Bogosi Jwa Modimo bo Tla Tla Leng?
Bogosi Jwa Modimo bo Tla Tla Leng?
“MORENA, a o busetsa bogosi mo Iseraele mo nakong eno?” (Ditiro 1:6) Baaposetoloi ba ne ba tlhoafaletse go itse gore Jesu o ne a tla tlhoma leng Bogosi jwa gagwe. Tota le gompieno morago ga dingwaga di ka nna 2 000, batho ba sa ntse ba tlhoafaletse go itse gore: Bogosi jwa Modimo bo tla tla leng?
E re ka setlhogo se segolo sa thero ya ga Jesu e ne e le Bogosi, o ka nna wa tsaya gore o ne a tlotla ka potso eno. Mme eleruri o ne a tlotla ka yone! O ile a bua makgetlho a le mantsi ka lobaka lo lo rileng lwa nako lo a neng a re ke “go nna gone” ga gagwe. (Mathaio 24:37) Go nna gone ga gagwe, go amanngwa thata le go tlhomiwa ga Bogosi jwa ga Mesia. Go nna gone ga gagwe go kaya eng? Mma re sekasekeng dintlha di le nnè tse Baebele e re bolelelang tsone ka go nna gone ga ga Keresete.
1. Go nna gone ga ga Keresete go ne go tla simolola lobaka lo loleele morago ga loso lwa gagwe. Jesu o ne a dira setshwantsho se mo go sone a neng a itshwantsha le monna yo o neng a “etela kwa lefatsheng le le kgakala go ya go ikamogelela maatla a segosi.” (Luke 19:12) Setshwantsho seo sa boporofeti se ile sa diragadiwa jang? Jesu o ne a swa le go tsosiwa; mme o ne a etela kwa “lefatsheng le le kgakala” e leng kwa legodimong. Fela jaaka Jesu a ile a bolelela pele mo setshwantshong se sengwe se se tshwanang le seo, go boa ga gagwe a na le maatla a segosi go ne go tla tla fela “morago ga nako e telele.”—Mathaio 25:19.
Dingwaga di sekae fa Jesu a sena go tlhatlogela kwa legodimong, moaposetoloi Paulo o ne a kwala jaana: “Monna yono [Jesu] o ne a isetsa ruriruri setlhabelo se le sengwe tshupelo a se isetsa maleo a ba a nna kafa seatleng sa moja sa Modimo, go tloga ka nako eo go ya pele a letile go fitlha baba ba gagwe ba bewa jaaka sebeo sa dinao tsa gagwe.” Bahebera 10:12, 13) Ka jalo, Jesu o ne a leta lobaka lo loleele fa a sena go fitlha kwa legodimong. Kgabagare go leta moo go ne ga fela fa Jehofa Modimo a ne a tlhoma Morwawe go nna Kgosi ya Bogosi jwa ga Mesia jo bo sa leng bo solofediwa. Go nna gone ga ga Keresete go ne ga simolola ka nako eo. A batho mo lefatsheng ba ne ba ka kgona go bona tiragalo eno e e botlhokwa?
(2. Batho ga ba ka ke ba bona go nna gone ga gagwe. Gakologelwa gore Jesu o ile a bua ka sesupo sa go nna gone ga gagwe. (Mathaio 24:3) Fa e le gore batho ba ne ba tla bona go nna gone ga gagwe, a tota go ne go tla tlhokega sesupo? Go tshwantsha: Akanya o tsaya loeto go ya go bona lewatle. Fa o ntse o le mo tseleng o ka nna wa bona matshwao a a go bontshang kwa o yang teng, mme fa o setse o eme fa lotshitshing lwa lewatle, mo bophadiphading jwa metsi a go sa bonaleng kwa a felelang teng, a o ne o ka lebelela go bona letshwao le legolo le le supang kwa pele le le kwadilweng ka ditlhaka tse dikgolo lefoko le le reng, “Lewatle”? Nnyaa le eseng! Ga go tlhokege gore go nne le letshwao la selo se o kgonang go se bona.
Jesu o ne a tlhalosa sesupo sa go nna gone ga gagwe, e seng go bontsha batho sengwe se ba neng ba ka kgona go se bona, mme go na le moo o ne a batla go ba thusa go lemoga sengwe se se neng se tla direga kwa legodimong. Ke gone ka moo Jesu a neng a re: “Bogosi jwa Modimo ga bo tle bo lemotshega pepenene.” (Luke 17:20) Jaanong, sesupo seo se ne se tla bontsha jang batho ba ba mo lefatsheng gore go nna gone ga ga Keresete go setse go simolotse?
3. Go nna gone ga ga Jesu go ne go tla bonala ka matshwenyego a a botlhoko a a neng a tla nna gone mo lefatsheng. Jesu o ne a bolela gore go nna gone ga gagwe e le Kgosi kwa legodimong go ne go tla lemotshega ka dintwa mo lefatsheng, leuba, dithoromo tsa lefatshe, bolwetse jwa leroborobo le tlolomolao. (Mathaio 24:7-12; Luke 21:10, 11) Ke eng se se neng se tla baka matlhotlhapelo ano otlhe? Baebele e tlhalosa gore Satane “mmusi wa lefatshe leno” o tletse bogale ka gonne o a itse gore o na le lobaka lo lokhutshwane lwa nako e re ka jaanong go nna gone ga ga Keresete e le Kgosi go setse go simolotse. (Johane 12:31; Tshenolo 12:9, 12) Mo motlheng ono wa rona go na le bosupi bo le bontsi le jo bo bonalang sentle jwa gore Satane o galefile le jwa go nna gone ga ga Keresete. Bosupi jono bo ne jwa bonala mo lefatsheng lotlhe e bile e le ka selekanyo se se iseng se ko se direge pele segolobogolo go tloga ka 1914, e leng ngwaga o bakwalahisitori ba o tlhalosang o nnile le diphetogo.
