Ke ne Ka Itumelela go Direla Jehofa Le fa Ke Lebane le Diteko
Ke ne Ka Itumelela go Direla Jehofa Le fa Ke Lebane le Diteko
Jaaka go boletse Maatje de Jonge-van den Heuvel
KE NA le dingwaga di le 98. Ke feditse di le 70 tsa tsone ke itumelela go direla Jehofa—mme gone, tumelo ya me e ne ya lekwa fela thata. Ka nako ya Ntwa ya Lefatshe II ke ne ka isiwa kwa kampeng ya pogisetso, e leng kwa ka nako nngwe go kgobega marapo go neng ga dira gore ke dire tshwetso e moragonyana ke neng ka e ikwatlhaela. Dingwaga di le mmalwa moragonyana ga foo, ke ne ka lebana le teko e nngwe gape e e botlhoko. Le fa go ntse jalo, ke leboga Jehofa thata go bo ke nnile le tshiamelo ya go mo direla, tota le fa ke ne ke lebane le diteko.
Botshelo jwa me bo ne jwa fetoga ka October 1940. Ke ne ke nna kwa Hilversum, toropo e e dikilometara di ka nna 24 kwa borwabotlhaba jwa Amsterdam kwa Netherlands. Naga eo e ne e laolwa ke Banasi. Nna le monna wa me yo o lorato e bong Jaap de Jonge re ne re na le dingwaga di le 5 re nyalane, mme re ne re na le ngwana yo montle wa mosetsanyana wa dingwaga di le tharo yo o bidiwang Willy. Baagelani ba rona e ne e le lelapa le le humanegileng le le neng le na le bana ba le robedi ba go neng go le thata go ba tlamela ka dijo. Le fa go ntse jalo, ba ne ba amogela lekawana lengwe le le neng le tla nna le bone, mme ba le naya borobalo le dijo. Ke ne ka ipotsa gore, ‘Goreng ba ithwesa morwalo o mongwe gape?’ Fa ke ba isetsa dijo, ba ne ba mpolelela gore lekawana leo e ne e le mmulatsela. O ne a mpolelela ka Bogosi jwa Modimo le masego a bo tla a tlisang. Ke ne ka amiwa pelo thata ke se ke se utlwileng, mme go ise go ye kae ka amogela boammaaruri. One ngwaga oo, ke ne ka ineela mo go Jehofa mme ka kolobediwa. Morago ga ngwaga ke kolobeditswe, monna wa me le ene o ne a amogela boammaaruri.
Le fa ke ne ke se na kitso e e kalo ka Baebele, ke ne ke tlhaloganya sentle gore fa ke nna Mosupi ke ne ka nna karolo ya mokgatlho o o neng o thibetswe. Gape ke ne ke itse gore Basupi ba le bantsi ba ne ba tsentswe mo kgolegelong gonne ba ne ba rera ka molaetsa wa Bogosi. Le fa go ntse jalo, ga ke a ka ka senya nako, ke ne ka simolola go rera ka ntlo le ntlo ka yone nako eo mme nna le monna wa me re ne ra amogela babulatsela le balebedi ba ba etang gore ba tle go nna mo ntlong ya rona. Gape legae la rona le ne le dirisediwa go baya dikgatiso tsa Baebele, tse di neng di tlisiwa ke bakaulengwe le bokgaitsadi ba kwa Amsterdam. Dibaesekele tsa bone tse di diretsweng go rwala merwalo e e bokete di ne di rwala dibuka mme ba bo ba di bipa ka seile. Ruri bakaulengwe le bokgaitsadi bao ba ne ba le lorato e bile ba le pelokgale! Ba ne ba tsenya matshelo a bone mo kotsing gore ba thuse bakaulengwe ba bone.—1 Joh. 3:16.
“Mama, A o Tla Boa ka Bonako?”
