Dintlhakgolo go Tswa mo Makwalong a a Yang go Bakorintha
Lefoko la ga Jehofa le a Tshela
Dintlhakgolo go Tswa mo Makwalong a a Yang go Bakorintha
MOAPOSETOLOI PAULO o tshwenyegile thata ka bomoya jwa phuthego ya Korintha. O utlwile gore bakaulengwe ba koo ba na le dikgotlhang. Go letlelelwa boitsholo jo bo maswe. Gape phuthego e kwaletse Paulo, e botsa ka dikgang dingwe. Ka jalo, mo e ka nnang ka 55 C.E., fa Paulo a le mo loetong lwa gagwe lwa boraro lwa borongwa kwa Efeso, o kwala lekwalo la ntlha la a mabedi a a neng a a kwalela Bakorintha.
Lekwalo la bobedi, le go bonalang le kwadilwe dikgwedi di le mmalwa fela morago ga la ntlha, le tsweletsa la ntlha. Se Paulo a neng a se kwalela Bakorintha se botlhokwa thata le mo go rona gompieno, ka gonne maemo a a neng a le mo phuthegong ya kwa Korintha le kwa ntle ga yone ka lekgolo la ntlha la dingwaga a tshwana ka ditsela tse dintsi le maemo a metlha ya rona.—Baheb. 4:12.
‘NNANG LO TSOGILE, EMANG LO NITAME, NNANG THATA’
Paulo o rotloetsa jaana: “Lotlhe lo bue ka tumalano.” (1 Bakor. 1:10) Ga go na ‘motheo o mongwe go na le Jesu Keresete,’ o dinonofo tsa Bokeresete di agilweng mo go one. (1 Bakor. 3:11-13) Paulo o bua jaana ka mogokafadi yo o mo phuthegong: “Tlosang motho yo o boikepo mo gare ga lona.” (1 Bakor. 5:13) A re: “Mmele ga se wa kgokafalo, mme ke wa Morena.”—1 Bakor. 6:13.
Fa Paulo a araba Bakorintha ‘ka ga dilo tse ba neng ba kwala ka ga tsone,’ o ba naya kgakololo e e molemo malebana le lenyalo le go se tsene mo lenyalong. (1 Bakor. 7:1) Paulo o bua ka botlhogo jwa Bokeresete, go dira dilo ka thulaganyo mo dipokanong tsa Bokeresete le gore tsogo ya baswi ke kgang ya mmatota, go tswa foo o rotloetsa jaana: “Nnang lo tsogile, emang lo nitame mo tumelong, tswelelang pele jaaka banna, nnang thata.”—1 Bakor. 16:13.
Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:
1:21—A ruri Jehofa o dirisa “boeleele” gore a boloke ba ba dumelang? Nnyaa, ga go a nna jalo. Mme gone, e re ka “lefatshe ka botlhale jwa lone le ne la se ka la simolola go itse Modimo,” se a se dirisang go boloka batho se lebega e le boeleele mo lefatsheng.—Joh. 17:25.
5:5—Go ‘neela monna yo o boikepo Satane gore nama e senngwe, gore moya o tle o bolokwe’ go kayang? Fa motho yo o sa ikwatlhaeng yo o dirang boleo jo bo maswe thata a tlosiwa mo phuthegong, o boela gape a nna karolo ya lefatshe le le boikepo la ga Satane. (1 Joh. 5:19) Ke gone ka moo go tweng o neelwa Satane. Go lelekwa ga motho yono go dira gore go fedisiwe kana go tlosiwe tlhotlheletso e e bosula e a ka nnang le yone mo phuthegong mme go boloka moya wa phuthego, ke gore boikutlo jo bo renang mo go yone.—2 Tim. 4:22.
7:33, 34—Go tewang fa go buiwa ka “dilo tsa lefatshe” tse monna yo o nyetseng kana mosadi yo o nyetsweng a tlhobaelang ka tsone? Paulo o bua ka dilo tse di tlwaelegileng tsa botshelo tse banyalani ba Bakeresete ba tshwanetseng go amega ka tsone. Dilo tseno di akaretsa dijo, diaparo le bonno, mme ga di akaretse dilo tse di sa siamang tsa lefatshe leno, tse Bakeresete ba tshwanetseng go di tila.—1 Joh. 2:15-17.
11:26—Fa Paulo a ne a re loso lwa ga Jesu lo gopolwa “ka gale,” o ne a raya gore lo gopolwa ga kae, mme e le “go fitlha” leng? Paulo o ne a sa re loso lwa ga Jesu lo ne lo tla gopolwa gantsi. Lefoko la Segerika le le ranotsweng e le “ka gale” le raya “nako le nako fa.” Ka jalo, Paulo o ne a re nako le nako fa Bakeresete ba ba tloditsweng ba ja ditshwantshetso tsa Segopotso gangwe ka ngwaga ka Nisane 14, ba “bolela loso lwa Morena.” Ba dira jalo “go fitlha a goroga,” ke gore go fitlha a ba amogela kwa legodimong fa ba sena go tsosiwa.—1 Bathes. 4:14-17.
