Fetela kwa tshedimosetsong

Fetela go diteng

Anaanela Popo Ithute ka Mmopi

Anaanela Popo Ithute ka Mmopi

Anaanela Popo Ithute ka Mmopi

BATHO ba bantsi ba kile ba utlwa ka motaki le mmetli wa kwa Italy, e bong Michelangelo. Fa o ne o ka bona sengwe se a se takileng kana se a se betlileng, o ne o ka dumalana le rahisitori wa tsa botaki yo o neng a bitsa Montadiana yono yo o botlhale a re ke “motaki yo o nang le bokgoni jo bo sa tshwaneng le bope.” Bokgoni jo Michelangelo a nang le jone bo bonwa ke mang le mang. Ga go na motho yo o ka kgatlhwang ke dilo tse Michelangelo a di takileng mme a bo a sa dumele gore ke motaki yo o nang le bokgoni jo bo sa tshwaneng le bope.

Jaanong akanya ka tsela e e gakgamatsang thata e ditshedi di raraaneng le go farologana ka yone mo lefatsheng. The New York Times e ne ya nopola porofesa mongwe wa saense ya thutotshelo yo o neng a re: “Bosupi jo bo leng teng jwa gore dilo tse di leng teng di bopilwe bo bonala mo dikarolong tse di farologaneng tsa thutotshelo.” O ne a boa a re: “Botshelo bo re bontsha sentle gore go na le mmopi.” A tota go a utlwala go anaanela popo mme re sa dumele gore e na le mmopi?

Moaposetoloi Paulo, yo o neng a ela tlhoko dilo tse di mo dikologileng, o ne a bua ka ba ba “neng ba tlotla le go direla sebopiwa go na le yo o se bopileng.” (Baroma 1:25, Darby) E re ka batho bangwe ba tlhotlheleditswe ke dikgopolo tsa gore go itiragaletse fela gore dilo di nne teng, ba a gana kana ba palelwa ke go dumela gore popo e bontsha gore e na le mmopi. A mme gone thuto ya gore go itiragaletse fela gore dilo di nne teng e dumalana le saense ya mmatota? Ela tlhoko se Christoph Schönborn, bishopomogolo wa Katoliki kwa Vienna, a neng a se bua, jaaka se kwadilwe mo The New York Times: “Kgopolo le fa e le efe e e ganetsang kana e e batlang go tlhokomologa bosupi jo bontsi jo bo leng gone jwa gore dilo di tlhamilwe mo thutotshelong ke kgopolo fela e e sa thaiwang mo go sepe, ga se saense.”

A ke Bokhutlo Jwa Saense?

Le fa go ntse jalo, go na le ba ba akanyang gore go dumela gore go na le bosupi jwa gore go na le Mmopi go tla “kgoreletsa dipatlisiso.” Setlhogo sengwe mo makasineng wa New Scientist se ne sa re se tshaba gore seo se ka direga, se bua gore “saense e e bulegetsweng ke ditshono di le dintsi tsa go ribolola dilo e ka fela, e fedisiwa ke kgang ya gore ‘mmopi ke ene a dirileng dilo.’” A go a utlwala go nna le poifo e e ntseng jalo? Le e seng. Tota e bile, se se utlwalang ke go dumela gore go na le mmopi yo o dirileng dilo. Ka ntlha yang?

Go dumela gore go itiragaletse fela gore go nne le lobopo le botshelo mo lefatsheng e tla bo e le go se dire maiteko ape a go batla tlhaloso e e utlwalang. Mme kafa letlhakoreng le lengwe, go dumela gore Mmopi yo o botlhale o dirile sotlhe se se re dikologileng go ka dira gore re tlhotlhomise botlhale jwa gagwe jo re bo bonang mo lobopong le tsela e a bo dirisitseng ka yone. Akanya ka seno: Go itse gore ke motaki ofe yo o itsegeng yo o takileng kana yo o betlileng setshwantsho se se rileng ga go thibele bakwalahisitori ya botaki go tlhotlhomisa mokgwa mmogo le didirisiwa tse a di dirisitseng. Ka tsela e e tshwanang, go dumela gore go na le Mmopi ga go a tshwanela go re kgoba marapo go batlisisa ka botlalo dilo tse di amanang le go raraana ga popo ya gagwe.