Dikgwedi di ka nna thataro fela ke sena go kolobediwa, mapodise a mararo a ne a tla kwa ntlong ya rona. Ba ne ba tsena mo ntlong, mme ba e phuruphutsha. Le fa gone ba sa bona khabote nngwe e e neng e tletse dibuka, ba ne ba fitlhela dibuka dingwe tse re neng re di fitlhile ka fa tlase ga bolao. Ka yone nako eo ba ne ba ntaela gore ke tsamaye le bone go ya kwa seteisheneng sa mapodise sa kwa Hilversum. Fa ke tlamparela morwadiake Willy ke mo sadisa sentle, o ne a mpotsa jaana, “Mama, a o
tla boa ka bonako?” Ke ne ka re, “Ee moratiwa, Mama o a boa gone jaanong.” Le fa go ntse jalo, go ne go tla feta dikgwedi di le 18 tse di thata pele nka mo tlamparela gape.Lepodise le ne la tsamaya le nna ka terena go ya kwa Amsterdam gore ke ye go botsolodiwa. Mapodise a a neng a nthamathamisa ka dipotso a ne a leka go mpateletsa gore ke ba tlhomamisetse gore bakaulengwe bangwe ba ba bararo ba kwa Hilversum ke Basupi ba ga Jehofa. Ke ne ka re: “Tota ga ke ba itse, ke itse a le mongwe fela mo go bone. Ke monna yo o re rekisetsang mashi.” Mme seo e ne e le boammaaruri; mokaulengwe yoo o ne a re tlisetsa mashi. Ke ne ka oketsa ka gore: “Mme fa lo batla go itse gore ke Mosupi wa ga Jehofa, botsang ene e seng nna.” Fa ke gana go bua ba ne ba mfaphola mo sefatlhegong mme ba ntotlelela mo seleng, kwa ba neng ba ntlogela dikgwedi di le pedi. Fa mogatsake a sena go utlwela gore ke kwa kae, o ne a ntlisetsa dijo le diaparo. Mme ka August 1941 ke ne ka romelwa kwa Ravensbrück—e leng kampa ya basadi ya pogisetso e e neng e itsege e le bosula, mme e le dikilomitara di ka nna 80 kwa bokone jwa Berlin kwa Jeremane.
“Nametsega Moratiwa”
Fa re goroga, re ne ra bolelelwa gore re ka ya gae fa re ka saena foromo e e tlhalosang gore re itatola tumelo ya rona. Mme ga ke a ka ka e saena. Go na le moo, ke ne ka tshwanelwa ke go ba naya dilwana tsa me, le go apola ke sale ke sa apara sepe mo phaposing ya go tlhapela e ke neng ka kopana le bokgaitsadi bangwe ba Bakeresete ba ba tswang kwa Netherlands mo go yone. Re ne ra newa diaparo tsa mo kampeng tse di rokeletsweng letshwao la khutlotharo e e phepole, poleiti, kopi le leswana. Mo bosigong jwa ntlha, re ne ra tsenngwa mo matlong a nakwana a bagolegwa. Ke teng kwa ke neng ka thubega ka selelo lekgetlo la ntlha fa e sale ke tshwarwa. Ke ne ka bua jaana ke ntse ke lela: “Tota go tlile go direga eng? Ke tlile go nna fano lobaka lo lo kae?” Kana gone, ka nako eo kamano ya me le Jehofa e ne e ise e nonofe sentle ka gonne ke ne ke na le dikgwedi di le mmalwa fela ke itse boammaaruri. Go ne go sa ntse go na le mo gontsi mo ke neng ke tshwanetse go go ithuta. Mo letsatsing le le latelang, fa maina a rona a ntse a bidiwa go bona gore re teng, kgaitsadi mongwe wa Mo-Dutch o tshwanetse a bo a ile a lemoga gore ke hutsafetse. O ne a re: “Nametsega moratiwa, nametsega! Ga ba ka ke ba re dira sepe.”
