A Ruri Modimo o Amega ka Wena?
A Ruri Modimo o Amega ka Wena?
A O IKUTLWA o ratiwa? A kgotsa o a tle o akanye gore ga go ope yo o amegang ka wena? Mo lefatsheng leno le go tshelelwang mo lobelong mo go lone le le le tletseng boithati, go ka nna motlhofo go dumela gore ga o botlhokwa ka sepe. Fela jaaka Baebele e tlhalosa batho ba motlha wa rona, ba le bantsi ba tlhomile mogopolo thata mo dilong tse di amang bone fela mo e leng gore bontsi jwa bone ga ba amege ka ba bangwe.—2 Timotheo 3:1, 2.
Go sa kgathalesege gore batho ba na le dingwaga tse kae, ke ba setso sefe, ba bua puo efe kgotsa ke ba lotso lofe, botlhe ba ikutlwa ba tlhoka go rata le go ratiwa fela thata. Dipego dingwe di bontsha gore thulaganyo ya rona ya ditshika e diretswe gore re kgone go utlwa fa re ratiwa le fa re tshwarwa sentle. Jehofa Modimo yo o re bopileng, o tlhaloganya go feta le fa e le motho ope fela kafa re tlhokang go ratiwa le go anaanelwa ka teng. O ne o ka ikutlwa jang fa a ne a ka go tlhomamisetsa gore o go tsaya o le botlhokwa? Ruri e ne e ka nna sengwe se se botlhokwa thata se se kileng sa go diragalela. A ruri re ka tlhomamisega gore Jehofa o amega ka batho ba ba sa itekanelang? A o amega ka mongwe le mongwe wa rona? Fa go ntse jalo, ke eng se se dirang gore motho a ratege mo Modimong?
Ruri Jehofa o a Amega
Dingwaga di ka nna 3 000 tse di fetileng, mopesalema yo o boifang Modimo o ne a jesiwa kgakge ke go bona bogolo le bontle jwa loapi lo lo tletseng dinaledi bosigo. O ne a tlhatswegile pelo gore ruri Ene yo o bopileng dinaledi tse re ka se kgoneng go di bala o mogolo go gaisa. Mopesalema o ne a akanya ka bogolo jwa ga Jehofa le kafa motho a leng monnye ka gone mme a bolela jaana kafa a gakgamaditsweng ka teng ke tsela e Jehofa a amegang ka lorato ka yone: “Fa ke bona magodimo a gago, ditiro tsa menwana ya gago, ngwedi le dinaledi tse o di baakantseng, motho yo o nang le go swa ke eng go bo o nna o mo gopotse, le morwa motho wa mo lefatsheng ke eng go bo o mo tlhokomela?” (Pesalema 8:3, 4) Go ka nna motlhofo go swetsa ka gore Mogodimodimo o kgakala thata kgotsa o tshwaregile thata gore a ka amega ka batho ba ba sa itekanelang. Le fa go ntse jalo, mopesalema o ne a itse gore le fa re sa lekane le Modimo ka bogolo e bile re tshela nako e khutshwane, Modimo o re tsaya re le botlhokwa.
Mopesalema yo mongwe o ne a re tlhomamisetsa jaana: “Jehofa o ipelela ba ba mmoifang, ba ba letelang bopelonomi jwa gagwe jwa lorato.” (Pesalema 147:11) Mafoko a dipesalema tseno ka bobedi a ama maikutlo. Le fa Jehofa a le mogolo thata, ga a itse fela gore batho ba teng. Go na le moo, o a ‘ba tlhokomela’ e bile o a ‘ba ipelela.’
Ntlha eno e gatelelwa le ke boporofeti jwa Baebele jo bo tlhalosang ditiragalo tse di diragalang mo motlheng wa rona. Jehofa o ne a dirisa moporofeti Hagai go bontsha gore dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo di ne di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe. Seo se ne se tla felela ka eng? Ela tlhoko mangwe a matswela a gone: “Dilo tse di eletsegang tsa ditšhaba tsotlhe di tla tsena; mme ke tla tlatsa ntlo eno ka kgalalelo.”—Hagai 2:7.