13:13—Ke ka tsela efe lorato lo leng logolo go feta tumelo le tsholofelo? Fa “dilo tse di solofetsweng” di diragala mme “go [di] lebelela ka tlhomamisego” go diragadiwa, tumelo le tsholofelo ga di tlhole di dira jaaka pele. (Baheb. 11:1) Lorato lo logolo go feta tumelo le tsholofelo ka gonne lo nnela ruri.
15:29—Go ‘kolobediwa ka boikaelelo jwa gore re nne ba ba suleng’ go rayang? Paulo o ne a sa reye gore batho ba ba tshelang ba kolobediwe mo boemong jwa batho ba ba suleng ba sa kolobediwa. Fano Paulo o bua ka go tsena ka pelo yotlhe ga Bakeresete ba ba tloditsweng ka moya mo tseleng ya botshelo e mo go yone ba tshelang ka bothokgami go fitlha ba swa ba bo ba tsosiwa go ya go tshela kwa legodimong.
Se re Ithutang Sone:
1:26-31; 3:3-9; 4:7. Go ipelafatsa mo go Jehofa re ikokobeditse, e seng mo go rona, go dira gore go nne le kutlwano mo phuthegong.
2:3-5. Fa Paulo a ne a rera mo Korintha, lefelo le le neng le tletse ka difilosofi le dithuto tsa Segerika, o tshwanetse a bo a ne a tshwenyegile ka gore a o tla kgona go tlhatswa bareetsi ba gagwe pelo. Le fa go ntse jalo, ga a ka a letla bokoa bope kana poifo epe e a ka tswang a ne a na le yone e mo kgoreletsa go dira tiro e a e neilweng ke Modimo. Le rona ga re a tshwanela go letla maemo a a thata a re thibela go rera dikgang tse di molemo tsa Bogosi jwa Modimo. Fela jaaka Paulo, re ka leba kwa go Jehofa re tlhomamisegile gore o tla re thusa.
2:16. Go nna le “mogopolo wa ga Keresete” ke go itse gore o akanya jang le gore ke eng a akanya jalo, go akanya jaaka ene, go itse botho jwa gagwe ka botlalo le go etsa sekao sa gagwe. (1 Pet. 2:21; 4:1) A bo go le botlhokwa jang ne gore re ithute ka botshelo le bodiredi jwa ga Jesu ka kelotlhoko!
3:10-15; 4:17. Re tshwanetse go sekaseka le go tokafatsa bokgoni jwa rona jwa go ruta le go dira barutwa. (Math. 28:19, 20) Fa re sa rute sentle, go ka direga gore moithuti wa rona a se ka a falola diteko tsa tumelo, mme re ka latlhegelwa thata mo e leng gore poloko ya rona e tla nna “jaaka e kete ka molelo.”
6:18. Go ‘tshaba kgokafalo’ ga go reye fela go tila ditiro tsa por·neiʹa mme gape go raya le go tila ditshwantsho tse di hepisang, boitsholo jo bo leswe, go nnela go akanya ka tlhakanelodikobo, go tshameka ka maikutlo a lorato—sengwe le sengwe fela se se ka felelang ka gore motho a dire kgokafalo.—Math. 5:28; Jak. 3:17.
7:29. Banyalani ba tshwanetse go ela tlhoko gore ba se tlhome mogopolo thata mo lenyalong la bone, mo go ka felelang ka gore ditiro tsa Bogosi di se ka tsa tla pele mo matshelong a bone.
10:8-11. Jehofa o ne a kgopisega thata fa Baiseraele ba ne ba ngongoregela Moshe le Arone. Re dira ka botlhale fa re itisa kgatlhanong le go nna le mokgwa wa go ngongorega.
16:2. Re ka kgona go ntsha meneelo ka metlha go thusa mo tirong ya Bogosi fa re rulaganyetsa go sa le pele go e ntsha, e bile re dira jalo ka thulaganyo.
‘TSWELELANG LO LOLAMISIWA’
Paulo o bolelela Bakorintha gore ba tshwanetse go ‘itshwarela ka bopelonomi le go gomotsa’ modiraphoso yo o ikwatlhayang yo o kgalemetsweng. Le fa lekwalo la ntlha la ga Paulo le ne le ba utlwisitse botlhoko, o bontsha go ipela ka gonne ba ne ba ‘utlwa botlhoko mo ba neng ba ikwatlhaya.’—2 Bakor. 2:6, 7; 7:8, 9.