Fa maina a rona a sena go bidiwa, re ne ra isiwa kwa matlong a mangwe a bagolegwa, kwa re neng ra amogelwa ke bokgaitsadi ba bantsintsi ba Bakeresete ba ba tswang kwa Jeremane le kwa Netherlands. Bangwe ba bokgaitsadi ba kwa Jeremane ba ne ba setse ba na le lobaka lo lo fetang ngwaga ba nna mo matlong ao a bagolegwa. Go nna mo gare ga bone go ne ga nnonotsha—ee go ne ga nnametsa pelo. Gape ke ne ka kgatlhiwa ke gore matlo a bokgaitsadi ba neng ba nna mo go one a ne a le phepa go feta matlo a mangwe mo kampeng. Kwantle ga gore matlo a rona a ne a le phepa, gape a ne a itsege ka gore gone go sa utswiwe, go sa roganwe e bile go sa lowe mo go one. Go farologana le maemo a a setlhogo a re neng re lebane le one kwa kampeng, matlo a rona a ne a tshwana le setlhaketlhake se se phepa se se dikologilweng ke lewatle le le leswe.
Botshelo Jwa Letsatsi le Letsatsi Kwa Kampeng
Botshelo jwa kwa kampeng bo ne bo le thata, tiro e le ntsi mme re bolaisiwa tlala. Re ne re tshwanelwa ke go tsoga ka ura ya botlhano mo mosong, mme moragonyana fela ga foo maina a rona a ne a simolola go bidiwa. Batlhokomedi ba ne ba re emisa kwa ntle ura yotlhe go sa kgathalesege gore pula e a na kgotsa ga e ne. Ka ura ya botlhano thapama morago ga letsatsi le le thata la tiro maina a rona a ne a bidiwa gape go bona gore a re feletse. Morago ga moo re ne re ja borotho ka sopo re bo re ya go robala—re lapile thata.
Letsatsi le letsatsi, kwantle ga Sontaga, ke ne ke abetswe go bereka kwa masimong, kwa ke neng ke poma korong ka sekele, ke epa mesele ke bo ke phepafatsa mo dikolobe di nnang teng. Le fa tiro ya teng e ne e le boima e bile ke bereka mo lesweng, ke ne ke kgona go e dira letsatsi le letsatsi ka gonne ke ne ke sa ntse ke le mosha e bile ke nonofile tota. Gape ke ne ke inonotsha ka go opela dipina tse di nang le molaetsa wa Baebele fa ke ntse ke bereka. Le fa go ntse jalo, letsatsi le letsatsi ke ne ke tlhologelelwa monna wa me le ngwanake.
Re ne re newa dijo tse dinnye tota, mme gone rona rotlhe bokgaitsadi re ne re leka go beela borothonyana jo bonnye kwa thoko gore ka Sontaga re nne le sengwe se re tla se jang fa re ka kgona go kopana gore re tlotle ka Baebele. Re ne re se na dikgatiso tsa Baebele, mme gone ke ne ke reetsa ka tlhoafalo fa bokgaitsadi ba ba godileng ba ba ikanyegang ba Bajeremane ba ntse ba tlotla ka Baebele. Re ne ra bo ra tshwara le Segopotso sa loso lwa ga Keresete.
Go Tlalelwa, go Ikwatlhaya le go Kgothadiwa
Ka dinako tse dingwe re ne re laelwa gore re dire ditiro tse di neng di tla dira gore re eme ntwa ya Banasi nokeng. E re ka re ne re sa tseye letlhakore mo dikgannyeng tse di amanang le dipolotiki, bokgaitsadi botlhe ba ne ba gana go dira ditiro tseo mme le nna ke ne ka latela sekao sa bone sa bopelokgale. Re ne re otlhaiwa ka go fetsa malatsi re tingwa dijo le ka go emisiwa lobaka lo loleele fa re letetse gore maina a rona a bidiwe. Nako nngwe go le mariga, re ne ra lotlelelwa mo ntlong ya bagolegwa malatsi a le 40 go se na sepe se re ithuthafatsang ka sone.