“Dilo tse di eletsegang” tseno tse di tswang mo ditšhabeng tsotlhe ke eng? E ka se ka ya bo e le dikhumo. (Hagai 2:8) Se tota se ipedisang pelo ya ga Jehofa ga se selefera le gouta. O ipelela batho ba ba mo obamelang ka go bo ba mo rata le fa ba na le makoa. (Diane 27:11) Ke “dilo tse di eletsegang” tse di mo tlisetsang kgalalelo, mme o itumelela boineelo jwa bone jo bo tswang pelong le tirelo e ba e dirang ka tlhagafalo. A o mongwe wa bone?
Go ka nna ga lebega go le thata go dumela gore Mmopi yo Mogolo wa lobopo a ka tsaya batho ba ba sa itekanelang e le batho ba ba eletsegang. Mme seo se boammaaruri e bile se tshwanetse go re tlhotlheletsa go amogela taletso e e lorato ya gore re atamalane le ene.—Isaia 55:6; Jakobe 4:8.
“O Mongwe yo o Rategang Thata”
Fa moporofeti Daniele a setse a tsofetse, o ne a diragalelwa ke sengwe se se gakgamatsang mo maitseboeng mangwe. Fa Daniele a ntse a rapela, o ne a nna le moeng yo o tlotlegang a sa mo lebelela. Leina la gagwe e ne e le Gabariele. Daniele o ne a kile a mmona, ka jalo o ne a itse gore ke moengele wa ga Jehofa. Gabariele o ne a mmolelela lebaka la go bo a ne a tlile ka tshoganetso: “Wena Daniele, jaanong ke tlile go go dira gore o nne le temogo le go tlhaloganya . . . ka gonne o mongwe yo o rategang [thata].”—Daniele 9:21-23.
Ka lekgetlo le lengwe, mongwe wa baengele ba ga Jehofa o ne a bua le Daniele a re: “Wena Daniele, monna yo o rategang thata.” Go tswa foo moengele o ne a nonotsha Daniele a mo raya a re: “O se ka wa boifa, wena motho yo o rategang thata. E kete o ka nna le kagiso.” (Daniele 10:11, 19) Ka jalo Daniele o tlhalosiwa e le “yo o rategang thata” makgetlo a le mmalwa. Polelwana eno gape e ka raya “yo o ratiwang thata,” “yo o tseelwang kwa godimo thata” kgotsa “mmamoratwa.”
Kwantle ga pelaelo, Daniele o ne a setse a ikutlwa a le gaufi le Modimo wa gagwe e bile o ne a lemoga gore Jehofa o amogela tirelo e a mo direlang yone ka pelo yotlhe. Mme mafoko ao a a bontshang lorato lo logolo lwa Modimo a a neng a a bua a dirisa morongwa wa gagwe wa moengele, a tshwanetse a bo a ile a mo kgothatsa tota. Ga go gakgamatse go bo Daniele a ne a re: “O nnonotshitse.”—Daniele 10:19.
Baroma 15:4) Go akanya ka sekai sa ga Daniele go re thusa go tlhaloganya gore ke eng se se dirang gore motho a ratege mo matlhong a ga Rraarona yo o lorato yo o kwa legodimong.
Pego e e kgothatsang e e bontshang lorato lo Jehofa a neng a rata moporofeti wa gagwe yo o ikanyegang ka lone e kwadilwe mo Lefokong la Modimo gore e re solegele molemo. (Ithute Lefoko la Modimo ka Metlha
Daniele e ne e le moithuti yo o tlhoafetseng wa Dikwalo. Re itse seno ka gonne ene ka boene o ne a kwala a re: “Ke ne ka lemoga ka dibuka, palo ya dingwaga . . . tse Jerusalema e neng e tla swafadiwa ka tsone.” (Daniele 9:2) Dibuka tse a neng a na le tsone ka nako eo di ka tswa di akaretsa mekwalo e e tlhotlheleditsweng ya ga Moshe, Dafide, Solomone, Isaia, Jeremia, Esekiele le baporofeti ba bangwe. Re ka akanya Daniele a faraferwe ke memeno e mentsintsi, a tsentse tlhogo mo go yone, a bala le go bapisa mafoko a boporofeti a a neng a amana le go tsosolosiwa ga kobamelo ya boammaaruri kwa Jerusalema. O tshwanetse a bo a ile a tlhatlhanya thata ka bokao jwa mekwalo eo, gongwe a le kwa phaposing ya gagwe e e kwa borulelong, go se na sepe se se mo itayang tsebe. Go ithuta ga gagwe ka tlhoafalo go ne ga mo nonotsha tumelo mme ga mo atamalanya le Jehofa.
