Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Go Gopola Jesu Keresete

Go Gopola Jesu Keresete

“Nnang lo dire seno e le go nkgopola.”—LUKE 22:19.

Lebaka la go bo bangwe ba keteka Keresemose.

Malebana le Keresemose, batho bangwe ba re ba e keteka ka ntlha ya ga Jesu. Ba keteka Keresemose go gopola letsatsi la gagwe la botsalo.

Ke eng fa e le kgwetlho?

Mmino o o tumileng le dingwao di le dintsi tsa Keresemose ga di amane ka gope le Jesu Keresete. Dimilione tsa batho ba ba ketekang letsatsi leno la boikhutso ga ba na tumelo mo go ene; e bile bangwe ga ba dumele gore o kile a nna teng. Mo bagwebing, Keresemose e setse e le letsatsi la boikhutso la go bapatsa dithoto go na le gore e nne nako ya go gopola Jesu.

Ke melaometheo efe ya Baebele e e ka thusang?

“Morwa motho o ne a tla . . . go ntsha moya wa gagwe go nna thekololo gore a bone ba le bantsi.” (Mareko 10:45) Jesu o ne a bua mafoko a a nopotsweng kwa tshimologong ya setlhogo seno mo bosigong jwa pele ga a swa, ga go pelaelo gore ga a ka bua seo ka letsatsi la gagwe la botsalo. Mo bosigong joo, o ne a ntsha taelo e e motlhofo ya go gopola loso lwa gagwe. Le fa go ntse jalo, ke ka ntlha yang fa Jesu a ne a batla gore balatedi ba gagwe ba gopole loso lwa gagwe go na le gore ba gopole botsalo jwa gagwe? Ka gonne setlhabelo sa thekololo sa ga Jesu se naya batho ba ba kutlo tshono ya go amogela botshelo jo bo sa khutleng. Baebele ya re: “Dituelo tse boleo bo di duelang ke loso, mme mpho e Modimo a e nayang ke botshelo jo bo sa khutleng ka Keresete Jesu Morena wa rona.” (Baroma 6:23) Ka jalo, ngwaga le ngwaga ka segopotso sa loso lwa ga Jesu Keresete, balatedi ba gagwe ga ba mo gopole e le losea lo lo sa kgoneng go itirela sepe mme ba mo gopola e le “mmoloki wa lefatshe.”—Johane 4:42.

“Keresete o ne a boga ka ntlha ya lona, a lo tlogelela sekao gore lo latele dikgato tsa gagwe gaufiufi.” (1 Petere 2:21) Gore o tlotle le go gopola Jesu, o tshwanetse go ithuta ka sekao sa gagwe e le monna yo o itekanetseng le yo o botlhale. Gape tlhatlhanya ka tsela e Jesu a ileng a bontsha kutlwelobotlhoko, bopelotelele le bopelokgale jwa go dira se se siameng ka yone mme o batle ditshono tsa go mo etsa mo botshelong jwa gago.

“Bogosi jwa lefatshe bo fetogile bogosi jwa Morena wa rona le jwa ga Keresete wa gagwe, mme o tla busa e le kgosi ka bosaengkae le go ya go ile.” (Tshenolo 11:15) Fa o gopola Jesu Keresete, akanya ka se a se dirang gone jaanong. Jesu o busa e le kgosi kwa legodimong. Lefoko la Modimo le ne la bolelela pele jaana malebana le Jesu: “O tla atlhola batho ba maemo a a kwa tlase ka tshiamo, mme o tla naya ba ba pelonolo ba lefatshe kgalemelo ka thokgamo.” (Isaia 11:4) Dinonofo tse di kgatlhang tseo ga se tsa losea lo e leng gone lo tsholwang, mme ke tsa Mmusi yo o maatla.