Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

“O Rate Moagelani wa Gago Jaaka o Ithata”

“O Rate Moagelani wa Gago Jaaka o Ithata”

“[Taolo] ya bobedi . . . ke eno: ‘O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.’”—MATH. 22:39.

1, 2. (a) Jesu o ne a re taolo ya bobedi e kgolo thata mo Molaong ke efe? (b) Re tlile go sekaseka dipotso dife?

MOFARASAI mongwe o ne leka Jesu ka go mmotsa jaana: “Moruti, taelo e kgolo thata mo Molaong ke efe?” Jaaka re bone mo setlhogong se se fetileng, Jesu o ne a mo araba ka gore “taelo e kgolo thata e bile e le ya ntlha” ke eno: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le ka mogopolo otlhe wa gago.” Go tswa foo Jesu o ne a re: “Ya bobedi, e e tshwanang le yone, ke eno, ‘O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.’”—Math. 22:34-39.

2 Jesu o ne a re re tshwanetse go rata baagelani ba rona jaaka re ithata. Ka jalo, go tla bo go le molemo gore re ipotse jaana: Tota moagelani wa rona ke mang? Re ka bontsha jang lorato lwa boagelani?

TOTA MOAGELANI WA RONA KE MANG?

3, 4. (a) Jesu o ne a dirisa setshwantsho sefe go araba potso e e reng: “Ke mang tota yo e leng moagelani wa me”? (b) Mosamarea o ne a thusa jang monna yo o neng a thukhuthilwe, a iteilwe e bile a tlogetswe a le gaufi le go swa? (Bona setshwantsho se se kwa tshimologong ya setlhogo seno.)

3 Re ka tswa re akanya gore moagelani ke motho yo o nnang gaufi le rona yo e leng tsala e e gaufi e e re thusang. (Dia. 27:10) Le fa go  ntse jalo, akanya ka se Jesu a neng a se bua fa monna mongwe yo o iponang tshiamo a ne a mmotsa jaana: “Ke mang tota yo e leng moagelani wa me?” Fa Jesu a mo araba o ne a dira setshwantsho sa Mosamarea yo o molemo. (Bala Luke 10:29-37.) Re ka tswa re lebeletse gore moperesiti le Molefi ba e neng e le Baiseraele ba ne ba tla nna jaaka baagelani ba ba molemo fa ba bona monna yo o neng a thukuthilwe, a iteilwe e bile a tlogetswe a le gaufi le go swa. Le fa go ntse jalo, ba ne ba mo feta fela ba sa mo thuse. Monna yoo o ne a thusiwa ke Mosamarea—motho yo e neng e le wa setšhaba se se neng se tlotla Molao wa ga Moshe mme gone Bajuda ba ne ba sa ba rate. —Joh. 4:9.

4 E le gore Mosamarea a thuse monna yoo gore a fole, o ne a tshela dintho tsa gagwe ka leokwane le beine. Didenario tse pedi tse a di tlogetseng kwa ntlong ya baeng gore monna yoo a tlhokomelwe, di ne di lekana le tuelo ya motho ya malatsi a le mabedi. (Math. 20:2) Ka jalo, go motlhofo go bona gore tota ke mang yo o itshupileng e le moagelani wa mmatota wa monna yoo yo o neng a gobetse. Setshwantsho sa ga Jesu se re ruta gore re bontshe baagelani ba rona kutlwelobotlhoko le lorato.

Batlhanka ba ga Jehofa ba bontsha lorato lwa boagelani ka bonako (Bona serapa 5)

5. Batlhanka ba ga Jehofa ba ile ba bontsha jang gore ba rata baagelani ka nako ya masetlapelo a tlholego a a ileng a nna teng bosheng jaana?