Gape go ithuta Lefoko la Modimo go ne ga bopa botho jwa ga Daniele mme ga ama tsela e a neng a tshela ka yone. Kwantle ga pelaelo tsela e a ileng a rutwa Dikwalo ka yone a sa le mmotlana e ile ya dira gore a ititeye sehuba go tswa bongwaneng gore a latele dikaelo tse di mo Molaong wa Modimo tse di neng di dira ka nako eo malebana le dijo. (Daniele 1:8) Moragonyana o ne a bolelela babusi ba kwa Babelona molaetsa wa Modimo ka bopelokgale. (Diane 29:25; Daniele 4:19-25; 5:22-28) O ne a itsege e le senatla e bile a ikanyega. (Daniele 6:4) Mo godimo ga moo, mo boemong jwa gore Daniele a tlole molao wa Modimo gore a boloke botshelo jwa gagwe, o ne a ikanya Jehofa ka botlalo. (Diane 3:5, 6; Daniele 6:23) Ga go gakgamatse go bo a ne a ‘ratega thata’ mo matlhong a Modimo!
Ka ditsela dingwe, go ithuta Baebele gompieno go motlhofo go feta ka nako ya ga Daniele. Ga go tlhole go dirisiwa memeno e megolo mme go dirisiwa dibuka tse go leng motlhofo go di dirisa. Gone jaanong re na le Baebele e e feletseng, go akaretsa pego e e kwadilweng ya kafa bongwe jwa boporofeti jwa ga Daniele bo neng jwa diragadiwa ka teng. Gape re na le dibuka tse dintsi tse di re thusang go ithuta Baebele le go dira dipatlisiso. * A o dirisa didirisiwa tseno ka botlalo? A o ipha nako ya go bala Baebele le go tlhatlhanya ka metlha? Fa o dira jalo o tla solegelwa molemo fela jaaka Daniele. O tla kgona go nonotsha tumelo ya gago le go dira gore o nne le kamano e e gaufi le Jehofa. Lefoko la Modimo le tla go kaela mo botshelong jwa gago le go go tlhomamisetsa gore Modimo o a go rata.
Nnela Ruri mo Thapelong
Daniele o ne a tsaya thapelo e le botlhokwa. O ne a kopa Modimo dilo tse di tshwanetseng. Fa a sa le lekawana, o ne a ka bolawa fa a ne a ka palelwa ke go tlhalosa toro ya ga Kgosi Nebukadenesare wa kwa Babelona. Daniele ga a ka a okaoka, o ne a rapela Jehofa gore a mo eme nokeng le go mo sireletsa. (Daniele 2:17, 18) Dingwaga moragonyana, moporofeti yono yo o ikanyegang o ne a bontsha ka boikokobetso gore o lemoga bosaitekanelang jwa gagwe mme a ipolela boleo mmogo le boleo jwa batho ba gagabo mme a kopa gore Jehofa a ba itshwarele. (Daniele 9:3-6, 20) Fa Daniele a ne a sa tlhaloganye dilo tse a neng a di senolelwa ka tlhotlheletso ya moya, o ne a kopa Modimo gore a mo thuse. Nako nngwe moengele yo e neng ya re moragonyana a etela Daniele go mo neela tshedimosetso e e oketsegileng o ne a mo tlhomamisetsa jaana: “Mafoko a gago a utlwilwe.”—Daniele 10:12.
Mme fa Daniele yo o ikanyegang a ne a rapela Modimo o ne a sa kope fela. Daniele 6:10 ya re: “Gararo mo letsatsing [o ne] a rapela e bile a isa pako fa pele ga Modimo wa gagwe, fela jaaka a ne a ntse a dira jalo ka metlha.” Daniele o ne a na le mabaka a mantsi a go leboga le go baka Jehofa. Mme o ne a dira jalo ka metlha. Ee, thapelo e ne e le botlhokwa thata mo kobamelong ya gagwe mo e leng gore o ne a ka se tlogele go rapela, tota le fa botshelo jwa gagwe bo ne bo le mo kotsing. Ee ruri, Jehofa o ne a mo rata ka ntlha ya go nitama ga gagwe.