Go na le gore Baebele e kgoreletse patlisiso, e kgothaletsa go batla dikarabo tsa dipotso tsa saense le tse di amanang le Modimo. Kgosi Dafide wa bogologolo o ne a akanya kafa mmele wa gagwe o dirilweng ka botswerere ka teng. Ka ntlha ya seo, o ne a re: “Ke dirilwe ka tsela e e boitshegang e e gakgamatsang. Ditiro tsa gago di a gakgamatsa, jaaka moya wa me o lemoga sentle.” (Pesalema 139:14) Tota e bile, Baebele ya re Mmopi o ne a botsa tlhogo ya lotso Jobe a re: “A o akanyeditse ka botlhale dibaka tse di atlhameng tsa lefatshe?” (Jobe 38:18) Ruri seno ga se bontshe go kgoreletsa dipatlisiso ka tsela epe fela. Go na le moo, Mmopi yo Mogolo fano o ne a re laletsa go ithuta tiro ya diatla tsa gagwe. Akanya gape ka taletso e moporofeti Isaia a neng a e kwala e e re thusang go tlhaloganya botoka Yo o bopileng dilo tse di re dikologileng: “Tsholeletsang matlho a lona kwa godimo lo bone. Ke mang yo o bopileng dilo tseno?” Eleruri Isaia 40:26 e re bontsha gore lobopo lo nnile teng ka ntlha ya maatla a a boitshegang le nonofo e kgolo. Seno se dumalana le diphitlhelelo tsa saense.

Gone mme ga se ka metlha dikarabo tse di amanang le popo di bonalang motlhofo. Ka selekanyo se se rileng seno se dirwa ke gore tsela e re kgonang go tlhaloganya dilo ka yone e lekanyeditswe mme ga re tlhaloganye lefatshe le re nnang mo go lone ka botlalo. Jobe o ne a tlhaloganya seno. O ne a baka Mmopi, yo o dirang gore go kgonege gore lefatshe le lepelele mo go se nang sepe le maru a a tletseng metsi a lepelele fa godimo ga lefatshe. (Jobe 26:7-9) Le fa go ntse jalo, Jobe o ne a lemoga gore dikgakgamatso tse di ntseng jalo ‘ke dintlha fela tsa ditsela tsa Mmopi.’ (Jobe 26:14) Go bonala sentle gore Jobe o ne a batla go ithuta dilo tse dintsi ka lefatshe. Mme Dafide o ne a dumela gore o a tlhaela, ka go kwala jaana: “Kitso e e ntseng jalo e molemo thata mo go nna. E kwa godimo thata mo e leng gore ga nkake ka e fitlhelela.”—Pesalema 139:6.

Go dumela gore Mmopi o teng ga go kgoreletse kgatelopele ya saense. Patlisiso e motho a ka e dirang gore a nne le kitso e ntsi ka dilo tsa mo lefatsheng le tsa bomodimo ga e fele. Kgosi ya bogologolo e e itsegeng ka kitso ya yone e kgolo e ne ya kwala jaana ka boikokobetso: “O tsentse bosakhutleng mo ditlhaloganyong tsa batho, mme motho ga a kgone go tlhaloganya tiro e Modimo a e dirileng go tloga tshimologong ya go bokhutlong.”—Moreri 3:11, Holy Bible—New Life Version.

“Modimo yo go Thijwang Diphatlha ka Ene”?

Bangwe ba re nako le nako fa go se na tsela ya go tlhomamisa dilo dingwe ka saense, Modimo o umakiwa kwa ntle ga bosupi “gore e nne tharabololo.” Ka mafoko a mangwe, ba re Modimo yo e leng Mmopi e nna “Modimo yo go thijwang diphatlha ka ene,” jaaka e kete “Modimo” ke lefoko lengwe la maselamose la gore “Modimo ke ene a dirileng seno” nako le nako fa batho ba sa kgone go tlhalosa dilo ka tsela ya saense. Mme diphatlha tse go buiwang ka tsone fano ke dife? A ke diphatlhanyana fela tse di sa reng sepe mo kitsong e re nang le yone? Nnyaa, ke dilo tse dikgolo tota tse di sa tlhalosiweng tse di amanang le go nna boammaaruri ga thuto ya ga Darwin ya gore go itiragaletse fela gore dilo di nne teng mo lefatsheng. Ke dilo tse dikgolo tse di sa tlhalosiweng mo dikarolong dingwe tsa thutotshelo tse thuto ya gore go itiragaletse fela gore dilo di nne teng e sa kgonang go di tlhalosa. Boammaaruri ke gore, batho ba ba dumelang gore dilo di nnile teng fela di sa bopiwa ba dirisa thuto eno go kaba diphatlha tse saense e sa kgoneng go di thiba.

Mmopi yo o tlhalosiwang mo Baebeleng ga se “Modimo yo go thijwang diphatlha ka ene.” Go na le moo, ditiro tsa gagwe di akaretsa dikarolo tsotlhe tsa popo ka botlalo. Mopesalema o ne a gatelela popo ya ga Jehofa e e akaretsang dilo tsotlhe ka go re: “O motswedi wa botshelo jotlhe, mme ka ntlha ya lesedi la gago re bona lesedi.” (Pesalema 36:9, Today’s English Version) O tlhalosiwa sentle go twe ke yo o ‘neng a dira legodimo le lefatshe le lewatle le dilo tsotlhe tse di mo go tsone.’ (Ditiro 4:24; 14:15; 17:24) Ke sone se morutisi wa lekgolo la ntlha la dingwaga a ileng a kwala a re Modimo o ‘bopile dilo tsotlhe.’—Baefeso 3:9.