Dilo tseno tsotlhe di ka utlwala e kete ke dikgang tse di bosula, mme tota ga go a nna jalo. Di supa gore gone jaanong Bogosi jwa ga Mesia bo a busa kwa legodimong. Go ise go ye kae, puso eno e tla busa lefatshe lotlhe. Ka jalo, batho ba tla itse jang ka Bogosi jono gore ba amogele puso ya jone le go nna babusiwa mo go jone?
4. Go nna gone ga ga Jesu go bonala ka tiro ya go rera e e dirwang mo lefatsheng lotlhe. Jesu o ne a bolela gore go nna gone ga gagwe go ne go tla tshwana le “malatsi a ga Noa.” * (Mathaio ) Noa e ne e se moagi fela wa araka; gape e ne e le “moreri wa tshiamo.” ( 24:37-392 Petere 2:5) O ne a tlhagisa batho gore katlholo ya Modimo e ne e le gaufi. Jesu o ne a bolela gore balatedi ba gagwe ba ne ba tla dira se se tshwanang le seo mo nakong ya go nna gone ga gagwe. O ne a bolelela pele jaana: “Dikgang tse di molemo tseno tsa bogosi di tla rerwa mo lefatsheng lotlhe le le nang le banni gore e nne bosupi mo ditšhabeng tsotlhe; mme go tswa foo bokhutlo bo tla tla.”—Mathaio 24:14.
Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, Bogosi jwa Modimo bo tla nyeletsa dipuso tsotlhe tsa lefatshe leno. Tiro ya rona ya go rera e tlhagisa batho gore ba itse gore puso eno ya selegodimo e tla tloga e tsaya kgato, e bile e ba naya tshono ya gore ba falole tshenyego e e tlang le go nna babusiwa mo Bogosing joo. Potso ya botlhokwa jaanong ke gore, Wena o tla dira eng?
A Bogosi jwa Modimo ke Dikgang Tse di Molemo mo go Wena?
Molaetsa o Jesu a neng a o rera e ne e le wa tsholofelo e e ka se kang ya bapisiwa le epe. Morago ga botsuolodi jwa kwa Edene dingwaga di le diketekete tse di fetileng, Jehofa Modimo o ne a ikaelela go tlhoma puso e e neng e tla baakanya dilo, le go busetsa batho ba ba ikanyegang mo boemong jo Modimo a neng a ikaeletse gore ba nne mo go jone fa e sa le kwa tshimologong—botshelo jo bo sa khutleng mo lefatsheng la Paradaise. Ga go sepe se se itumedisang go gaisa go itse gore puso eno e e sa leng e solofeditswe e a busa gone jaanong kwa legodimong. Seno ga se go ijesa dijo tsa ditoro fela, go na le moo ke selo sa mmatota!
Gone jaanong, Kgosi e e tlhomilweng ke Modimo e busa mo gare ga baba ba yone. (Pesalema 110:2) Mo lefatsheng leno le le bosula le le ikgaogantseng le Modimo, Mesia o diragatsa keletso ya ga Rraagwe ka go senka botlhe ba tota ba batlang go itse Modimo le go mo obamela ka “moya le ka boammaaruri.” (Johane 4:24) Batho ba ditso tsotlhe, ba dingwaga tse di farologaneng le ba maemo a a sa tshwaneng ba na le tsholofelo ya go tshelela ruri mo pusong ya Bogosi jwa Modimo. (Ditiro 10:34, 35) Re go rotloetsa go amogela tshono eno e e molemolemo e o e newang. Ithute ka Bogosi jwa Modimo gone jaanong, gore o tle o itumelele go tshela ka bosakhutleng mo pusong ya jone e e siameng!—1 Johane 2:17.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 10 Mafoko ano a ga Jesu a thusa go baakanya mogopolo o o phoso o dithanolo dingwe tsa Baebele di o tlhagisang ka go sa ranole sentle mafoko “go nna gone.” Dithanolo dingwe di ranola mafoko ano jaana, “go tla” kgotsa “go boa,” mme ditlhaloso tseno di kaya lobaka lo lokhutshwane lwa nako. Mme gone ela tlhoko gore Jesu ga a ka a tshwantsha go nna gone ga gagwe le letsatsi la Morwalela wa ga Noa, e leng tiragalo e e diragetseng gangwe fela, go na le moo o ile a go tshwantsha le “malatsi a ga Noa” e leng motlha o mo go one go neng go na le ditiragalo tse di botlhokwa thata. Fela jaaka mo motlheng oo wa bogologolo, go nna gone ga ga Keresete e tla nna lobaka lwa nako e mo go yone batho ba tla bong ba tshwaregile thata ka ditiro tsa letsatsi le letsatsi mo ba se kitlang ba lemoga tlhagiso e ba e newang.
[Ditshwantsho mo go tsebe 8, 9]
Dikgang tse di bosula tse re di utlwang letsatsi le letsatsi di supa gore dilo tse di molemo di gaufi le go tla
[Motswedi wa Setshwantsho]
Antiaircraft gun: U.S. Army photo