A bo tshiamelo ya go rapela e le mpho e e molemo jang ne! O se ka wa tlodisa letsatsi o sa bue le Rraago yo o kwa legodimong. Gopola go mo leboga le go mmaka ka ntlha ya sotlhe se se molemo se a se dirang. Bua le ene o gololesegile ka dilo tse o tlhobaelang ka tsone le tse di go tshwenyang. Akanya kafa a arabileng dikopo tsa gago ka teng, mme o leboge. Iphe nako ya go rapela o sa itlhaganela. Fa re rapela Jehofa jalo re mmulela mafatlha, re kgona go bona kafa a re ratang ka teng. Ruri seo se tshwanetse sa re tlhotlheletsa go ‘nnela ruri mo thapelong’!—Baroma 12:12.
Galaletsa Leina la ga Jehofa
Batho ba ka se tswelele e le ditsala fa mongwe wa bone a ikakanyetsa a le esi fela. Go ntse jalo le ka kamano ya rona le Jehofa. Daniele o ne a itse seo. Akanya kafa a neng a tshwenyegile thata ka teng ka go galaletsa leina la ga Jehofa.
Fa Modimo a ne a araba thapelo ya ga Daniele ka go mo senolela toro ya ga Nebukadenesare le tlhaloso ya yone, Daniele o ne a re: “A leina la Modimo le bakwe go tswa bosasimologeng go ya bosakhutleng, ka ntlha ya botlhale le thata—gonne ke tsa gagwe.” Moragonyana fa Daniele a ne a bolelela Nebukadenesare toro ya gagwe le bokao jwa yone, gangwe le gape o ne a isa tlotlo kwa go Jehofa, a gatelela gore ke ene fela “Mosenodi wa diphiri.” Ka tsela e e tshwanang, fa Daniele a kopa go itshwarelwa le go gololwa, o ne a rapela jaana: “Modimo wa me, . . . leina la gago le biditswe mo motseng wa gago le mo bathong ba gago.”—Daniele 2:20, 28; 9:19.
Go na le makgetlo a mantsi a ka one re ka etsang Daniele malebana le ntlha eno. Fa re rapela re ka bontsha gore re tshwenyegile ka gore “leina la [Modimo] le itshepisiwe.” (Mathaio 6:9, 10) Le ka motlha re ka se rate gore boitshwaro jwa rona bo dire gore leina la ga Jehofa le le boitshepo le kgobiwe. Go na le moo, e kete re ka nna re galaletsa Jehofa ka metlha ka go bolelela ba bangwe se re se ithutang ka dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa gagwe.
Gone ke boammaaruri gore mo lefatsheng le re tshelang mo go lone, batho ga ba ratane e bile ga ba amege ka ba bangwe. Le fa go ntse jalo, re ka gomodiwa thata ke go itse gore ruri Jehofa o amega ka mongwe le mongwe wa baobamedi ba gagwe. Fela jaaka mopesalema a bolela: “Jehofa o ipelela batho ba gagwe. O ntlafatsa ba ba pelonolo ka poloko.”—Pesalema 149:4.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 18 Basupi ba ga Jehofa ba gatisa dilo tse dintsi tsa go dira dipatlisiso le go ithuta tse di ka go thusang gore o solegelwe molemo thata fa o bala le go ithuta Baebele. Fa o rata go nna le dikgatiso tseno, tsweetswee di kope mo go ope fela wa Basupi ba ga Jehofa.
[Mafoko a a mo go tsebe 21]
Modimo o ne a bontsha gore o rata Daniele ka go romela moengele Gabariele gore a mo nonotshe
[Mafoko a a mo go tsebe 23]
Tsela e Daniele a neng a ithuta le go rapela ka tlhoafalo ka yone e ne ya tokafatsa botho jwa gagwe ya bo ya dira gore Modimo a mo rate