BOTSHELO JWA BOKERESETE
Lefatshe Le ne La “Kometsa Noka”
Fa e sa le bogologolo, balaodi ba dipuso ba ntse ba thusa batho ba ga Jehofa. (Eser 6:1-12; Eset 8:10-13) Mo nakong e re tshelang mo go yone, re bone “lefatshe” e leng dipuso tse di maatla tsa dinaga tse di farologaneng, di thusa batho ba ga Jehofa ka go kometsa “noka” ya pogiso e e neng e gakadiwa ke “kgogela” e leng Satane Diabolo. (Tsh 12:16) Ka dinako tse dingwe, Jehofa, “Modimo wa ditiro tsa poloko” o dirisa balaodi ba dipuso go thusa batho ba gagwe.—Pes 68:20; Dia 21:1.
Gotweng fa e le gore o tshwerwe ka ntlha ya se o se dumelang? O se ka wa belaela gore Jehofa o na le wena. (Ge 39:21-23; Pes 105:17-20) Itse gore Jehofa o tla go segofatsa ka ntlha ya tumelo ya gago le gore tsela e o ikanyegang ka yone e kgothatsa bakaulengwe ba bangwe.—Baf 1:12-14; Tsh 2:10.
LEBANG BIDIO YA, BAKAULENGWE BA KWA KOREA BA GOLOTSWE KWA KGOLEGELONG, LO BO LO ARABA DIPOTSO TSE DI LATELANG:
-
Goreng bakaulengwe ba le bantsi ba kwa South Korea ba ile ba tshwarwa mo dinakong tse di fetileng?
-
Ke tshwetso efe e e dirilweng kwa kgotlatshekelong e e neng ya dira gore bakaulengwe ba gololwe pele ga nako e ba e beetsweng?
-
Re ka thusa jang bakaulengwe ba gone jaanong ba tshwaretsweng tumelo ya bone?
-
Re tshwanetse go dirisa jang kgololesego ya rona gone jaanong?
-
Ke mang yo o ikarabelelang ka ditshwetso tse di molemo tse di dirwang kwa dikgotlatshekelong?