Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

BOTSHELO JWA BOKERESETE

A o Ka Tlhalosa Se o Se Dumelang?

A o Ka Tlhalosa Se o Se Dumelang?

O ne o ka reng fa mongwe a ka go botsa gore ke eng fa o dumela gore Modimo ke ene a bopileng dilo tsotlhe? Gore o kgone go mo araba, o tshwanetse go dira dilo tse pedi: Sa ntlha, o tlhoka go iponela gore Modimo ke ene a bopileng dilo tsotlhe. (Bar 12:1, 2) Go tswa foo, o bo o batla ditsela tsa go mo tlhalosetsa dilo tse o di dumelang.—Dia 15:28.

LEBANG BIDIO YA, MOARI WA DITOKOLOLO O TLHALOSA SE A SE DUMELANG, LE YA, MOITHUTI WA DIPHOLOGOLO O TLHALOSA SE A SE DUMELANG, FA BA TLHALOSA LEBAKA LA GO BO BA DUMELA GORE MODIMO KE ENE A BOPILENG DILO, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:

  • Goreng Irène Hof Laurenceau a dumela gore Jehofa ke ene a bopileng dilo mme a sa dumele evolution?

  • Goreng Yaroslav Dovhanych a dumela gore Jehofa ke ene a bopileng dilo mme a sa dumele evolution?

  • O ka tlhalosetsa motho jang gore Jehofa ke ene a bopileng dilo tsotlhe?

  • Ke didirisiwa dife tse di leng teng ka puo ya gago tse di ka thusang wena le ba bangwe go bona gore Jehofa ke ene a bopileng dilo tsotlhe?