Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

November 2-8

EKESODO 39-40

November 2-8
  •  Pina 89 le Thapelo

  • Matseno (1 mots.)

MATLOTLO A A MO LEFOKONG LA MODIMO

  • Moshe O ne A Dira Sengwe le Sengwe se Jehofa a Neng A se Mo Laetse”: (10 mets.)

  • Go Ribolola Matlotlo mo Dikwalong: (10 mets.)

    • Ek 39:34—Baiseraele ba ne ba tsaya kae matlalo a manyebi fa go ne go agiwa motlaagana? (it-2-E 884 ¶3)

    • Ek 40:34—Fa Baiseraele ba ne ba le mo nageng, Jehofa o ile a ba bontsha jang gore ba ka mo ikanya le gore o tla nna a ba eme nokeng? (w13 9/15 9 ¶9)

    • Mo mmalong wa Baebele wa beke eno, ke matlotlo afe a o ka ratang go tlotla ka one ka Jehofa, a o ka a dirisang mo tshimong, kgotsa matlotlo a mangwe a o a ithutileng?

  • Mmalo wa Baebele: (4 mets. kgotsa kwa tlase) Ek 39:1-21 (th thuto 5)

TLHAGAFALELA BODIREDI

  • Bidio ya Loeto Lwa Ntlha: (4 mets.) Motlotlo. Tshameka bidio eno. Fa dipotso di tlhaga mo bidiong eno, e emise o bo o botsa bareetsi dipotso tseo. Go tswa foo, tlotla le bareetsi gore fa mong wa ntlo a batla go bua ka dilo tse di amanang le dipolotiki ba ka bontsha jang gore ga ba tseye letlhakore.

  • Loeto Lwa Ntlha: (3 mets. kgotsa kwa tlase) Dirisa karolo ya se re ka se buang mo bodireding. Bontsha gore o ka araba jang mong wa ntlo fa a go botsa ka mongwe mo dipolotiking kgotsa ka dikgang tsa dipolotiki. (th thuto 12)

  • Puo: (5 mets. kgotsa kwa tlase) w16.04 23 ¶8-10—Setlhogo: Re ka Bontsha Jang Gore ga re Tseye Letlhakore fa re Tlotla Le fa Re Akanya? (th thuto 14)

BOTSHELO JWA BOKERESETE

  • Pina 123

  • O se Ka wa Reetsa Fela! (Mat 13:16): (15 mets.) Tshameka bidio eno. Go tswa foo, botsa bareetsi dipotso tse di latelang: Goreng re tlhoka go reetsa ka kelotlhoko? Mafoko a a mo go Mareko 4:23, 24 a kaya eng? Dira sekai se se tlhalosang Bahebera 2:1. Re ka bontsha jang gore re reeditse ka kelotlhoko?

  • Thuto ya Baebele ya Phuthego: (30 mets. kgotsa kwa tlase) ia kgao. 23, ser. 1-14

  • Dintlha Tse di Konelang (3 mets. kgotsa kwa tlase)

  • Pina 120 le Thapelo