A o Ka Tla ka Kwano mo Makedonia?
A o Ka Tla ka Kwano mo Makedonia?
FA MOAPOSETOLOI Paulo a le kwa toropong ya Teroase e e kwa boemakepeng jwa kwa Asia Minor, o ne a bona ponatshegelo. Monna mongwe wa Momakedonia o ne a mo rapela a re: “Tla ka kwano mo Makedonia o re thuse.” Fela fa Paulo a sena go bona ponatshegelo, ene le ba ba neng ba tsere loeto le ene ba ne ba “swetsa ka gore Modimo o ne a [ba] biditse go ya go bolela dikgang tse di molemo” kwa bathong ba Makedonia. Matswela e ne ya nna afe? Lidia le ba ntlo ya gagwe ba ne ba nna badumedi kwa motseng o mogolo wa Filipi kwa Makedonia. Ba bangwe mo kgaolong eo ya Roma ya kwa Makedonia le bone ba ne ba nna badumedi.—Dit. 16:9-15.
Basupi ba ga Jehofa le bone ba tlhoafetse jalo gompieno. Ba le bantsi ba bone ba ile ba iketleetsa go fuduga ka ditshenyegelo tsa bone ba fudugela kwa mafelong a go tlhokegang baboledi ba Bogosi thata kwa go one. Ka sekai, Lisa o ne a batla gore bodiredi e nne jone bo tlang pele mo botshelong jwa gagwe. O ne a fudugela kwa Kenya a tswa kwa Canada. Trevor le Emily, ba le bone e leng batho ba Canada, ba ne ba ya kwa Malawi ka boikaelelo jwa go oketsa bodiredi jwa bone. Paul le Maggie, go tswa kwa Engelane, ba ne ba tsaya nako ya bone ya go tlogela tiro ka ntlha ya bogodi e le tshono e ntle ya go dira mo go oketsegileng mo tirelong ya ga Jehofa mme ba ne ba fudugela kwa Botlhaba jwa Afrika. A o na le moya wa go intsha setlhabelo? A o ka akanyetsa go fuduga jaaka batho bano? Fa go le jalo, ke melaometheo efe ya Baebele le dikakantsho tse di ka go thusang gore o atlege?
Itshekatsheke
Selo sa ntlha se o tshwanetseng go se sekaseka ke maitlhomo a gago. Jesu o ne a re taelo e kgolo thata ke e e reng: “O rate Jehofa Modimo wa gago ka pelo yotlhe ya gago le ka moya otlhe wa gago le Math. 22:36-39; 28:19, 20) Gantsi go direla kwa nageng e sele go tlhoka tiro e ntsi le moya wa go intsha setlhabelo. Ga go tshwane le go tsaya loeto lwa go ijesa monate fela. O tshwanetse go tlhotlhelediwa ke lorato. Remco le Suzanne ba ba tswang kwa Netherlands, ba gone jaanong ba direlang kwa Namibia, ba sobokanya kgang eno jaana: “Lorato ke lone lo dirang gore re tswelele re direla kwano.”
ka mogopolo otlhe wa gago.” Mabaka a go direla kwa tshimong ya naga e sele e tshwanetse ya nna go rata Jehofa le go batla go diragatsa thomo ya go dira barutwa. Jesu o ne a tswelela ka go re: “Ya bobedi, e e tshwanang le yone, ke eno, ‘O rate moagelani wa gago jaaka o ithata.’” Go rata moagelani go bontshiwa ke go nna le keletso e e tswang pelong ya go thusa. (Willie, yo e leng molebedi wa potologo kwa Namibia, a re: “Batho ba ba neng ba kgona go tswelela ba direla kwa tshimong ya kwa nageng e sele ke ba ba tlileng ba sa lebelela gore bakaulengwe ba lefelo leo ba tlile go ba tlhokomela. Ba tlile ka maikaelelo a go dira mmogo le bakaulengwe ba lefelo leo, go ba thusa mo tirong ya go rera.”
Fa o sena go sekaseka maitlhomo a gago, ipotse jaana: ‘Ke na le maitemogelo afe a a ka nthusang fa ke le kwa tshimong ya naga e sele? A ke mmoledi yo o atlegang mo bodireding? Ke itse go bua dipuo dife? A ke iketleeditse go ithuta puo e nngwe?’ Nna fa fatshe wena le ba lelapa la gago mme lo buisane ka kgang eno. Buisana le bagolwane ba phuthego ya lona. Mme o tlhomamise gore o rapela Jehofa ka kgang eno. Go itshekatsheka ka bopeloephepa jalo go tla go thusa go bona gore a tota o na le bokgoni le maikemisetso a go direla kwa tshimong ya naga e sele.—Bona lebokose la setlhogo se se reng “Itshekatsheke.”
