‘Tlhoafalela Ditiro Tse di Molemo’!
‘Tlhoafalela Ditiro Tse di Molemo’!
“[Jesu o ne] a ineela ka ntlha ya rona gore a re golole mo mofuteng mongwe le mongwe wa go tlhoka molao a ba a intlafaletsa setlhopha sa batho ba ka tsela e e kgethegileng e leng ba gagwe, ba ba tlhoafaletseng ditiro tse di molemo.”—TITO 2:14.
1. Ke eng se se diragalang mo lefelong la tempele fa Jesu a tla ka Nisane 10, 33 C.E.?
KE Nisane 10, 33 C.E., malatsi a se kae fela pele ga moletlo wa Tlolaganyo. Go na le baobamedi ba bantsintsi ba ba itumetseng mo lefelong la tempele kwa Jerusalema. Go tla diragalang fa Jesu a tla? Bakwadi ba bararo ba Diefangele e bong Mathaio, Mareko le Luke, botlhe ba bolela gore fa Jesu a tsena koo o leleka batho ba ba rekisang le ba ba rekang, e le lekgetlho la bobedi a dira jalo. O pitikolola ditafole tsa baananyi ba madi le dibanka tsa ba ba rekisang maphoi. (Math. 21:12; Mar. 11:15; Luke 19:45) Jesu o ntse a tlhoafetse fela jaaka a ne a tlhoafetse fa a ne a dira se se tshwanang dingwaga di le tharo pele ga foo.—Joh. 2:13-17.
2, 3. Re itse jang gore tlhoafalo ya ga Jesu ga e a ka ya mo tlhotlheletsa go ntlafatsa tempele fela?
2 Pego ya ga Mathaio e bontsha gore ka nako eo tlhoafalo ya ga Jesu ga e a ka ya mo tlhotlheletsa go ntlafatsa tempele fela. Gape o ne a fodisa batho ba ba foufetseng le ba ba tlhotsang ba ba neng ba tla kwa go ene. (Math. 21:14) Pego ya ga Luke e bua ka ditiro tse dingwe tse Jesu a neng a di dira. “[Jesu o ne] a ya go ruta letsatsi le letsatsi mo tempeleng.” (Luke 19:47; 20:1) Ka jalo tlhoafalo ya ga Jesu e ne e bonala thata mo bodireding jwa gagwe jwa phatlalatsa.
3 Moragonyana, moaposetoloi Paulo o ne a kwalela Tito a mo tlhalosetsa gore Jesu o ne “a ineela ka ntlha ya rona gore a re golole mo mofuteng mongwe le mongwe wa go tlhoka molao a ba a intlafaletsa setlhopha sa batho ba ka tsela e e kgethegileng e leng ba gagwe, ba ba tlhoafaletseng ditiro tse di molemo.” (Tito 2:14) Rona gompieno re ka ‘tlhoafalela ditiro tse di molemo’ jang? Mme dikai tsa dikgosi tse di siameng tsa Juda di ka re kgothatsa jang?
Go Tlhoafalela go Rera le go Ruta
4, 5. Dikgosi tse nnè tsa Juda di ne tsa bontsha jang gore di tlhoafaletse ditiro tse di molemo?
4 Asa, Jehoshafate, Hesekia le Josia botlhe ba ne ba bolotsa matsholo a go fedisa kobamelo ya medingwana kwa Juda. Asa o ne a “tlosa dibeso tsa seeng le mafelo a a kwa godimo a ba a thuba dipilara tse di boitshepo a ba a rema dikota tse di boitshepo.” (2 Ditir. 14:3) Jehoshafate o ne a tlhotlhelediwa ke gore o ne a tlhoafaletse kobamelo ya ga Jehofa, mme “a tlosa . . . mafelo a a kwa godimo le dikota tse di boitshepo mo Juda.”—2 Ditir. 17:6; 19:3. *
5 Morago ga moletlo o o masisi wa Tlolaganyo wa malatsi a le supa o Hesekia a neng a o rulagantse kwa Jerusalema, “Baiseraele botlhe ba ba neng ba fitlhelwa koo ba tswela kwa metseng ya Juda, mme ba thuba dipilara tse di boitshepo ba bo ba rema dikota tse di boitshepo le go rutla mafelo a a kwa godimo le dibeso ba di tlosa mo Juda yotlhe le Benjamine le mo Eferaime le Manase go fitlha ba fetsa.” (2 Ditir. 31:1) Josia yo mmotlana o ne a nna kgosi a na le dingwaga di le robedi fela. Dikwalo tsa re: “Mo ngwageng wa borobedi wa go busa ga gagwe, fa a ne a sa ntse a le mosimanyana, a simolola go batla Modimo wa ga Dafide rraagwemogologolwane; mme mo ngwageng wa bolesome le bobedi a simolola go phepafatsa Juda le Jerusalema go simolola kwa mafelong a a kwa godimo le dikota tse di boitshepo le ditshwantsho tse di thetsweng le difikantswe tse di thetsweng.” (2 Ditir. 34:3) Ka jalo, dikgosi tseno tsotlhe tse nnè di ne di tlhoafaletse ditiro tse di molemo.