5 Gantsi go thata go fitlhela batho ba ba kutlwelobotlhoko jaaka Mosamarea yono yo o molemo. Go ntse jalo segolobogolo mo “metlheng ya bofelo” e e thata eno, mo batho ba se nang lorato lwa tlholego, ba leng bogale, ba sa rate molemo. (2 Tim. 3:1-3) Ka sekai, go ka nna le maemo a a thata morago ga kotsi ya masetlapelo a tlholego. Akanya ka se se diragetseng fa Kgwanyape ya Sandy e ne e tlhasela New York City kwa bofelong jwa Diphalane 2012. Mo karolong nngwe e e sentsweng thata, magodu a ne a tlhasela baagi ba ba neng ba setse ba boga ka go bo ba se na motlakase, diithuthafatsi le dilo dingwe tse ba di tlhokang. Mo go lone lefelo leo, Basupi ba ga Jehofa ba ne ba dira dithulaganyo tsa gore ba thuse badumedimmogo le bone le batho ba bangwe. Bakeresete ba dira dilo tseno ka gonne ba rata baagelani ba bone. Dingwe tsa ditsela tse re ka bontshang ka tsone gore re rata baagelani ba rona ke dife?

KAFA RE KA BONTSHANG LORATO LWA BOAGELANI KA GONE

6. Tiro ya rona ya go rera e tsamaisana jang le go rata baagelani?

6 Thusa batho ka dilo tse ba di tlhokang semoyeng. Re dira seno ka go leka go ba bontsha “kgomotso ya Dikwalo.” (Bar. 15:4) Ga go pelaelo gore re bontsha go rata baagelani ka go ba bolelela boammaaruri jwa Baebele fa re le mo tirong ya go rera. (Math. 24:14) Ruri ke tshiamelo go bua molaetsa wa Bogosi o o tswang kwa “Modimo[ng] yo o nayang tsholofelo”!—Bar. 15:13.

7. Molao wa Sekagouta ke eng, mme re segofadiwa jang fa re o latela?

7 Dirisa Molao wa Sekagouta. Molao ono o bontshiwa ke mafoko a a builweng ke Jesu mo Therong ya gagwe ya kwa Thabeng a a reng: “Dilo tsotlhe tse lo batlang batho ba di lo direla, le lona lo tshwanetse go di ba direla ka tsela e e tshwanang; tota e bile, seno, ke se se kaiwang ke Molao le Baporofeti.” (Math. 7:12) Fa re dirisana le batho ba bangwe jaaka Jesu a re gakolotse, re dira tumalanong le moya o o tlhotlheleditseng “Molao” (Genesise go ya go Duteronome) le “Baporofeti” (dibuka tsa boporofeti tsa Dikwalo tsa Sehebera). Mo mekwalo e e ntseng jalo re bona sentle gore Modimo o segofatsa ba ba bontshang ba bangwe lorato. Ka sekai, Jehofa o ne a dirisa Isaia go bua jaana: “Bolokang tshiamiso, lo dire se se siameng . . . Go itumela motho yo o . . . dirang seno.” (Isa. 56:1, 2) Ruri re segofaditswe ka gonne re tshwara baagelani ba rona ka lorato le go ba direla tshiamo.

8. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go rata baba ba rona, mme go ka direga eng fa re dira jalo?

8 Rata baba ba gago. Jesu o ne a re: “Lo ne lwa utlwa gore go ne ga twe, ‘O rate moagelani wa gago mme o tlhoe mmaba wa gago.’ Le  fa go ntse jalo, ke a lo raya ka re: Tswelelang lo rate baba ba lona lo bo lo rapelele ba ba lo bogisang; gore lo tle lo itshupe lo le bana ba ga Rraalona yo o kwa magodimong.” (Math. 5:43-45) Moaposetoloi Paulo o ne a tlhalosa ntlha e e tshwanang fa a ne a kwala jaana: “Fa mmaba wa gago a tshwerwe ke tlala, mo fepe; fa a nyorilwe, mo neye sengwe gore a nwe.” (Bar. 12:20; Dia. 25:21) Go ya ka Molao wa ga Moshe, motho o ne a tshwanetse go thusa mmaba wa gagwe go golola phologolo ya gagwe e e wetseng kafa tlase ga morwalo wa yone. (Ekes. 23:5) Fa batho ba e leng baba ba dira mmogo ka tsela eo, ba ka nna ditsala tse dikgolo. E re ka Bakeresete ba bontsha lorato, bontsi jwa baba ba rona ba fetotse dipelo tsa bone. Fa re bontsha baba ba rona lorato—tota le ba ba re bogisang ka tsela e e setlhogo—ruri re a itumela fa bangwe ba bone ba amogela Bokeresete jwa boammaaruri!