Rona Basupi ba ga Jehofa re ne re bolelelwa gangwe le gape gore re ka gololwa mme re ye gae fa fela re ka saena foromo e e bontshang gore re itatola tumelo ya rona. Fa ke sena go nna kwa Ravensbrück lobaka lo lo fetang ngwaga, ke ne ka kgobega marapo fela thata. Ka tsela e ke neng ke tlhologeletswe monna wa me le morwadiake ka yone, ke ne ka ya kwa batlhokomeding mme ka ba kopa foromo e e neng e tlhalosa gore ga nkitla ke tlhola ke nna Moithuti wa Baebele, mme ka e saena.
Fa bokgaitsadi ba utlwa se ke se dirileng, bangwe ba bone ba ne ba sa tlhole ba batla go ikamanya le nna. Le fa go ntse jalo, bokgaitsadi ba babedi ba ba godileng ba Bajeremane, e bong Hedwig le Gertrud, ba ne ba tla kwa go nna mme ba ntlhomamisetsa gore ba a nthata. Fa ke ntse ke bereka le bone mo lefelong la dikolobe, ba ne ba ntlhalosetsa ka bopelonomi botlhokwa jwa ga boloka bothokgami mo go Jehofa le kafa re ka bontshang ka gone gore re a mo rata ka go se ineele. Tsela e ba neng ba mpontsha lorato lwa botsadi le gore ba amegile ka nna ka yone e ne ya nkama pelo fela thata. * Ke ne ke itse gore se ke se dirileng se phoso, mme ke ne ke batla go busetsa kwa morago tshwetso e ke neng ke e dirile ya go saena foromo e e bontshang gore ke itatola tumelo. Maitseboa mangwe ke ne ka bolelela kgaitsadi mongwe ka tshwetso eo ya me. Modiredimogolo mongwe wa kampa o tshwanetse a bo a ile a utlwa puisano ya rona ka gonne ka tshoganyetso fela mo go jone bosigo joo, ke ne ka gololwa mo kampeng mme ka tsenngwa mo tereneng e e boelang kwa Netherlands. Mongwe wa baokamedi—ke sa ntse ke gopola sefatlhego sa gagwe sentle—o ne a nthaya a re, “O sa ntse o le Bibelforscher (Moithuti wa Baebele) mme o tla nna o ntse o le ene.” Ke ne ka araba ka gore, “Ee, ke tla nna ke le ene, fa Jehofa a rata.” Le fa go ntse jalo, ke ne ke ntse ke akanya gore, ‘Nka dirolola jang tshwetso e ke neng ka e dira ya go saena foromo e e bontshang gore ke itatola tumelo?’
Nngwe ya dintlha tse di mo foromong eo e ne e re: “Ke solofetsa gore ga nkitla ke tlhola ke ikamanya le Mokgatlho wa Baithuti ba Baebele ba Boditšhabatšhaba. Ke ne ke itse gore ke tlile go dira eng! Ka January 1943, fela fa ke sena go goroga kwa gae ke ne ka simolola go rera. Gone ke boammaaruri gore fa balaodi ba Banasi ba ne ba ka ntshwara lekgetlo la bobedi ke rera ka Bogosi jwa Modimo, ba ne ba tlile go nkatlhola setlhogo.
Go bontsha Jehofa gore tota ke ne ke ikemiseditse go tswa pelong go nna motlhanka wa gagwe yo o ikanyegang, nna le monna wa me re ne ra simolola gape go amogela balebedi ba ba etang le bakaulengwe ba ba tsamaisang dikgatiso. A bo ke ile ka ipela jang ne go nna le tshono e nngwe gape ya go bontsha gore tota ke rata Jehofa le batho ba gagwe!
