KGANG YA BOTSHELO JWA GA HÅKAN DAVIDSSON
Go Ema Nôkeng Tiro ya go Rera Molaetsa wa Baebele
Ke tsholetswe kwa Sweden, ka ba ka golela gone. Fa ke le mosha, ke ne ke sa dumele gore go na le Modimo. Ka jalo, fa batsadi ba me le kgaitsadiake ba simolola go ithuta Baebele le Basupi ba ga Jehofa, ke ne ke sa kgatlhegele go ithuta.
Morago ga gore rre a ntaletse ka makgetlho a le mantsi gore ke nne le bone ka nako ya thuto ya Baebele, ke ile ka dumela. Ke ile ka kgatlhwa ke tsela e Baebele e nepileng ka yone fa e bua ka dilo tsa saense. Fa nako e ntse e ya, ke ile ka tlhatswega pelo gore Baebele ke Lefoko la Modimo le gore Basupi ba ga Jehofa ba ruta batho Baebele ka tsela e e nepileng, e bile ba tshela go dumalana le se e se rutang. Nna le rre re ile ra kolobediwa mmogo ka 1970, mme dingwaga moragonyana mmê le bokgaitsadiake ba babedi le bone ba ile ba kolobediwa.
Bontsi jwa dithaka tsa me ba ne ba rata menate, mme fa ke le dingwaga di le 17, ke ne ke kgatlhiwa ke tsela e ba neng ba tshela ka yone. Le fa go ntse jalo, fa ke bona banyalani ba Basupi ba ke neng ke ithuta Baebele le bone ba itumetse e bile ba kgotsofetse mo tirelong ya bone ya nako e e tletseng, ke ne ke batla go tshwana le bone. Ka jalo, fa ke na le dingwaga di le 21 ke ile ka tsenela tirelo ya nako e e tletseng.
Nna le rre (yo o ka fa molemeng) re kolobeditswe ka letsatsi le le lengwe
Tirelo ya bobulatsela e dirile gore ke itumele tota, e bile ke ikwatlhaela gore goreng ke ne ke sa simolole go sa le gale. Ke ne ke itumelela go rera kwa boemakepeng jwa Göteborg, kwa ke neng ke rerela badiri ba dikepe tse di pegang dithoto ba ba neng ba tswa kwa dinageng tse dingwe.
Ke ile ka itumelela tshiamelo e e kgethegileng ya go thusa batho ba dipuo tse di farologaneng go itse dikgang tse di molemo ka dingwaga di ka nna 50. E re ke lo tlotlele gore seo se simologile jang.
Go Bereka ka MEPS
Ke ne ke bereka malatsi a le mmalwa mo bekeng gore ke kgone go itlamela fa ke ntse ke le mo tirelong ya bobulatsela. Tiro ya me e ne e le go nna typographer, e leng tiro ya go rulaganya tsela e dibuka di lebegang ka yone fa di porintilwe. Ka nako eo, tsela e go gatisiwang ka yone e ne e fetoga. Go na le go dirisa mokgwa wa bogologolo wa go rulaganya ditlhaka tsa tshipi tse di neng di dirisiwa go gatisa, jaanong go ne go dirisiwa dikhomputara. Ke ne ka ithuta mokgwa o mosha oo wa go gatisa go dirisiwa khomputara.
Ka letsatsi la rona la lenyalo
Ka 1980, ke ile ka nyala Helene yo e neng e le mmulatsela. Fela jaaka nna, le ene o ne a rata go kopana le batho ba ba tswang mo mafelong a a farologaneng le go ithuta ka ditso tse disha. Mokgele wa rona e ne e le go ya Sekolong sa Gileade le go nna barongwa.
Mme gone, e re ka ke ne ke na le maitemogelo a go bereka ke le typographer, nna le Helene re ne ra kopiwa gore re ye go direla kwa Bethele ya kwa Sweden. Phuthego ya Modimo e ne e kgatlhegela go dirisa ditsela tse disha tsa go gatisa tse di neng di le bonako. Ka jalo, ka ngwaga wa 1983, re ne ra kopiwa gore re ye kwa Bethele ya kwa Wallkill kwa New York gore re ye go katisiwa go thusa mo Multilanguage Electronic Phototypsetting System (MEPS) a e bakaulengwe ba neng ba e dira.