9. Jesu o ne a reng ka go agisana le bakaulengwe ba rona?

9 “Latelelang go nna le kagiso le batho botlhe.” (Baheb. 12:14) Boammaaruri ke gore seno se akaretsa go dira kagiso le bakaulengwe ba rona ka gonne Jesu o ne re: “Fa . . . o tlisa mpho ya gago kwa sebesong mme o gakologelwa o le koo gore morwarraago o na le sengwe kgatlhanong le wena, tlogela mpho ya gago koo fa pele ga sebeso, mme o tsamaye; agisanya le morwarraago pele, go tswa foo, fa o boile, isa mpho ya gago tshupelo.” (Math. 5:23, 24) Modimo o tla re segofatsa fa re bontsha bakaulengwe ba rona gore re a ba rata mme re tsaya kgato ka bonako go agisana le bone.

10. Ke eng fa re sa tshwanela go tshwaya ba bangwe diphoso?

10 O se ka wa nna motho yo o tshwayang diphoso. Jesu o ne a re: “Tlogelang go atlhola gore lo tle lo se ka lwa atlholwa; gonne katlholo e lo atlholang ka yone, lo tla atlholwa ka yone; le selekanyo se lo lekanyang ka sone, ba tla lo lekanyetsa ka sone. Ka jalo, ke ka ntlha yang fa o leba lotlhaka lo lo mo leitlhong la mokaulengwe wa gago, mme o sa akanyetse tlhomeso e e mo leitlhong la gago? Kgotsa o ka raya jang mokaulengwe wa gago wa re, ‘Ntetlelela gore ke ntshe lotlhaka mo leitlhong la gago’; fa, bona! tlhomeso e le mo leitlhong la gago? Moitimokanyi! Santlha ntsha tlhomeso e e mo leitlhong la gago, mme ke gone o tla bonang sentle kafa o ka ntshang ka gone lotlhaka mo leitlhong la mokaulengwe wa gago.” (Math. 7:1-5) Ruri eo ke tsela e e maatla ya go re bolelela gore re se ka ra tshwaya ba bangwe diphoso ka ntlha ya makoa a bone a a sa reng sepe fa rona ka borona re na le makoa a magolo!

 TSELA E E KGETHEGILENG YA GO BONTSHA LORATO LWA BOAGELANI

11, 12. Re ka bontsha jang gore re rata baagelani ba rona ka tsela e e tlhomologileng?

11 Re batla go bontsha baagelani ba rona lorato ka tsela e e tlhomologileng. Fela jaaka Jesu, re rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi. (Luke 8:1) Jesu o ne a laela balatedi ba gagwe gore ba “dire batho ba ditšhaba tsotlhe barutwa.” (Math. 28:19, 20) Fa re dira boikarabelo jwa rona jwa go diragatsa taelo eo, re leka go thusa baagelani ba rona gore ba tswe mo tseleng e e atlhameng e e isang tshenyegong mme ba tsene mo tseleng e e pitlaganeng e e isang botshelong. (Math. 7:13, 14) Ga go pelaelo gore Jehofa o tla re segofatsa fa re dira maiteko a a ntseng jalo.

12 Fela jaaka Jesu, re thusa batho go tshwenyega ka se ba se tlhokang semoyeng. (Math. 5:3) Mme fa go na le batho ba ba amogelang molaetsa wa rona, re ba thusa ka se ba se tlhokang, ka go ba bolelela “dikgang tse di molemo tsa Modimo.” (Bar. 1:1) Ba ba amogelang molaetsa wa Bogosi ba letlana le Modimo ka Jesu Keresete. (2 Bakor. 5:18, 19) Ka jalo, fa re rera dikgang tse di molemo, ruri re bontsha gore re rata baagelani ka tsela e e botlhokwa thata.