Go Welwa ke Masetlapelo
Dikgwedi di le mmalwa pele ntwa e fela, nna le
monna wa me re ne ra welwa ke masetlapelo. Ka October 1944, morwadiarona o ne a lwala ka tshoganyetso. Willy o ne a tshwerwe ke dikodu tse ditshweu. O ne a koafala ka bonako mme morago ga malatsi a le mararo a tlhokafala. O ne a na le dingwaga di le supa.Go latlhegelwa ke ngwana wa rona yo o esi go ne ga re ngomola pelo fela thata. Tota diteko tse ke neng ka lebana le tsone kwa Ravensbrück e ne e se sepe fa ke di bapisa le botlhoko jo ke neng ka bo utlwa fa re latlhegelwa ke morwadiarona. Le fa go ntse jalo, fa re tlaletswe ka metlha re ne re gomodiwa ke mafoko ano a a mo go Pesalema 16:8: “Ke beile Jehofa fa pele ga me ka metlha. Ka gonne o kafa seatleng sa me sa moja, ga ke na go reketlisiwa.” Nna le monna wa me re ne re tlhomamisegile ka tsholofetso ya ga Jehofa ya go tsosa baswi. Re ne ra itshoka mo boammaaruring mme ra nna re le bareri ba ba tlhagafetseng ba dikgang tse di molemo. Ruri monna wa me o ne a nthusa go direla Jehofa ke itumetse go fitlha a tlhokafala ka 1969.
Masego le Boipelo
Mo masomesomeng a a fetileng a dingwaga, selo se segolo se se neng se intumedisa e ne e le go tsalana le badiredi ba nako e e tletseng. Fela jaaka re ne re dira mo nakong ya ntwa, re ne ra tswelela re amogela balebedi ba ba etang le basadi ba bone fa ba etela phuthego ya rona. Banyalani bangwe ba ba neng ba le mo tirong ya go eta e bong Maarten le Nel Kaptein, ba ile ba bo ba nna mo lelapeng la rona ka dingwaga di le 13! Fa Nel a ne a lwala thata, ke ne ka itumelela go mo tlhokomela mo legaeng la rona ka dikgwedi di le tharo go fitlha a tlhokafala. Go tsalana le bone mmogo le bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba rategang ba mo lefelong la rona, go ne ga nthusa gore ke ipelele paradaise ya semoya e re leng mo go yone gone jaanong.
Sengwe sa dilo tse di neng tsa intumedisa thata mo botshelong se ne sa direga ka 1995—go lalediwa go nna gone kwa Ravensbrück e le go gopola se se diregileng mo dingwageng tse di fetileng. Fa ke le koo, ke ne ka kopana le bokgaitsadi ba ke neng ke na le bone kwa kampeng, ba ke neng ke ba feleleditse dingwaga tse di fetang 50 tse di fetileng! Go nna mmogo le bone koo e ne e le tiragalo e e sa lebalesegeng le e e amang maikutlo e bile e le tshono e e molemo ya go kgothatsana gore re lebe pele kwa nakong e ka yone batho ba re ba ratang ba ba suleng ba tlileng go tshela gape.
Mo go Baroma 15:4, moaposetoloi Paulo a re, “ka boitshoko jwa rona le ka kgomotso ya Dikwalo re nne le tsholofelo.” Ke leboga Jehofa thata go bo a re neile tsholofelo eno e e neng ya dira gore ke kgone go mo direla ke itumetse le fa ke lebane le diteko.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 19 E re ka mo nakong eo bakaulengwe ba ne ba sa kgone go ikgolaganya le ntlokgolo, ba ne ba rarabolola dikgang tse di amanang le go se tseye letlhakore kafa ba ka kgonang ka teng. Ka ntlha ya seo, batho ba ne ba dira ditshwetso tse di sa tshwaneng fa ba lebane le kgang eno.
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Ke na le Jaap ka 1930
[Setshwantsho mo go tsebe 10]
Morwadiarona Willy, a le dingwaga di le supa
[Setshwantsho mo go tsebe 12]
Nako e e itumedisang ya fa re ne re kopane gape ka 1995. Ke nna wa bobedi go tswa kafa molemeng, mo moleng wa ntlha