Dipina

Dipina tse di bontshang gore re lebogela dithuto tsa boammaaruri tse re di rutiwang.

O Mmopi wa Me

Fa o letla Jehofa gore a fetole se o leng sone, botshelo jwa gago bo ka kgona go fetoga gotlhelele.

Go Tshela le Batho Ba ba Sa Rateng Kagiso

Fa o dirisana le ba bangwe ka kagiso, o galaletsa Jehofa.

Galaletsa Jehofa

Tsela e re ratang Jehofa le e re mo anaanelang ka yone, e re tlhotlheletsa go mo galaletsa.

Ke Kopa Gore o Mphe Maatla

Bona gore Jehofa “o naya batho ba ba tlhokang thuso legae le ba ka nnang mo go lone” ka tsela efe.

Kgotsofalela se o Nang le Sone

Re tla nna le boitumelo jwa mmatota fa re kgotsofalela dilo tse Jehofa a re tlamelang ka tsone.

Iphe Nako ya go Tlhatlhanya

Go akanya ka popo ya Modimo go ka re thusa jang gore re kgone go itshokela dikgwetlho tsa botshelo?

“Botshelo Jwa Mmatota”

Go akanyetsa kwa teng ka tsholofelo e re nang le yone ka isagwe go re naya maatla a go itshokela maemo a a thata.

“Dikgang Tse di Molemo”! (Pina ya Kopano ya 2024)

Go simologa ka lekgolo la ntlha la dingwaga go fitlha gompieno, batho ba ntse ba itumelela go rera dikgang tse di molemo, ba nna le seabe mo tirong e kgolo go gaisa tsotlhe—tiro e Jesu ka boene a laetseng gore e dirwe le e baengele ba e emeng nôkeng.

Kagiso e Kgolo

Kagiso e e tswang kwa go Jehofa ga e fele, e nna e le teng.

Ke Nonotsha Tumelo ya Me

Nonotsha tumelo ya gago mme o tla fenya dipelaelo.

Boela Gae

Ga go ise go nne thari, boela gae.

Re Tla Rera

Ikaege ka Jehofa mme o rere le fa o ka tswa o boifa.

O a Re Itse

Jehofa o itse mongwe le mongwe wa rona e bile o tlhaloganya maikutlo a rona.

‘Madi a Mannye’

Jehofa o anaanela maiteko a o a dirang, le fa a ka tswa a le mannye kgotsa a le magolo.

Fa Rotlhe re Baka Jehofa

Re itumelela kagiso e re nnang le yone ka gonne re direla Jehofa.

Nkatamela

Modimo o kgathalela batho botlhe ba ba batlang go atamalana le ene, go sa kgathalesege maemo a bone.

Ruri le Tla Tla! (Pina ya Kopano ya 2023)

Fa o ntse o letetse Jehofa ka bopelotelele, etsa sekao sa batlhanka ba gagwe ba ba ikanyegang.

Ipone o Tshela ka Bosakhutleng

Re ka itumelela botshelo jo bo nang le bokao gone jaanong le ka bosakhutleng.

Ithute mo Diphosong Tsa Gago

Fa o ithuta mo diphosong tsa gago, Tumelo ya gago e tla nonofa gape.

A re Agisane Tsala ya Me

Tlogela go boloka sekgopi mme lo nne ditsala gape!

Jehofa O na Le Nna

Jehofa o kgona go re thusa go fenya sepe fela se re se boifang.

Tota ke Tla Ikanya Mang?

Bona motlhanka mongwe wa Modimo yo o ntseng a ikanyega botshelo jwa gagwe jotlhe ka gonne a reetsa lentswe la modisa wa gagwe.

Go Tla Rena Kagiso! (Pina ya Kopano ya 2022)

Fa o le mathateng, o se ka wa tlhoma mogopolo mo go one, go na le moo akanya ka kagiso ya mmatota e Modimo a re solofetsang yone.

Re Kgona go Itshoka

Re kgona go itshokela diteko dipe fela ka gonne re thusiwa ke Jehofa le bakaungwe ba rona.

Lelapa la ga Jehofa

Go sa ntse go na le batho ba ba batlang boammaaruri. Bidio eno e tla go tlhotlheletsa gore o tswelele o batla batho ba ba batlang go itse Modimo.

Bua le Jehofa

Go nna re tshwaregile mo tirong ya ga Jehofa, ke tsela e e molemolemo ya botshelo.

Tla o Bone

Itumelele tsholofelo ya go tshela mo lefatsheng le lesha.

Direla Jah ka Maatla Otlhe

Direla Jehofa ka maatla otlhe. O ka se ikwatlhaele seo!

O Itumele’

Pina eno e e monate, e re gopotsa mabaka a mantsi a re nang le one a go itumela.

Ka Tumelo

Akanya ka botshelo jo bo monate jo Modimo a bo solofetsang batho mo nakong e e tlang.

Batho ba ga Jehofa

Le fa re lebana le diteko le mathata, re tswelela re le seoposengwe.