Kwa o ka Direlang Teng
Paulo o ne a lalediwa gore a tle Makedonia mo ponatshegelong. Gompieno Jehofa ga a dirise maatla a a fetang a tlholego go re kaela. Le fa go ntse jalo, ka thuso ya makasine ono le dikgatiso tse dingwe, batho ba Modimo ba kgona go itse ka mafelo a mantsi a go tlhokegang baboledi thata kwa go one. Ka jalo simolola ka go dira lenaane la mafelo a a ntseng jalo. Fa e le gore o ka se kgone go ithuta puo e nngwe gone jaanong kgotsa o ka se nnele ruri mo nageng e sele, akanyetsa go direla kwa nageng e kwa go yone go buiwang puo e o setseng o e itse. Go tswa foo o batlisise dilo tse di jaaka gore o tlhoka eng gore o bone visa, gore go dirisiwa dipalamo tsa mofuta mang koo, gore seemo sa tshireletsego ke sefe, gore ditlhwatlhwa tsa dilo tsa botlhokwa di eme jang le gore tlelaemete e ntse jang. O ka nna wa thusiwa ke go bua le batho ba ba setseng ba fudugetse koo. Rapela ka kgang eno. Gakologelwa gore Paulo le ba ba neng ba tsamaya le ene ba ne ba “idiwa ke moya o o boitshepo go bua lefoko mo kgaolong ya Asia.” Le fa ba ne ba lekile go ya kwa Bithinia, “moya wa ga Jesu o ne wa se ka wa ba letla” go dira jalo. Ka tsela e e tshwanang, go ka nna ga tsaya nako e telele go swetsa gore ke kae tota kwa o ka thusang teng.—Dit. 16:6-10.
Gongwe gone jaanong o setse o akantse ka mafelo a se kae a o ka kgonang go fudugela kwa go one. Fa e le gore o akanyetsa go ya go direla kwa nageng e sele, kwalela diofisi tsa makala tsa Basupi ba ga Jehofa tsa dinaga tse o akanyang go ya kwa go tsone. Tlhalosa ditiro tse o di dirang mo phuthegong le tse o kileng wa di dira o bo o botse dipotso tse o ka tswang o na le tsone, jaaka gore ditlhwatlhwa tsa dilo tsa botlhokwa di tsamaya jang, o ka bona mofuta ofe wa marobalo, mafelo a kalafi a a leng teng ke afe le gore o ka bona mofuta ofe wa tiro ya boitshediso. Fa o feditse o neye komiti ya tirelo ya phuthego ya lona lekwalo kgotsa makwalo a gago. Ba tla tsenya lekwalo la bone le le go buelelang ba bo ba le romela ka tlhamalalo kwa diofising tsa makala a o a kwaletseng. Dikarabo tse o tla di amogelang di tla go thusa go dira tshwetso ya gore ke kae tota kwa o ka thusang teng.
Willie, yo o umakilweng pelenyana, a re: “Gantsi ba ba ileng ba atlega ke ba ba neng ba etela naga pele ba bo ba senka mafelo a tota ba ka itumelelang go nna mo go one. Banyalani bangwe ba ne ba lemoga gore ba ne ba ka se kgone go nna mo lefelong le le kgakala le toropo. Ka jalo, ba ne ba nna mo toropong e nnye kwa go neng go na le tlhokego teng mme e le kwa ba neng ba ka kgona go tshela botshelo jo bo neng bo tla dira gore ba itumele.”
Go Lebana le Dikgwetlho Tse Disha
Ruri o tla lebana le dikgwetlho dingwe fa o tswa mo gae mme o fudugela kwa lefelong le lengwe. Lisa yo o umakilweng pelenyana a re: “Go itshokela maikutlo a go jewa ke bodutu go ka nna boima tota.” Ke eng se se mo thusang? Go atamalana le phuthego ya lefelo le jaanong a nnang mo go lone. O ne a ipeela mokgele wa go itse mongwe le mongwe ka leina. Gore a kgone go fitlhelela seno, o ne a fitlha pele ga nako kwa dipokanong mme morago ga tsone o ne a sa itlhaganelele go tsamaya gore a tlotle le bakaulengwe le bokgaitsadi. Lisa o ne a
tsamaya le ba bangwe mo bodireding, a laletsa ba le bantsi kwa legaeng la gagwe, mme a nna le ditsala tse disha. A re: “Ga ke ikotlhaele go bo ke ile ka intsha setlhabelo. Eleruri Jehofa o ntshegofaditse.”Morago ga go godisa bana, Paul le Maggie ba ne ba fuduga mo legaeng la bone le ba ntseng dingwaga di le 30 mo go lone. Paul a re: “Go tsamaisa dithoto tse re neng re na le tsone go ne go le motlhofo ka tsela e re neng re sa e lebelela. Bothata jo bogolo e ne e le go kgaogana le ba lelapa la rona, go ne go le thata go feta jaaka re ne re lebeletse. Re ne ra kgapha keledi tota mo sefofaneng. Go motlhofo go akanya gore, ‘Tota re ka se kgone go dira seno.’ Mme re ne ra ikaega ka Jehofa. Go nna le ditsala tse disha go nonotsha maikemisetso a gago a gore o tswelele pele.”