Re bereka ka didirisiwa tsa MEPS tsa kwa Hong Kong, Mexico, Nigeria, le Spain
MEPS, ke thulaganyo ya khomputara (computer system) e e thusang gore ditlhaka di kgone go kwalwa ka ditsela tse di farologaneng mme di bo di kopanngwa le ditshwantsho go tswa foo di bo di gatisiwa mmogo. Tiro ya rona e ne e le go thusa go tsenya ditlhaka tse disha mo MEPS, gore dikgatiso tsa rona di kgone go gatisiwa ka dipuo tse di oketsegileng. Go setse go fetile dingwaga di ka nna 40, mme gone jaanong, Basupi ba ga Jehofa ba gatisa dikgatiso tsa dikgang tse di molemo ka dipuo di feta sekete!
Fa nako e ntse e ya, nna le Helene re ne ra romelwa kwa Asia gore re ye go thusa go tsenya dipuo tse dingwe mo MEPS. Re ne re ikemiseditse e bile re itumeletse gore re ya go nna karolo ya go thusa gore dikgang tse di molemo di kgone go nna gone ka dipuo tse di oketsegileng!
Go Tlwaelana le Setso se se Farologaneng
Ka 1986, nna le Helene re ne ra goroga kwa India, mme re ile ra gakgamadiwa ke setso sa teng. Fa re goroga kwa toropong ya Bombay, e gone jaanong e bidiwang Mumbai, re ne re sa dumele se re neng re se bona! Re ne ra lemoga gore tsela e batho ba Sweden le ba India ba tshelang ka yone e ne e farologane tota. Mo bekeng ya ntlha fela re ne re setse re akanya go boela gae.
Mme gone, fa beke ya ntlha e setse e tla go wela, re ne ra gopola gore re ne re batla go nna barongwa. Ka jalo, e re ka re rometswe kwa nageng e nngwe, re ka se batle go boela gae. Re tshwanetse go fenya kgwetlho eno.
Re ne ra dira tshwetso ya go ithuta tsela eno e ntšha ya go tshela. Fa re ntse re ithuta go tshela ka tsela eno, re ne ra simolola go rata India. Tota e bile, re ne ra ithuta dipuo tse pedi tsa kwa India e leng Se-Gujarati le Se-Punjabi.
Re ya Myanmar
Re apere diaparo tsa setso kwa Holong ya Bogosi kwa Myanmar
Ka 1988, re ne ra ya kwa Myanmar, naga e e fa gare ga China, India, le Thailand. Seemo sa dipolotiki sa kwa Myanmar se ne se sa iketla, mme karolo e kgolo ya naga e ne e busiwa ke puso ya sesole. Ka nako eo, MEPS e ne e sa kgone go dirisa mokwalo wa puo ya bone, mme go ne go se na thulaganyo (software) e nngwe e re neng re ka e dirisa. Tiro ya rona ya ntlha e ne e le go thusa go rulaganya mokwalo wa puo eo, mme go tswa foo re ne re tla boela le one kwa Wallkill gore re o tsenye mo MEPS.
Fa re goroga kwa boemafofaneng, Helene o ne a tsentse setshwantsho sa mokwalo oo mo bekeng. E re ka seemo sa dipolotiki sa koo se ne se sa iketla, re ne re ka isiwa kgolegelong fa re ne re ka fitlhelwa re tshwere dikgatiso tsa puo ya kwa Myanmar. Mme gone, fa batlhokomedi ba ne ba phuruphutsha Helene, o ne a tsholetsa matsogo mme ga ba a ka ba lemoga gore o ne a tshwere beke!
MEPS e re thusitse go tokafatsa tsela e dikgatiso tsa rona di lebegang ka yone
Baranodi ba kwa Myanmar ba ne ba neelwa setshwantsho se sesha sa mokwalo o o rulagantsweng, di-laptop, diprintara e bile ba ne ba katisiwa go dirisa MEPS. Bontsi jwa baranodi bano e ne e le lantlha ba bona khomputara, mme ba ne ba ikemiseditse go ithuta go e dirisa. Go ise go ye kae, ba ne ba sa tlhole ba tla tlhoka go dirisa mokgwa wa bogologolo wa go gatisa ba dirisa ditlhaka tse di gabilweng mo tshiping. Seo se ne sa thusa gore dikgatiso tsa rona e nne tsa maemo a a kwa godimo.
