Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

 KGANG YA BOTSHELO

“Ke ne Ka Bona, Mme Ga ke A ka Ka Tlhaloganya”

“Ke ne Ka Bona, Mme Ga ke A ka Ka Tlhaloganya”

Ke ne ke le dingwaga di le pedi ka 1975 fa mmè a ne a simolola go belaela gore go na le sengwe se se phoso ka nna. Fa mmè a ntse a ntshwere, tsala nngwe ya gagwe e ne ya digela sengwe se se boima fa fatshe, sa dira modumo o mogolo. Mmè o ne a lemoga gore ga ke a ka ka tshoga le e seng. Fa ke le dingwaga di le tharo, ke ne ke sa ntse ke sa kgone go bua. Ka nako eo ba lelapa la gaetsho ba ne ba utlwa dikgang tse di tshosang—mankge mongwe o ne a tlhomamisa gore ga ke utlwe gotlhelele mo ditsebeng!

Fa ke ne ke sa ntse ke le lesea, batsadi ba me ba ne ba tlhalana, Mmè o ne a tshwanelwa ke go godisa nna le bonkgonne—bomorwarre ba le babedi le kgaitsadi a le mongwe—a le nosi. Ka nako eo, bana ba ba sa utlweng mo ditsebeng kwa Fora ba ne ba sa rutiwe ka tsela e go dirwang ka yone gompieno mme ka dinako tse dingwe go ne go dirisiwa ditsela tse di bogisang bana. Le fa go ntse jalo, go tloga bongwaneng ke ne ke na le ditshono tse dintsi tse batho ba bangwe ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba se nang tsone. Mma ke tlhalose.

Fa ke ne ke le dingwaga tse di ka nnang tlhano

Ka nakwana, barutisi ba le bantsi ba ne ba dumela gore bana ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba tshwanetse go rutiwa puo ya batho ba ba buang le gore ba lebelele dipounama tsa motho fa a bua. Tota e bile, kwa Fora, kwa ke goletseng gone, go dirisa puo ya diatla go ne go ileditswe gotlhelele kwa sekolong. Bana bangwe ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ne ba bo ba bofelelwa diatla ka fa morago ga mokwatla fa go rutiwa.

Mo dingwageng tsa me tsa ntlha tsa botshelo, ke ne ke dirisa diura di le mmalwa beke nngwe le nngwe ke na le ngaka ya puo. Ke ne ke tshwarwa ka lotlhaa kgotsa ka tlhogo ke bo ke patelediwa go boeletsa medumo e ke neng ke sa kgone go e utlwa. Ke ne ke sa kgone go buisana le bana ba bangwe. E ne e le dingwaga tse di utlwisang botlhoko mo go nna.

Mme fa ke le dingwaga di le thataro, ke ne ka romelwa kwa sekolong se se kgethegileng se se nang le bonno le dijo. E ne e le lekgetlho la ntlha ke kopana le bana ba bangwe ba ba sa utlweng mo ditsebeng. Le mo sekolong seno, puo ya diatla e ne e ileditswe. Fa re ne re dirisa puo ya diatla mo tlelaseng, re ne re itsenya mo kotsing ya go itewa mo ditokololong tsa diatla kgotsa go gogiwa moriri. Le fa go ntse jalo, re ne re dirisa puo ya diatla mo sephiring, re dirisa dikhoute tse re di itlhametseng. Kgabagare, ke ne ka kgona go buisana le bana ba bangwe. Dingwaga tsa me tse nnè tse di itumedisang di ne tsa simolola jalo.

Le fa go ntse jalo, fa ke le dingwaga di le lesome, ke ne ka fudusediwa kwa sekolong sa poraemari sa bana ba ba utlwang mo ditsebeng. Ke ne ke utlwile botlhoko tota! Ke ne ke akanya gore bana botlhe ba bangwe ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ne ba sule mme go ne go setse nna fela. Ka go latela kgakololo ya dingaka, tse di neng di boifa gore nka se solegelwe molemo ke kalafi ya puo, ba lelapa la gaetsho ga ba a ka ba ithuta puo ya diatla mme ke ne ke sa letlelelwa go kopana le bana ba ba sa utlweng mo ditsebeng. Ke sa ntse ke gakologelwa ke ile kwa go mankge wa ditsebe. O ne a na le buka ya puo ya diatla mo desekeng ya gagwe. Fa ke bona ditshwantsho ka fa ntle ga buka eo, ke ne ka e supa ke  re, “Ke a e batla!” Ngaka e ne ya fitlha buka eo ka bonako. *

FA KE SIMOLOLA GO ITHUTA KA DILO TSA SEMOYA

Mmè o ne a leka go re godisa ka melaometheo ya Bokeresete. O ne a ya le rona kwa dipokanong tsa Phuthego ya Mérignac ya Basupi ba ga Jehofa gaufi le Bordeaux. Fa ke ne ke le ngwana, ke ne ke sa tlhaloganye dilo di le dintsi kwa dipokanong. Le fa go ntse jalo, batho ba ba farologaneng ba ne ba refosana go bapa le nna go nkwalela dintlha ka se se buiwang. Ke ne ka amiwa ke lorato lwa bone le go amega ga bone. Fa re le kwa gae, Mmè o ne a ithuta Baebele le nna mme ke ne ke sa tlhaloganye se ke se rutiwang. Ke ne ke atle ke ikutlwe jaaka moporofeti Daniele, yo fa a sena go amogela boporofeti ka moengele a neng a re: “Ke ne ka utlwa, mme ga ke a ka ka tlhaloganya.” (Daniele 12:8) Mo go nna e ne e le kgang ya gore “Ke ne ka bona mme ga ke a ka ka tlhaloganya.”