Dikakanyo Tsa Me

Jehofa a ka re thusa gore re lwantshe dikakanyo tse di re tlhobaetsang re bo re di fenya.

Moratiwa

Itumelele mpho e Jehofa a re fileng yone ya lenyalo.

Ga re Ineele

Tumelo e e nonofileng e agiwa ka didirisiwa tsa maemo a a kwa godimo.

Nna o Taboge

Dira ditshwetso tse di siameng gore o kgone go fenya lobelo lwa botshelo.

Ke Itshwarele

A go na le mongwe yo o go kgopisitseng? A go thata go mo itshwarela? Bona gore o ka dira eng gore o mo itshwarele.

O a Re Itumedisa

Jehofa o a re itumedisa e bile o tla tswelela a dira gore re itumele.

Se Belaele

Ga re tlhoke go belaela gore Jehofa o a re rata, go sa kgathalesege diteko tse re lebanang le tsone.

Re Etse Bana

Re ka bontsha jang gore re tshwana le bana ka tsela e re ratang ba bangwe ka yone?

Rapela Jah

Fa o tshwenyegile thata, tswelela o ikanya Jehofa gore a go fe maatla a bo a go gomotse.

Ke Ineela go Wena

Go rata Jehofa go re tlhotlheletsa gore re ineele mo go ene re bo re kolobediwe.

Lorato Lo lo Sa Feleng

Lorato lo lo tswang kwa go Jehofa ga lo ke lo fela. Lo re tlisetsa boitumelo le kgomotso.

Lefatshe le Lesha

Se re se bonang ka leitlho la mogopolo se ka tlhotlheletsa dikakanyo tsa rona. Pina eno e re thusa go akanya ka lefatshe le lesha.

Jehofa O na Le Rona ka Metlha

Ka metlha Jehofa o ikemiseditse go tshwara seatla sa rona.

‘Go Lwa Ntwa e e Molemo ya Tumelo’

Le fa re na le mathata le dikgwetlho, re ka tswelela re ikanyega mo go Jehofa.

Re Lelapa

Gongwe le gongwe kwa re yang teng, re karolo ya lelapa la ga Jehofa.

Go Lebogela Popo ya Modimo

Iphe nako ya go tlhatlhanya ka popo ya ga Jehofa o bo o di lebogela fa o rapela.

O Nne Pelokgale O bo O Nonofe

Pina e e monate e e re thusang gore re itshoke.

Se Tshwenyege ka Tsa Kamoso

Re ka kgona go itumela le go nna le kagiso le fa gone re na le mathata.

Ke Tla go Direla ka Bojotlhe

Re tlhoka go ineela mo go Jehofa ka pelo yotlhe re bo re mo direle ka bojotlhe.

Re Seoposengwe le Jehofa

Le fa gone re tshela mo lefatsheng le le bosula, re na le bakaulengwe ba ba ratang kagiso le ba ba utlwanang.

O ka Inkanya

Fa botshelo bo le thata mme re tlhoka thuso, re ka ikanya ditsala tsa rona.

Mphe Bopelokgale

Jehofa a ka re naya bopelokgale gore re kgone go fenya diteko dife fela tse re lebanang le tsone.

Ditsala Tsa Nnete

Re ka bona kae ditsala tsa nnete?

Batla

Batho ba tota a batlang go itse Modimo ba ka kgona go dira jalo fa ba tsaya matsapa a go mo itse.

Se Boife

Fa go nna thata mo botshelong, re tlhoka go gopola gore ga re nosi.

Lorato Lwa Bokaulengwe

Batho ba ga Jehofa mo lefatsheng lotlhe ba a thusana.

Ga ke Nosi

Fa re na le Jehofa, tota ga re nosi!

Ke Dira Diphetogo

A o kile wa tlhotlheletsega go dira diphetogo mo bodireding jwa gago?

Ruri Ke a Go Rata!

Fa lo tsenya Jehofa mo lenyalong la lona le tla nonofa!

Ke Ikanya Wena

Go bala Lefoko la Modimo le go tlhatlhanya ka lone go re thusa go itshokela mathata.

Dilo Tsa Botlhokwa

Re tlhoka go beela nako kwa thoko gore dire dilo tsa botlhokwa—thapelo, go ithuta le go tlhatlhanya.

Ditiro Tsa Gago di a Kgatlha

Dilo tse Jehofa a di bopileng di a kgatlha e bile di re tlhotlheletsa gore re mmake.

Tsala ya Me, Ntebe

Dirisa nako e o e fetsang le bakaulengwe le bokgaitsadi ba gago ka botlalo.

Lefelo le le Tla go Galaletsang

Re itumelela go neela Jehofa lefelo le le tla galaletsang leina la gagwe le legolo.

A re Lekeng

Go oketsa bodiredi ka tsela epe fela go ka dira gore re itumele fa re ntse re direla Jehofa.

Morwadiame Yo ke Mo Ratang

Go ralala dingwaga, rre o ntse a lebile morwadie a gola a bo a dira boammaaruri jwa gagwe.

Ka maswabi, ga go na mafoko a a tsamaisanang le se o se batlang.