13. E re ka o le mmoledi wa Bogosi, o ikutlwa jang ka go nna le seabe mo tirong eno?

13 Fa re dira maeto a go boela a a atlegang, re tshwara le dithuto tsa Baebele re a kgotsofala ka go bo re thusa ba bangwe go tshela go dumalana le melao ya Modimo e e siameng. Seno se ka felela ka gore moithuti wa Baebele a fetole botshelo jwa gagwe. (1 Bakor. 6:9-11) Go itumedisa tota go bona kafa Modimo a thusang ka teng batho ba ba nang le “tshekamelo e e siameng ya go bona botshelo jo bo sa khutleng” gore ba fetole ditsela tsa bone mme ba nne le kamano e e gaufi le ene. (Dit. 13:48) Mo go ba le bantsi tlalelo ya bone e fetoga boitumelo jo bogolo, mme go na le gore ba tlhobaele, ba ikanya Rraarona yo o kwa legodimong. Ruri go molemo go bona batho ba ba sa tswang go amogela boammaaruri ba gatela pele semoyeng! E re ka re le baboledi ba dikgang tsa Bogosi, a ga o dumele gore go a itumedisa go bontsha lorato lwa boagelani ka tsela eno e e kgethegileng?

TSELA E E TLHOTLHELEDITSWENG YA GO TLHALOSA LORATO

14. Tlhalosa ka mafoko a gago dikarolo dingwe tsa lorato tse go buiwang ka tsone mo go 1 Bakorintha 13:4-8.

14 Fa re dirisana le moagelani mme re dirisa se Paulo a se kwadileng malebana le lorato, seo se ka dira gore re tile mathata a le mantsi mme sa felela ka boitumelo le go dira gore Modimo a re segofatse. (Bala 1 Bakorintha 13:4-8.) A re sekaseke ka bokhutshwane se Paulo a se boletseng malebana le lorato mme re bone gore re ka dirisa jang mafoko a gagwe mo tseleng e re dirisanang le baagelani ba rona ka yone.

15. (a) Ke eng fa re tshwanetse go nna pelotelele le go nna pelonomi? (b) Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go tila go fufega le go ikgantsha?

15 “Lorato lo pelotelele e bile lo pelonomi.” Fela jaaka Modimo a bontshitse bopelotelele le bopelonomi fa a dirisana le batho ba ba sa itekanelang, le rona re tshwanetse go nna pelotelele le go nna pelonomi fa bangwe ba dira diphoso, ba sa re akanyetse kgotsa ba re bifela. “Lorato ga lo fufege,” ka jalo lorato lwa mmatota lo tla dira gore re se ka ra fufegela sengwe se motho yo mongwe a nang le sone kgotsa ditshiamelo tse a nang le tsone mo phuthegong. Mogodimo ga moo, fa re na le lorato, re ka se ka ra ikgantsha kgotsa ra ikgogomosa. Kana e bile, “matlho a a mabela le pelo e e ikgodisang, lobone lwa baikepi, ke boleo.”—Dia. 21:4.

16, 17. Re ka itshwara jang go dumalana le 1 Bakorintha 13:5, 6?

16 Lorato lo tla dira gore re tshware moagelani ka tsela e e nang le seriti. Re ka se mmolelele maaka, ra mo utswetsa kgotsa ra dira sepe fela se se tla dirang gore re tlole melao ya ga Jehofa le melaometheo ya gagwe. Gape lorato lo tla re thibela go amega ka dilo tse di  amang rona fela go na le moo re amege le ka ba bangwe.—Bafil. 2:4.

17 Lorato lwa mmatota ga lo gakatsege motlhofo e bile “ga lo nnele go gopola kutlwisobotlhoko” jaaka e kete fa mongwe a dira sengwe se se sa bontsheng lorato re mo kwala mo bukeng ya dikoloto. (1 Bathes. 5:15) Fa re ka tshwara sekgopi, re tla bo re sa itumedise Modimo, tota e bile re tla bo re godisa molelo o monnye o o ka golang mme wa gobatsa rona le ba bangwe. (Lefi. 19:18) Lorato lo dira gore re itumelele boammaaruri, mme lo ka se re letle gore re “ipelele tshiamololo,” tota le fa motho yo o re tlhoileng a sa tshwarwe sentle kgotsa a diragalelwa ke sengwe se se utlwisang botlhoko.—Bala Diane 24:17, 18.