Re ya Nepal
Ka 1991, nna le Helene re ne ra romelwa go ya go thusa kwa Nepal, e leng naga e e gaufi le dithaba tsa Himalaya. Ka nako eo, go ne go na le phuthego e le nngwe fela kwa Nepal, mme go ne go na le dikgatiso di le mmalwa fela ka Se-Nepali.
Go ise go ye kae, go ne ga ranolwa dikgatiso tse di oketsegileng, di bo di anamisiwa mo lefelong leo. Gone jaanong go na le Basupi ba ka nna 3 000 mo diphuthegong di feta 40 kwa Nepal, mme ka ngwaga wa 2022 batho ba feta 7 500 ba ne ba nna gone kwa Segopotsong sa loso lwa ga Keresete!
Boroutšhara ka Se-Lahu
Ka bo1990, barongwa ba ba neng ba rometswe kwa toropong ya Chiang Mai, kwa Thailand, ba ne ba simolola go rerela batho ba ditso tsa Ba-Lahu ba ba neng ba nna mo dithabeng. Se-Lahu ke puo e e buiwang ke batho ba ba nnang mo melelwaneng ya China, Laos, Myanmar, Thailand, le Vietnam. Le fa go ntse jalo, ka nako eo re ne re se na dikgatiso tsa puo eo.
Lekawana lengwe le le neng le ithuta le barongwa bao, le ne la ranola boroutšhara jwa “Bōnañ, Dilō Cotlhe Ke Di Diha Sesha,” go tswa mo puong ya Se-Thai go ya mo puong ya Se-Lahu. Go tswa foo, ene le batho ba bangwe ba babedi ba motse ba ne ba kokoanya madi mme ba bo ba a romela mmogo le boroutšhara joo kwa ofising ya lekala. Ba ne ba romela le lekwalo le le neng le tlhalosa gore ba batla gore batho botlhe ba ba buang Se-Lahu ba kgone go ithuta boammaaaruri jo mo boroutšhareng ka puo ya bone.
Dingwaga di le mmalwa moragonyana, nna le Helene re ne ra nna le tshiamelo ya go katisa baranodi ba babedi ba Se-Lahu go dirisa MEPS. Mongwe wa baranodi bao, e ne e le mokaulengwe yo o sa tswang go kolobediwa yo o neng a direla kwa ofising ya thanolo kwa Chiang Mai. Re ne re gakgametse tota fa re utlwa gore ke lone lekawana le le neng la ranola boroutšhara jwa “Bonang” ka Se-Lahu!
Ka 1995, nna le Helene re ne ra romelwa gape kwa India, kwa re ileng ra dira mmogo le baranodi go ba thusa go dirisa MEPS go dira tiro ya go ranola. Gone jaanong, go na le dikgatiso tse dintsi ka dipuo tse di farologaneng tse di buiwang koo, tse di thusang batho go ithuta boammaaruri gore ba gatelepele ba bo ba kolobediwa.
Ke Itumeletse Botshelo
Nna le Helene re ntse re direla kwa Bethele ya kwa Britain fa e sa le ka 1999. Re bereka le setlhopha sa MEPS Programming se se kwa ntlokgolo ya lefatshe lotlhe. A bo e le boitumelo jo bogolo jang ne, go bo re feditse nako ya rona e ntsi re le kwa London re rera mo tshimong ya Se-Gujarati le Se-Punjabi! Nako le nako fa go nna le puo e ntšha mo jw.org, re batla ditšhono tsa go rerela batho ba ba buang puo eo mo tshimong ya rona.
Ke itumelela gore e rile ke santse ke le mosha ke ile ka tlhopha go direla Jehofa go na le go batla go ijesa monate jaaka ditsala tsa me. Fa nna le Helene re akanya ka ditshwetso tse re di dirileng mo botshelo ga re ikwatlhaele go bo re ile ra dira tshwetso ya go direla Jehofa ka nako e e tletseng. Re itumeletse go ya kwa dinageng tse di fetang 30, le go bona batho ba ditšhaba le ditso tse di farologaneng ba rerelwa dikgang tse di molemo ka dipuo tsa bone!—Tshenolo 14:6.
a Gone jaanong e bidiwa Multilanguage Electronic Publishing System. MEPS gape e dirisiwa go gatisa dikgatiso tsa ileketeroniki.