Paulo o kgothatsa Bakorintha gore ‘fela jaaka ba tota mo go sengwe le sengwe, ba tote mo go abeng.’ Fa a sena go araba baganetsi, o naya botlhe kgakololo eno ya bofelo: “Tswelelang lo ipela, lo lolamisiwa, lo gomodiwa, lo akanya ka tumalano, lo tshela ka kagiso.”—2 Bakor. 8:7; 13:11.
Go Arabiwa Dipotso Tsa Dikwalo:
2:15, 16—Ke jang re leng “lonko lo lo monate lwa ga Keresete”? Ke ka gonne re ikobela se se buiwang mo Baebeleng mme re bolela molaetsa wa yone. Le fa “lonko” lono lo ka ferosa batho ba ba sa siamang sebete, lo nkga monate mo go Jehofa le mo bathong ba ba dipelo di ikanyegang.
5:16—Ke jang Bakeresete ba ba tloditsweng ba sa ‘itseng motho ope kafa nameng’? Ga ba lebe batho ka tsela ya senama, ke gore, ga ba ba tlhaole ka gore ba humile go le kae, ke ba morafe kana setso sefe, kana gore ke ba setšhaba sefe. Se se botlhokwa mo go bone ke kamano ya bone ya Bokeresete le badumedi ka bone.
11:1, 16; 12:11—A Paulo o ne a se tekatekano fa a bua le Bakorintha? Nnyaa, o ne a le tekatekano. Le fa go ntse jalo, mo go ba bangwe o ne a ka bonala a ipelafatsa e bile a se tekatekano ka ntlha ya se a neng a tshwanelwa ke go se bua a buelela go nna moaposetoloi ga gagwe.
12:1-4—Ke mang yo o neng “a phamolelwa kwa paradaiseng”? E re ka Baebele e sa bue ka motho ope yo mongwe yo o neng a bona ponatshegelo eno e bile polelo eno e latela morago ga gore Paulo a buelele go nna moaposetoloi ga gagwe, o tshwanetse a bo a ne a bua ka se se mo diragaletseng. Go lebega se moaposetoloi a neng a se bona mo ponatshegelong e ne e le paradaise ya semoya e phuthego ya Bokeresete e ipelelang yone mo ‘motlheng wa bokhutlo.’—Dan. 12:4.
Se re Ithutang Sone:
3:5. Tota temana eno e re bolelela gore Jehofa o dirisa Lefoko la gagwe, moya wa gagwe o o boitshepo le karolo e e mo lefatsheng ya phuthego ya gagwe go dira gore Bakeresete ba tshwanelegele bodiredi sentle. (Joh. 16:7; 2 Tim. 3:16, 17) Re dira sentle fa re ithuta Baebele ka tlhoafalo le dikgatiso tse di theilweng mo go yone, re rapelela moya o o boitshepo re sa kgaotse, e bile re nna gone ka metlha kwa dipokanong tsa Bokeresete re bo re nna le seabe mo go tsone.—Pes. 1:1-3; Luke 11:10-13; Baheb. 10:24, 25.
4:16. E re ka Jehofa a ntšhafatsa ‘motho yo re leng ene mo teng letsatsi le letsatsi,’ re tshwanetse go dirisa se Jehofa a re nayang sone ka metlha, re sa letle letsatsi le feta re sa akanye ka dilo tsa semoya.
4:17, 18. Go gopola gore ‘pitlagano ke ya nakwana e bile e motlhofo’ go ka re thusa go nna re ikanyega mo go Jehofa fa re lebane le maemo a a thata.
5:1-5. A bo Paulo a tlhalosa boikutlo jo Bakeresete ba ba tloditsweng ba nang le jone ka tsholofelo ya bone ya go tshela kwa legodimong sentle jang ne!
10:13. Re tshwanetse ra bereka fela tshimo e phuthego ya rona e e abetsweng ntle le fa re abetswe go direla kwa go tlhokegang baboledi thata gone.
13:5. Go ‘leka gore a re mo tumelong,’ re tshwanetse go tlhomamisa gore boitshwaro jwa rona bo dumalana le se re se ithutang mo Baebeleng. Go ‘ipontsha se rona ka borona re leng sone,’ re tshwanetse go sekaseka gore bomoya jwa rona bo kana kang, go akaretsa le kafa re dirisang ‘bokgoni jwa rona jwa go akanya’ ka gone le bogolo jwa ditiro tsa rona tsa tumelo. (Baheb. 5:14; Jak. 1:22-25) Fa re latela kgakololo e e molemo ya ga Paulo, re ka kgona go nna re tsamaya mo tseleng ya boammaaruri.
[Setshwantsho mo go tsebe 26, 27
Mafoko a a reng “ka gale fa lo ja senkgwe seno e bile lo nwa senwelo seno” a kayang?—1 Bakor. 11:26.