Dipuisano Tse Re ka Di Dirisang
TORA YA TEBELO
Matseno: Batho ba le bantsi ba itse bapalami ba dipitse tse nnê ba go buiwang ka bone mo bukeng ya Baebele ya Tshenolo. Batho bangwe ba tshosiwa ke tsone. Ba bangwe di a ba kgatlha.
Temana: Tsh 1:3
Fa o mo naya kgatiso: Makasine ono wa Tora ya Tebelo o tlhalosa kafa bapalami bano ba dipitse tse nnê ba re leretseng dikgang tse di molemo ka gone.
RUTA BOAMMAARURI
Potso: A o akanya gore go a kgonega gore re itse se se tla diregang mo isagweng?
Temana: Isa 46:10
Boammaaruri: Modimo o dirisa Lefoko la gagwe Baebele go re senolela se se tla diregang mo isagweng.
LELAPA LA GAGO LE KA ITUMELA
Matseno: Re bontsha batho bidio eno e khutshwane e e buang ka lelapa. [Tshameka bidio ya Lelapa la Gago le ka Itumela.]
Fa o mo naya kgatiso: Fa e le gore o ka rata go bala boroutšhara jono, nka go tlela jone kgotsa nka go bontsha gore o ka bo itseela jang mo website ya rona.
ITIRELE PUISANO
Itirele puisano o dirisa tsela e e tshwanang le e e fa godimo.