Greg le Crystal ba ne ba swetsa ka gore ba fuduge kwa Canada ba ye Namibia ka gonne ba ne ba bua Seesemane, puo ya semolao ya naga eo. Le fa go ntse jalo, moragonyana ba ne ba lemoga gore go ithuta puo ya mo lefelong leo go ne go ka ba solegela molemo. “Ka dinako tse dingwe re ne re kgobega marapo. Le fa go ntse jalo, re ne ra simolola go tlhaloganya setso sa lefelo leo fela fa re sena go ithuta puo ya koo. Go dirisana thata le bakaulengwe ba lefelo leo go ile ga re thusa gore re tlwaele legae la rona le lesha.”
Go nna le boikutlo jo bo ntseng jalo jwa go ikokobetsa le go iketleetsa go ka tlhotlheletsa le bakaulengwe ba lefelo le o leng mo go lone ka tsela e e molemo. Jenny o gakologelwa ka boitumelo malapa a a ileng a fudugela kwa Ireland, kwa a goletseng teng. A re: “E ne e le bone ba ba ratang go amogela baeng. Eleruri ba ne ba tlile go direla, e seng go direlwa. Ba ne ba tlhoafetse e bile ba itumetse tota mo le nna ke neng ka tlhotlheletsega go ya go direla kwa go nang le tlhokego e kgolo teng.” Gone jaanong Jenny o direla le monna wa gagwe e le barongwa kwa Gambia.
Tshegofatso ya ga Jehofa ‘E a Humisa’
A bo se se ileng sa diragalela Paulo kwa Makedonia se ne sa mo kgothatsa jang ne! Mo e batlang e nna dingwaga di le lesome moragonyana, o ne a kwalela bakaulengwe ba kwa Filipi a re: “Ke leboga Modimo wa me ka metlha fa ke lo gopola.”—Bafil. 1:3.
Trevor le Emily, ba ba ileng ba direla kwa Malawi pele ga ba lalediwa kwa Sekolong sa Baebele sa Watchtower sa Gileade ba ikutlwa ka tsela e e tshwanang. “Ka dinako tse dingwe re ne re ipotsa gore a re ne re dirile tshwetso e e siameng, mme re ne re itumetse. Re ne re atamalane tota e bile Jehofa o ne a re segofatsa.” Greg le Crystal, ba ba umakilweng pelenyana, ba re, “Ga go na sepe se se botoka se re ka bong re se dira.”
Gone ke boammaaruri gore ga se mongwe le mongwe yo o ka kgonang go direla kwa nageng e sele. Bangwe ba ka atlega fa ba ka fudugela kwa lefelong le le nang le tlhokego e kgolo mo nageng ya bone. Ba bangwe ba ka ipeela mokgele wa go direla mo diphuthegong tse dingwe tse di gaufi le magae a bone. Selo sa botlhokwa ke go dira sotlhe se o ka se kgonang go direla Jehofa. (Bakol. 3:23) Ka jalo, o tla iponela kafa mafoko ano a a tlhotlheleditsweng a leng boammaaruri ka teng mo botshelong jwa gago: “Tshegofatso ya ga Jehofa—ke yone e e humisang, mme ga a e oketse ka botlhoko.”—Dia. 10:22.
[Lebokoso/Setshwantsho mo go tsebe 5]
Itshekatsheke
Fa o batla go itshekatsheka go bona gore a o ka direla kwa tshimong ya naga e sele, sekaseka dipotso tse di latelang mme o dire tshwetso ka bopeloephepa le ka thapelo go bona gore a ruri o ka kgona go fuduga. Tshedimosetso e e mo dimakasineng tse di fetileng tsa Tora ya Tebelo e ka go thusa go dira jalo.
• A ke motho yo o ratang dilo tsa semoya?—“Dikgato Tsa go Bona Boitumelo” (October 15, 1997, tsebe 6)
• A ke mmoledi yo o atlegileng mo bodireding?—“Ka Moo O Ka Atlegang ka Teng mo Bodiheding jwa Bobulatsela” (May 15, 1989, tsebe 21)
• A nka kgona go nna kgakala le bagaetsho le ditsala?—“Go Itshokela go Tlhologelelwa Legae O Le mo Tirelong ya Modimo” (May 15, 1994, tsebe 28)
• A nka ithuta puo e nngwe?—“Go Direla mo Phuthegong ya Puo e Sele” (March 15, 2006, tsebe 17)
• A ke na le madi a a tlhokegang go fuduga?—“A o Ka Direla Kwa Tshimong e Sele?” (October 15, 1999, tsebe 23)
[Setshwantsho mo go tsebe 6]
Go nna le boikutlo jo bo ntseng jalo jwa go ikokobetsa le go iketleetsa go ka tlhotlheletsa le bakaulengwe ba lefelo le o leng mo go lone ka tsela e e molemo
[Setshwantsho mo go tsebe 7]
Ba ba tlileng go direla ke bone ba ba atlegang