Babadi ba a Botsa . . .
A Tota Ga go Re Sepe mo Modimong Gore ke a Goga?
▪ Motho yo tota a batlang go itse a ka botsa potso eo ka gonne ga go na molao ope mo Baebeleng o o buang ka motsoko. A seo se raya gore go thata go tlhaloganya gore Modimo o akanyang ka kgang eo? Nnyaa, le e seng.
Baebele ya re “Lokwalo lotlhe lo tlhotlheleditswe ke Modimo.” (2 Timotheo 3:16) Dikwalo di na le dipolelo le melaometheo e e utlwalang sentle e e senolang kafa Modimo a batlang gore re tlhokomele botsogo jwa rona ka teng. Sa ntlha, mma re sekaseke se babatlisisi ba se ribolotseng malebana le kotsi e motsoko o e bakelang botsogo jwa motho. Go tswa foo, re tla sekaseka kafa melaometheo ya Baebele e amanang ka teng le dilo tse ba di fitlheletseng.
Motsoko o senya boitekanelo jwa motho jwa mmele e bile o baka dintsho tse di neng di ka thibelwa. Kwa United States, motsoko o bolaya motho a le 1 mo go ba le 5. Pego ya National Institute on Drug Abuse ya re kwa nageng eo go goga motsoko go bolaya batho ba le bantsi ngwaga le ngwaga go feta ba ba swang ka ntlha ya “go nwa bojalwa, go dirisa diokobatsi, go bolawa, go ipolaya, dikotsi tsa koloi le AIDS di kopantswe tsotlhe.”
Batho ba ba gogang motsoko ba tsenya botsogo jwa batho ba bangwe mo kotsing. Fa fela motho a hema mosi wa motsoko botshelo jwa gagwe bo nna mo kotsing. Batho ba ba sa gogeng mme ba hema mosi wa motsoko o o gogwang ke batho ba bangwe ba mo kotsing ya go tshwarwa ke kankere ya makgwafo le bolwetse jwa pelo ka diperesente di le 30. Bosheng jaana, dingaka di lemogile kotsi e nngwe ya masalela a mosi wa motsoko. Ano ke masalela a dikhemikale tsa motsoko a a saletseng mo diaparong, mo dikhapeteng le fa fatshe, morago ga gore mosi o nyelele. Dikhemikale tseo tse di nang le botlhole di tsenya segolobogolo botsogo jwa bana mo kotsing e bile di ka koafatsa bokgoni jwa bone jwa go ithuta.
Motsoko o a tshwakgola. O dira gore motho yo a o gogang a nne lekgoba la mokgwa ono o o kotsi. Tota e bile, babatlisisi ba dumela gore nikotine, khemikale ya konokono mo motsokong, ke nngwe ya dilo tse di tshwakgolang tse go leng thata go di tlogela.
Melaometheo ya Baebele e amana jang le dintlha tseo? Ela tlhoko dintlha tse di latelang:
Modimo o batla gore re tlotle botshelo. Mo Molaong o Modimo a neng a o naya setšhaba sa Iseraele, o ne a re batho ba ba batlang go mo itumedisa ba tshwanetse go tlotla botshelo. (Duteronome 5:17) Baiseraele ba ne ba tshwanetse go aga lobotana lo lo thekeletsang, kgotsa lobota lo lonnye go ela kwa bofelong jwa marulelo a matlo a bone. Ka ntlha yang? Marulelo a ne a le sephaphathi mme batho ba ne ba nna mo go one. Lobota lo ne lo thibela ba lelapa le ba bangwe gore ba se ka ba wa ba bo ba gobala kgotsa ba swa. (Duteronome 22:8) Mo godimo ga moo, Baiseraele ba ne ba tshwanetse go tlhomamisa gore diphologolo tsa bone di ne di ka se gobatse batho ba bangwe. (Ekesodo 21:28, 29) Motho yo o gogang motsoko o tlola melaometheo e melao eo e theilweng mo go yone. O senya botsogo jwa gagwe ka boomo. Mo godimo ga moo, go goga ga gagwe go tsenya matshelo a batho ba ba gaufi le ene mo kotsing.
Modimo o lebeletse gore re mo rate re bo re rate le baagelani ba rona. Jesu Keresete o ne a re balatedi ba gagwe ba tshwanetse go ikobela ditaelo tse dikgolo tse pedi. Ba tshwanetse go rata Modimo ka dipelo tsa bone tsotlhe, le ka moya le ka mogopolo le ka maatla a bone otlhe le gore ba rate baagelani ba bone jaaka ba ithata. (Mareko 12:28-31) E re ka botshelo e le mpho e e tswang kwa Modimong, motho yo o gogang o bontsha gore ga a tlotle mpho eo e bile ga a rate Modimo. (Ditiro 17:26-28) Mokgwa oo o ka gobatsa batho ba bangwe, ka jalo maiphako ape fela a a a dirang a gore o rata moagelani wa gagwe ga a boammaaruri.
Modimo o batla gore re tile mekgwa e e seng phepa. Baebele e laela Bakeresete gore ba intlafatse mo ‘lesweng lengwe le lengwe la nama le moya.’ (2 Bakorintha 7:1) Kwantle ga pelaelo, motsoko o leswefatsa motho. Batho ba ba batlang go tlogela motsoko gore ba itumedise Modimo ba lebane le kgwetlho e e seng kana ka sepe. Le fa go ntse jalo, ka thuso ya Modimo, ba ka kgona go tlogela mokgwa ono o o leswafatsang.