6. Ke ka ntlha yang fa bodiredi jwa rona bo ka tshwantshiwa le matsholo a dikgosi tse di ikanyegang tsa Juda?
6 Gompieno le rona re mo letsholong la go thusa batho gore ba tlogele dithuto tsa bodumedi jwa maaka, go akaretsa mokgwa wa go obamela medingwana. Fa re le mo bodireding jwa ntlo le ntlo re kopana le batho ba mefuta yotlhe. (1 Tim. 2:4) Mosetsana mongwe wa kwa Asia o gakologelwa kafa mmaagwe a neng a tlhola a dira meetlo ka teng fa pele ga ditshwantsho tse dintsintsi tse di neng di le mo legaeng la bone. Mosetsana yono o ne a dumela gore ditshwantsho tseno di ka se ka tsa bo di emela Modimo wa boammaaruri tsotlhe, mme ka metlha o ne a rapelela gore a itse gore Modimo wa boammaaruri ke mang. Letsatsi lengwe fa go kokotiwa kwa gabone, o ne a fitlhela e le Basupi ba babedi ba ba neng ba ka rata go mo thusa go itse leina le le kgethegileng la Modimo, Jehofa. A bo a ile a itumela jang ne go itse boammaaruri ka medingwana! Jaanong o bontsha kafa a tlhoafetseng thata ka teng ka go dira ka natla mo tirelong ya tshimo, a thusa batho ba bangwe go itse Modimo.—Pes. 83:18; 115:4-8; 1 Joh. 5:21.
7. Re ka dirang go etsa barutisi ba ba neng ba tsamaya ba ruta mo metseng yotlhe mo motlheng wa ga Jehoshafate?
7 Fa re le mo bodireding jwa ntlo le ntlo, re dira ka botlalo go le kana kang mo tshimong e re e abetsweng? Se se kgatlhang ke gore, mo ngwageng wa boraro wa puso ya ga Jehoshafate, o ne a romela gore go bidiwe dikgosana di le tlhano, Balefi ba le robongwe le baperesiti ba le babedi. O ne a ba laela gore ba tsamaye mo metseng yotlhe ba ruta batho melao ya ga Jehofa. Ba ne ba dira tiro ya bone ka botlalo mo e leng gore batho ba ditšhaba tse di fa gaufi ba ne ba simolola go boifa Jehofa. (Bala 2 Ditiragalo 17:9, 10.) Fa re etela magae a batho ka dinako tse di farologaneng, le ka malatsi a a sa tshwaneng, re ka nna ra kgona go buisana le batho ba le mmalwa mo lelapeng.
8. Re ka atolosa jang bodiredi jwa rona?
8 Batlhanka ba le bantsi ba Modimo mo metlheng ya gompieno ba ile ba iketleetsa go tlogela magae a bone le go fudugela kwa Basupi ba ba tlhoafetseng ba tlhokegang thata teng. A o ka dira jalo? Rona ba re sa kgoneng go fudugela go sele re ka nna ra leka go rerela batho ba ba nnang mo lefelong la rona mme ba bua puo e sele. E re ka Ron wa dingwaga tse 81 a kopana le batho ba ditšhaba tse di farologaneng fa a le mo tshimong ya phuthego ya gagabo, o ile a ithuta go dumedisa ka dipuo di le 32! Bosheng jaana fa a le mo mmileng o ne a kopana le banyalani bangwe ba ba tswang kwa Afrika mme a ba dumedisa ka segabone, Seyoruba. Ba ne ba botsa Ron gore a o kile a ya Afrika. Fa a araba a re nnyaa, ba ne ba mmotsa gore go tla jang gore a itse puo ya bone. Go ne ga felela ka gore a ba rerele. Ba ne ba amogela dimakasine ka diatla tsoopedi ba bo ba itumelela go mo naya aterese ya bone, mme ene a e fetisetsa mo phuthegong ya lefelo la bone gore banyalani bano ba tshwarelwe thuto ya Baebele.
