dire Sentle

Gantsi thekenoloji e pateletsa badiri go dira ditiro tse di raraaneng di le pedi kgotsa go feta foo ka nako e le nngwe le go araba dipotso ka bonako. Clifford Nass, yo e leng motsamaisi wa Communication Between Humans and Interactive Media Laboratory kwa Stanford University, kwa U.S.A., a re le fa go ntse jalo, “badiri ba ba dirang dilo tse dintsi ka nako e le nngwe ga ba di dire sentle.” Go begwa gore batho ba ba dirang ditiro tse dintsi ka nako e le nngwe gantsi ba nna le kgatelelo ya maikutlo, ba itewa tsebe motlhofo ke dilo tse e seng tsa botlhokwa, ga ba akanyetse dilo kwa teng mme ka ntlha ya seo ba fosa dintlha tsa botlhokwa. Nass o akantsha jaana: “Fa o simolola go dira tiro nngwe, dira yone fela mme o se ka wa dira selo sepe se sengwe mo metsotsong e le 20. Seno se go ruta go tlhoma mogopolo le go akanyetsa kwa teng.”