Le fa go ntse jalo, ke ne ka simolola go tlhaloganya dithuto tsa konokono tsa Baebele ka bonya ka bonya. Ke ne ke boloka dilo tse ke neng ke di tlhaloganya sentle mme ke leka go di dirisa mo botshelong jwa me. Gape ke ne ke ithuta ka go ela tlhoko boitshwaro jwa batho ba bangwe. Ka sekai, Baebele ya re re nne pelotelele. (Jakobe 5:7, 8) Ke ne ke sa tlhaloganye gore tota seo se raya eng. Le fa go ntse jalo, ka go bona badumedi ka nna ba bontsha nonofo eno, ke ne ka kgona go tlhaloganya gore bopelotelele ke eng. Eleruri, phuthego ya Bokeresete e ile ya nthusa thata.

GO SWABISIWA MO GO BOTLHOKO LE GO BONA SENGWE SE KE SA SE LEBELELANG

Stéphane o ne a nthusa go tlhaloganya Baebele

Ka letsatsi lengwe, fa ke ne ke le mo dingwageng tsa me tsa bolesome, ke ne ka bona basha bangwe ba ba sa utlweng mo ditsebeng mo mmileng ba dirisa puo ya diatla. Ke ne ka simolola go itsalanya le bone mo sephiring mme ka simolola go ithuta puo ya diatla ya Sefora [French Sign Language] (FSL). Ke ne ka tswelela go ya kwa dipokanong tsa Bokeresete, kwa Mosupi mongwe yo mosha e bong Stéphane a neng a simolola go nkgatlhegela. O ne a dira maiteko a magolo go buisana le nna mme ke ne ka ikutlwa ke atamalane thata le ene. Le fa go ntse jalo, ke ne ke letetswe ke go swabisiwa mo go botlhoko. Stéphane o ne a isiwa kgolegelong ka ntlha ya go boloka boitlhaodi jwa Bokeresete. Ke ne ka utlwa botlhoko thata! Fa Stéphane a sa tlhole a le gone, ke ne ka kgobega marapo thata mme kgabagare ka tlogela go ya dipokanong.

Dikgwedi di le 11 moragonyana, Stéphane o ne a gololwa mme a boela gae. Akanya fela kafa ke neng ka gakgamala ka teng fa Stéphane a simolola go buisana le nna ka puo ya diatla. Ke ne ke sa dumele se ke se bonang! Go ne go diragetse eng? Stéphane o ne a ithuta puo ya diatla ya Sefora FSL fa a le kwa kgolegelong. Ke ne ka leba kafa Stéphane a tsamaisang diatla ka teng le tsela e sefatlhego sa gagwe se lebegang ka teng, mme boitumelo jwa me bo ne jwa gola fa ke simolola go akanya ka gore seno sotlhe se ka kaya eng mo go nna.

KGABAGARE KE TLHALOGANYA DITHUTO TSA BAEBELE

Stéphane o ne a simolola go ithuta Baebele le nna. E ne ya nna go tloga ka nako eo ke neng ka simolola go kopanya dithuto tsotlhe tsa Baebele tse ke neng ke di ithutile. Fa ke ne ke le ngwana, ke ne ke rata go lebelela ditshwantsho tse dintle mo dikgatisong tsa rona tsa Baebele, ke bapisa batho ba ba mo ditshwantshong le go sekaseka sengwe le sengwe go dira gore dikgang tseo di nwelele mo mogopolong wa me. Ke ne ke itse ka Aborahame, “losika” lwa gagwe le “boidiidi jo bogolo” mme e nnile fela fa ke bona dikgopolo tseo di tlhalosiwa ka puo ya diatla mo ke ileng ka tlhaloganya gore tota di kaya eng. (Genesise 22:15-18; Tshenolo 7:9) Go ne go se na pelaelo gore ke bone puo ya me ya tlholego, puo ya pelo ya me.

E re ka jaanong ke ne ke kgona go tlhaloganya se se buiwang kwa dipokanong, pelo ya me e ne ya amega mme ke ne ka batla go ithuta mo go oketsegileng. Stéphane o ne a nthusa go tlhaloganya Baebele mme ka 1992, ke ne ka ineela mo go Jehofa Modimo ka go kolobediwa. Le fa ke ne ke dirile kgatelopele, e re ka ke ne ke sa kgone go buisana le batho ba bangwe fa ke ne ke sa ntse ke le mosha, ke ne ke le ditlhong e bile ke le kelotlhoko.