9. Ke ka ntlha yang fa go le botlhokwa go bala Baebele ka tlhamalalo fa re le mo bodireding? Naya sekai.
9 Barutisi ba Jehoshafate a neng a ba laetse gore ba ralale naga ba ne ba na le “buka ya molao wa ga Jehofa.” Re leka go ruta batho mo lefatsheng lotlhe re dirisa Baebele, ka gonne ke Lefoko la Modimo. Re leka ka natla go balela batho ka tlhamalalo go tswa mo Baebeleng fa re le mo bodireding, re ba bontsha fa mafoko ao a leng teng. Mong wa ntlo mongwe o ne a tlhalosetsa Linda yo e leng Mosupi gore monna wa gagwe o ne a sule mhama, mme o ne a tlhoka tlhokomelo. Mong wa ntlo o ne a bua jaana ka kutlobotlhoko: “Ga ke itse gore ke dirileng gore Modimo a letle gore ke diragalelwe ke selo se se ntseng jaana.” Linda o ne a re: “A nka go bolelela sengwe?” Go tswa foo o ne a bala mafoko a Jakobe 1:13 a bo a re: “Dilo tsotlhe tse di utlwisang botlhoko tse di diragalelang rona le batho ba re ba ratang e a bo e se kotlhao ya Modimo.” Foo mong wa ntlo o ne a tlamparela Linda ka boitumelo. Linda a re: “Ke ne ka kgona go mo gomotsa ke dirisa Baebele. Ka dinako tse dingwe fa re balela mong wa ntlo ditemana go tswa mo Baebeleng, e a bo e le la ntlha a di utlwa.” Morago ga motlotlo oo, mosadi yono o ne a tshwarelwa thuto ya ka metlha ya legae ya Baebele.
Basha ba ba Direlang ka Tlhoafalo
10. Josia o tlhometse basha ba Bakeresete ba gompieno sekao se se molemo jang?
10 Fa re boela kwa sekaing sa ga Josia, re lemoga gore o ne a latelela kobamelo ya boammaaruri a sa le mosha mme ya re a na le dingwaga di ka nna 20 a tswa letsholo le legolo la go fedisa kobamelo ya medingwana. (Bala 2 Ditiragalo 34:1-3.) Basha ba le bantsintsi gompieno ba bontsha tlhoafalo e e tshwanang mo bodireding jwa bone.
11-13. Re ka ithuta eng mo basheng ba motlha wa gompieno ba ba direlang Jehofa ka tlhoafalo?
11 Hannah, yo o nnang kwa Engelane, o ne a na le dingwaga tse 13 e bile a ithuta Sefora kwa sekolong fa a utlwa gore go ne go simolotswe setlhopha sa puo ya Sefora mo toropong e e fa gaufi. Rraagwe o ne a dumela go tsamaya le ene fa a ya dipokanong koo. Jaanong Hannah o na le dingwaga di le 18 mme o rera ka tlhoafalo ka Sefora e le mmulatsela wa ka metlha. A le wena o ka ithuta puo e sele o bo o thusa batho ba bangwe gore ba ithute ka Jehofa?