Gape, Modimo o tlhomile “melao ya magodimo,” melao e e laolang dilo tsotlhe le maatla, e baitsesaense ba sa ntseng ba e ithuta. (Jobe 38:33) Popo ya gagwe e feletse e bile e na le boikaelelo, mme e fitlhelela maikaelelo a gagwe a go bopa lefatshe gore le nniwe ke mefuta e mentsintsi ya ditshedi.

Popo le go Dirisa Tlhaloganyo

La bofelo, re tlhoka go sekaseka kgang ya go dirisa tlhaloganyo. Mokwadi wa saense e bong John Horgan o ne a akgela jaana ka kakaretso mo kgannyeng ya gore a dikgopolo tse di farologaneng tsa saense di boammaaruri: “Fa bosupi bo sa tlhomama, ga re a tshwanela go tlhabiwa ke ditlhong go dirisa tlhaloganyo ya rona gore e re kaele.”

A tota go a utlwala go dumela gore go itiragaletse fela gore botshelo bo nne teng? Le fa thuto eno e aname thata jaana e bile e ratwa ke batho ba le bantsi, batho ba bantsi ba ba botlhale, go akaretsa baitsesaense, ba tlhatswegile pelo gore go na le Mmopi yo o botlhale. Porofesa mongwe wa saense a re batho ka kakaretso “ba akanya sentle ka tsela e e nang le tlhaloganyo gore botshelo bo dirilwe.” Ka ntlha yang? Batho ba le bantsi ba dumalana le mafoko ano a ga moaposetoloi Paulo: “Ntlo nngwe le nngwe e agiwa ke mongwe.” (Bahebera 3:4) Go tswa foo Paulo a re: “Yo o agileng dilo tsotlhe ke Modimo.” Go ya ka Baebele, ga go utlwale go dumela gore ntlo e tshwanetse go tlhamiwa le go agiwa ke mongwe mme re bo re boa re re go itiragaletse fela gore sele e e raraaneng e nne teng.

Baebele e bua jaana ka ba ba sa dumeleng gore go na le Motlhami le Mmopi: “Yo o se nang tlhaloganyo o buile jaana mo pelong ya gagwe: ‘Ga go na Jehofa.’” (Pesalema 14:1) Fano mopesalema o kgalemela ba ba sa dumeleng seno. Motho a ka iphitlhela a laolwa ke maikutlo go na le go leba dilo sentle ka tsela e e tshwanetseng. Mme motho yo o botlhale, yo o lemogang dilo, ene ka boikokobetso o dumela gore Mmopi o teng.—Isaia 45:18.

Batho ba le bantsi ba ba akanyang sentle bone ba dumela bosupi jo bo bontshang gore go na le Mmopi yo Mogolo.

O ka Itse Mmopi

Fa re tsaya gore re bopilwe, re bopetswe eng? Boikaelelo jwa botshelo jwa rona ke eng? Saense e le nosi ga e kgone go re naya dikarabo tse di kgotsofatsang tsa dipotso tseno. Le fa go ntse jalo, dikgang tseno tsa konokono di tlhoka dikarabo tse di tlhatswang pelo le tse di kgotsofatsang. Baebele e ka re thusa thata mo go seo. E tlhalosa gore Jehofa ga se Mmopi fela mme gape ke Modiragatsi wa maikaelelo a gagwe, yo o nang le mabaka a a utlwalang a se a se dirang. Dikwalo di tlhalosa boikaelelo jwa Modimo ka batho, mme e re naya isagwe le tsholofelo.

Mme gone, Jehofa ke mang? Ke Modimo wa mofuta mang? Basupi ba ga Jehofa ba go kopa gore o ithute ka Mmopi wa rona yo o Setswerere gore ke motho wa mofuta mang. O ka ithuta leina la gagwe le dinonofo tsa gagwe le tsela e a dirisanang ka yone le batho. Mo Lefokong la gagwe, Baebele, o tla bona gore ke ka ntlha yang fa re tshwanetse go rata dilo tse a di dirileng le go mo galaletsa jaaka Mmopi.—Pesalema 86:12; Tshenolo 4:11.

[Setshwantsho mo go tsebe 4]

Michelangelo

[Ditshwantsho mo go tsebe 5]

Go dumela mo Mmoping go dumalana le saense ya mmatota

[Setshwantsho mo go tsebe 6]

Go nna teng ga mefuta e e farologaneng ya ditshedi le go tlwaelana ga tsone le tikologo ya tsone go supa mefuta e e farologaneng e e leng teng mo popong e e dirilweng ka botswerere

[Ditshwantsho mo go tsebe 7]

Popo e tlhoka gore go nne le Mmopi