 KAFA KE NENG KA LWANTSHA DITLHONG TSA ME KA TENG

Kgabagare, setlhopha se sennye sa batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng se ke neng ke le mo go sone se ne sa kopanngwa le phuthego ya kwa Pessac, motsesetoropo mongwe wa Bordeaux. Seo se ne sa thusa thata mme ke ne ka tswelela go dira kgatelopele ya semoya. Le fa ke ne ke sa ntse ke na le bothata jwa go buisana le batho ba bangwe, ditsala tsa me tse di utlwang mo ditsebeng di ne di tlhomamisa gore ke tlhaloganya sengwe le sengwe. Banyalani bangwe, e bong Gilles le Elodie, ba ne ba dira maiteko a a kgethegileng go buisana le nna. Gantsi ba ne ba ntaletsa gore ke ye go ja dijo le bone kgotsa go ya go nwa kofi le bone morago ga dipokano, mme seo se ne sa dira gore re nne le botsalano jo bo itumedisang. A bo e le boitumelo jang ne go nna fa gare ga batho ba ba latelang ditsela tse di lorato tsa Modimo!

Mosadi wa me e bong Vanessa, o nkema nokeng tota

E ne ya nna mo phuthegong eno mo ke ileng ka kopana le Vanessa yo montle. Ke ne ka kgatlhiwa ke go bo e le motho yo o akanyetsang ba bangwe e bile a rata tshiamiso. Ga a ise a ko a lebe go sa utlwe ga me mo ditsebeng e le sekgoreletsi, go na le moo, o ne a go tsaya e le tshono ya gore a ithute. Ke ne ka ratana le ene mme re ne ra nyalana ka 2005. Le fa ke sa ntse ke na le bothata jwa go buisana le batho, Vanessa o nthusitse go lwantsha ditlhong tsa me le gore ke bue ke gololesegile. Ke anaanela thata kemonokeng ya gagwe fa ke ntse ke diragatsa maikarabelo a me.

MPHO E NNGWE GO TSWA GO JEHOFA

Ka ngwaga o re nyalaneng ka one, ofisi ya lekala ya kwa Fora ya Basupi ba ga Jehofa kwa Louviers e ne ya ntaletsa go tla kgwedi go thapisediwa tiro ya go ranola. Mo dingwageng tsa bosheng lekala leno le ile la dira ka natla go gatisa dikgatiso di le mmalwa ka FSL mo DVD. Mme e re ka go ne go na le tiro e ntsi e e larileng kwa pele, setlhopha sa baranodi se ne se tlhoka go nonotshiwa.

Ke neela puo ya Baebele ka Puo ya Diatla ya Sefora

Nna le Vanessa re ne re akanya gore go bo ke bereka kwa lekaleng e ne e le tshiamelo e kgolo thata e bile e le mpho e e tswang kwa go Jehofa Modimo mme ke tshwanetse go dumela gore re ne re tshwenyegile. Go ne go tla direga eng ka setlhopha sa puo ya diatla? Re ne re tla dira eng ka ntlo ya rona? A Vanessa o ne a tla bona tiro kwa kgaolong eo? Ka tsela e e itumedisang, Jehofa o ne a rarabolola bothata bongwe le bongwe. Ke ne ka bona gore tota Jehofa o a re rata e bile o rata batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng.

GO ENGWA NOKENG KE BATHO BA BA NANG LE KUTLWANO

E re ka ke nnile le seabe mo tirong ya go ranola, ke kgona go tlhaloganya botoka sengwe le sengwe se se dirwang mme ke kgona go thusa batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ka dilo tsa semoya. Ruri go a itumedisa tota go bona badiri ka nna ba leka go buisana le nna! Go a intumedisa go bona ba ithuta matshwao a le mmalwa e bile ba leka go a dirisa. Ga ke ikutlwe ke kgaphetswe kwa thoko le e seng. Dilo tseo tsotlhe tse di supang lorato di bontsha kafa batho ba ga Jehofa ba nang le kutlwano e e tlhomologileng ka teng.—Pesalema 133:1.

Ke bereka mo Lefapheng la Thanolo kwa ofising ya lekala

Ke leboga Jehofa go bo ka phuthego ya Bokeresete, ka metlha a ile a tlhomamisa gore go na le mongwe yo o nthusang. Gape ke lebogela seabe se sennye se ke nnileng le sone go thusa batho ba ba sa utlweng mo ditsebeng ba ba tshwanang le nna go itse Mmopi wa rona yo o lorato le go atamalana le ene. Ke lebeletse pele letsatsi le ka lone dikgoreletsi tsotlhe tsa puisano di tla bong di tlositswe mme rotlhe re bua ‘puo e e itshekileng’—boammaaruri ka ga Jehofa Modimo le boikaelelo jwa gagwe—re le karolo ya lelapa le le seoposengwe.—Sefania 3:9.

^ ser. 9 E nnile fela ka 1991 fa puso ya Fora e dumela semolao gore go dirisiwe puo ya diatla go ruta bana ba ba sa utlweng mo ditsebeng.