12 Rachel o ne a itumelela thata
go lebelela terama ya bidio ya setlhogo se se reng Pursue Goals That Honor God [Latelela Mekgele e e Tlotlang Modimo]. O bolela jaana ka tsela e a neng a akanya ka yone fa a ne a simolola go direla Jehofa ka 1995: “Ke ne ke akanya gore ke dira sentle mo boammaaruring.” Go tswa foo a re: “Fa ke sena go lebelela terama ele, jaanong ke lemoga gore ke ntse ke goga dinao ka dingwaga tse dintsi. Ke tshwanetse go lwela go emela boammaaruri ke bo ke tseye dilo masisi le go dira ka natla mo tirelong ya me le fa ke ithuta ke le esi.” Jaanong Rachel o bona a direla Jehofa ka tlhoafalo go feta pele. Seo se feletse ka eng? “Jaanong ke na le kamano e e gaufi thata le Jehofa. Ke rapela dithapelo tse di nang le bokao go feta pele, ke ithuta ka tsela e e tseneletseng e bile ke itumelela thuto mme ke tsaya dipego tsa Baebele e le tsa mmatota go feta pele. Ka ntlha ya seo, ke itumelela bodiredi fela thata mme ke kgotsofala tota fa ke ntse ke bona mafoko a ga Jehofa a gomotsa ba bangwe.”13 Luke ke mosha yo o neng a kgothadiwa ke terama e nngwe ya bidio ya setlhogo se se reng Young People Ask—What Will I Do With My Life? [Basha ba Botsa Jaana—Ke Tla Dirang ka Botshelo Jwa Me?] Fa Luke a sena go lebelela terama eno, o ne a kwala jaana: “Ke ikutlwa ke tlhotlheletsega go sekaseka botshelo jwa me sesha.” A re: “Mo nakong e e fetileng batho bangwe ba ne ba nkgothaletsa thata gore ke eme sentle mo go tsa madi ka go rutega pele, morago e bo e nna gone ke latelelang mekgele ya semoya. Kgothatso e e ntseng jalo ga e thuse motho gore a gatele pele semoyeng; go na le moo, e mo koafatsa semoyeng.” Lona bakaulengwe le bokgaitsadi ba basha, ke eng fa lo sa leke go dirisa se lo se ithutileng kwa sekolong go atolosa bodiredi jwa lona jaaka Hannah a ne a dira? Mme ke eng fa lo sa latele sekao sa ga Rachel ka go tlhoafalela go latelela mekgele e tota e tlotlang Modimo? Latela sekao sa ga Luke, mme o tile mamena a basha ba bantsi ba wetseng mo go one.
Tlhoafalela go Tsaya Ditlhagiso Tsia
14. Jehofa o amogela kobamelo e e ntseng jang, mme ke ka ntlha yang fa go le thata jaana go tshwarelela mo go yone gompieno?
14 Batho ba ga Jehofa ba tshwanetse go nna phepa gore a amogele kobamelo ya bone. Isaia o tlhagisa jaana: “Retologang, retologang, tswang koo, lo se ka lwa ama sepe se se seng phepa; tswang mo gare ga gagwe [Babelona], ipolokeng lo le phepa, lona ba lo tshotseng dilwana tsa ga Jehofa.” (Isa. 52:11) Dingwaga di le dintsi pele Isaia a kwala mafoko ao, Kgosi Asa yo o molemo o ne a tswa letsholo ka matlhagatlhaga gore a fedise boitsholo jo bo sa siamang mo Juda. (Bala 1 Dikgosi 15:11-13.) Mme makgolo a dingwaga morago ga moo, moaposetoloi Paulo o ne a bolelela Tito gore Jesu o ne a ineela gore a ntlafatse balatedi ba gagwe a ba dire “batho ba ka tsela e e kgethegileng e leng ba gagwe, ba ba tlhoafaletseng ditiro tse di molemo.” (Tito 2:14) Mo lefatsheng la gompieno le le tletseng boitsholo jo bo maswe, ga go motlhofo gore motho a nne a na le boitsholo jo bo phepa, segolobogolo basha. Ka sekai, batlhanka botlhe ba Modimo, basha mmogo le bagolo, ba tshwanetse go lwa ka thata gore ba se ka ba kgotlelwa ke tshedimosetso kgotsa ditshwantsho tse di hepisang tse di bontshiwang mo mamating a phasalatso, mo thelebisheneng, mo difiliming mme segolobogolo mo Internet.
15. Ke eng se se ka re thusang go tlhoa se se bosula?
15 Go tlhoafalela go tsaya ditlhagiso tsa Modimo tsia go ka re thusa gore re tlhoe se se bosula. (Pes. 97:10; Bar. 12:9) Re tshwanetse go tlhoa tshedimosetso kgotsa ditshwantsho tse di hepisang gore re “ikgolole mo maatleng a tsone a a nonofileng a a gogelang jaaka makenete,” jaaka go ne ga bolela Mokeresete mongwe. Fa motho a batla go kgaoganya ditshipi tse di tshwaragantsweng ke maatla a makenete, o tshwanetse go nna le maatla a a fetang a makenete oo. Ka tsela e e tshwanang, go tlhokega maatla gore motho a emelane le thaelo ya tshedimosetso kgotsa ditshwantsho tse di hepisang. Mme go tlhaloganya gore tshedimosetso kgotsa ditshwantsho tse di hepisang di ka re gobatsa go le kana kang go tla re thusa gore re di tlhoe. Mokaulengwe mongwe o ne a tsaya matsapa tota gore a tlogele mokgwa wa go bula mafelo a ditshwantsho tse di hepisang mo Internet. O ne a fudusetsa khomputara ya gagwe fa batho ba bangwe mo lapeng ba neng ba ka kgona go e bona teng. Gape o ne a ititaya sehuba go feta pele gore a intlafatse mme a tlhoafalele ditiro tse di molemo. O ne a tsaya le kgato e nngwe gape. E re ka a ne a tshwanelwa ke go dirisa Internet go dira dilo tsa tiro, o ne a swetsa ka gore o ne a tla e dirisa fela fa mosadi wa gagwe a na le ene.