18. Re ithuta eng ka lorato mo go 1 Bakorintha 13:7, 8?

18 Akanya kafa Paulo a tswelelang a tlhalosa lorato ka gone. O ne a re, “lorato lo itshokela dilo tsotlhe.” Fa mongwe a re diretse phoso mme a kopa gore re mo itshwarele, lorato lo re tlhotlheletsa go mo itshwarela. Lorato “lo dumela dilo tsotlhe” tse di mo Lefokong la Modimo mme lo dira gore re anaanele dijo tsa semoya tse re di newang. Lorato “lo solofela dilo tsotlhe” tse di kwadilweng mo Baebeleng mme lo re tlhotlheletsa gore re neye ba bangwe mabaka a go bo re na le tsholofelo. (1 Pet. 3:15) Gape fa re na le mathata re a rapela e bile re solofela gore dilo di tla siama. Lorato “lo itshokela dilo tsotlhe” le fa e ka tswa e le diphoso tse re di diretsweng, go bogisiwa kgotsa diteko tse dingwe. Mo godimo ga moo, “lorato ga lo ke lo fela.” Batho ba ba kutlo ba tla tswelela ba bontsha lorato go ya go ile.

TSWELELA O RATE MOAGELANI WA GAGO JAAKA O ITHATA

19, 20. Ke kgakololo efe ya Dikwalo e e tshwanetseng go re tlhotlheletsa go nna re bontsha baagelani ba rona lorato?

19 Fa re dirisa kgakololo ya Baebele, re ka tswelela re bontsha baagelani ba rona lorato. Lorato lo lo ntseng jalo lo amogela batho botlhe, e seng ba lotso lwa rona fela. Gape re tshwanetse go gopola gore Jesu o ne a re: “O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.” (Math. 22:39) Modimo le Keresete ba lebeletse gore re rate baagelani ba rona. Fa e le gore ga re tlhomamisege gore re dire eng mo boemong bongwe jo bo amang moagelani wa rona, a re kopeng Modimo gore a re kaele ka moya wa gagwe o o boitshepo. Seo se tla felela ka gore Jehofa a re segofatse mme se tla re thusa gore re itshware ka tsela e e bontshang lorato.—Bar. 8:26, 27.

20 Taelo ya go rata moagelani jaaka re ithata e bidiwa “molao wa segosi.” (Jak. 2:8) Fa Paulo a sena go umaka melao mengwe e e mo Molaong wa ga Moshe o ne a re: “Taelo efe e nngwe e e leng teng, e sobokantswe mo lefokong leno, le le reng, ‘O rate moagelani wa gago jaaka o ithata. Lorato ga lo direle moagelani bosula; jalo lorato ke tiragatso ya molao.’” (Bar. 13:8-10) Ka jalo, re tshwanetse go tswelela re bontsha lorato lwa boagelani.

21, 22. Ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go rata Modimo le moagelani?

21 Fa re ntse re tlhatlhanya ka lebaka la go bo re tshwanetse go bontsha moagelani lorato, go molemo go akanya ka mafoko a ga Jesu a gore Rraagwe o “tlhabisetsa batho ba ba boikepo le ba ba molemo letsatsi la gagwe e bile [o] nesetsa batho ba ba siameng le ba ba sa siamang pula.” (Math. 5:43-45) Re tshwanetse go bontsha baagelani ba rona lorato go sa kgathalesege gore ba siame kgotsa ga ba a siama. Jaaka go builwe pelenyana, tsela e e botlhokwa ya go bontsha lorato loo ke ka go ba bolelela molaetsa wa Bogosi. Ruri go na le masego a le mantsi a moagelani a ka a bonang fa a amogela dikgang tse di molemo e bile a di anaanela!

22 Re na le mabaka a mantsi a go rata Jehofa ka pelo yotlhe. Gape go na le ditsela di le dintsi tse re ka bontshang ka tsone gore re rata moagelani. Fa re rata Modimo le moagelani re tla bo re bontsha gore re tlotla se Jesu a se buileng ka dikgang tseno tse di botlhokwa. Mo godimo ga moo, re itumedisa Rraarona yo o kwa legodimong e bong Jehofa.