Kafa Boitsholo jo bo Siameng bo Solegelang Molemo ka Teng
16, 17. Boitshwaro jwa rona jo bo siameng bo ka ama jang ba ba re lebileng? Naya sekai.
16 Ruri makau le makgarebe a a direlang Jehofa a na le moya o montle, mme seno se kgatlha batho ba ba lebileng fela thata! (Bala 1 Petere 2:12.) Mongwe yo o neng a ile kwa Bethele ya kwa London o ne a fetola mogopolo gotlhelele ka tsela e a lebang Basupi ba ga Jehofa ka yone fa a sena go tlhola letsatsi lotlhe koo a baakanya motšhine o o gatisang. Mosadi wa gagwe, yo o neng a ithuta Baebele le Mosupi mongwe, o ne a lemoga gore monna wa gagwe o ne a fetotse maikutlo. Mo nakong e e fetileng monna yono o ne a sa batle Basupi ba tla kwa ga gagwe. Mme fa a tswa go bereka kwa Bethele o ne a bua a sa kgale mathe ganong kafa a neng a tshwerwe sentle ka teng. O ne a umaka gore go ne go se na ope yo o dirisang puo ya matlhapa. Mongwe le mongwe o ne a le pelotelele, mme go ne go rena kagiso. O ne a kgatlhilwe thata ke gore bakaulengwe le bokgaitsadi ba basha ba ne ba dira ka tlhoafalo mme ba sa duelwe, ba dirisa nako le maatla a bone go thusa go anamisa dikgang tse di molemo.
17 Ka tsela e e tshwanang, bakaulengwe le bokgaitsadi ba ba dirang ditiro tsa boitshediso gore ba tlamele ba malapa a bone ba bereka ka moya otlhe. (Bakol. 3:23, 24) Gantsi seno se felela ka gore ba se ka ba nna le bothata jwa go felelwa ke ditiro, ka gonne bathapi ba rata moya wa bone wa go dira ka tlhoafalo mme ga ba batle go latlhegelwa ke bathapiwa ba ba ntseng jalo.
18. Re ka nna jang batho “ba ba tlhoafaletseng ditiro tse di molemo”?
18 Dingwe tsa ditsela tse re bontshang ka tsone gore re tlhoafaletse ntlo ya ga Jehofa ke go mo ikanya, go ikobela kaelo ya gagwe le go tlhokomela mafelo a re kopanelang mo go one. Mo godimo ga moo, re tshwanetse go dira tiro ya go rera ka Bogosi le go dira barutwa ka botlalo kafa re ka kgonang ka teng. Le fa re ka tswa re le basha kgotsa re le bagolo, fa re dira ka natla go latela melao ya go nna phepa mo kobamelong ya rona, re tla solegelwa molemo thata. Mme re tla tswelela pele re itsege re le batho “ba ba tlhoafaletseng ditiro tse di molemo.”—Tito 2:14.
[Ntlha e e kwa tlase]
^ ser. 4 Asa o ka tswa a ile a tlosa mafelo a a kwa godimo a a neng a dirisediwa kobamelo ya medimo ya maaka mme e seng a batho ba neng ba obamela Jehofa mo go one. Kgotsa e ka tswa e le gore go ela kwa bofelong jwa puso ya ga Asa mafelo a a kwa godimo a ne a agiwa sesha mme morwawe e bong Jehoshafate a a tlosa.—1 Dikg. 15:14; 2 Ditir. 15:17.
Dikai tse di mo Baebeleng mmogo le tsa motlha wa gompieno di go rutile eng ka
• tsela e o ka bontshang tlhoafalo ka yone ka go rera le go ruta?
• tsela e basha ba Bakeresete ba ka ‘tlhoafalelang ditiro tse di molemo’ ka yone?
• tsela e o ka tlogelang mekgwa e e sa siamang ka yone?
[Dipotso Tsa Thuto]
[Setshwantsho mo go tsebe 13]
A o dirisa Baebele ka metlha mo bodireding?
[Setshwantsho mo go tsebe 15]
Go ithuta puo e nngwe fa o sa ntse o le kwa sekolong go ka go thusa go atolosa bodiredi jwa gago